Kgaolo 3

1 Jalo Petere le Johane ba ne ba ya tempeleng ka nako ya thapelo ka oura ya boferabongwe. 2 Monna mongwe, yoo tsetsweng ka bogole one a isiwa tsatsi le letsatsi fa kgorong ya tempele ee bidiwang Bontle ,go ikopela dimpho mo bathong ba ba tsenang mo tempeleng. 3 Ya re a bona Petere le Johane ba tloga ba tsena mo tempeleng, a ba kopa dimpho. 4 Petere a tsepamisa matlho a gagwe mo go ene, ene le Johane ba mo raya ba re, ''re lebe". 5 Monna wa segole a ba leba, ka tsholofelo ya gore ba tla mofa sengwe. 6 Mme Petere a mo raya a re, '' selefera le gauta ga ke na natso, se ke nang le sone ke tla a se go neela.Ka leina la Morena Jeso Keresete wa Nnasaretha, tsamaya''. 7 Petere a mo tsaya ka letsogo la moja go mo emisa; mme ka ponyo ya leitlho dinao tsa gagwe le marapo a manyenyana a gagwe a nonofa. 8 Monna wa segole a tlola, a ema a tsamaya; mme a tsena le Petere le Johane mo tempeleng, a tsamaya, a tlolatlola, ebile a galaletsa Modimo. 9 Batho botlhe ba mmona a tsamaya ebile a galaletsa Modimo. 10 Ba lemoga gore ke monna yo o ntseng a amogela dimpho fa kgorong ya tempele ya Bontle,mme ba ne ba tletse ka kakabalo le kgakgamalo ka se se mo diragaletseng. 11 Fa a ntse a na le Petere le Johane ,batho botlhe ba ya ko go bone mo motlaaganeng o o bidiwang wa ga Solomone, ba hakgametse thata. 12 Fa Petere a bona se, a araba a re, ''Lona banna ba Iseraele ke eng le hakgametse? Ke eng le re lebile jaaka ekete ke rona re dirileng gore a eme ka maatla kgotsa bomodimo jwa rona? 13 Modimo wa ga Aborehame,Isake le Jakoba, Modimo wa bo rraetsho ,o galaleditse motlhanka wa gagwe Jeso.Ke ene yo le mo isitseng la bo la mo itatola fa pele ga matlho a ga Pilato,fa ene a ne a re o a mo golola. 14 Le ganne yo o Boitshepo le Tshiamo, mme la kopa go gololelwa mmolai mo boemong jwa gagwe. 15 Le bolaile kgosana ya botshelo, yo Modimo a mo tsositseng mo baswing-mme re basupi ba se. 16 Jaanong, ka tumelo e e mo leineng la gagwe-monna yo le mmonang yo ebile le mo itse-leina le ke lone le mo neileng nonofo.Tumelo mo go Jeso ke yone e mo fileng botsogo jo bo feletseng mo matlhong a lona lotlhe. 17 Jaanong, bagaetsho, itse gore lona le babusi ba lona le dirile se ka botlhoka kitso. 18 Mme dilo tse Modimo a sa leng a di boletse ka melomo ya baporofiti botlhe,gore Keresete o tla boga,o setse a di diragaditse. 19 Jalo hee, ikotlhaeng le bo le sokologe,gore dibe tsa lona di itshwarelwe, gore go tle go tle nako ya go nonotshwa go tswa mo Moreneng. 20 Gore a tle a tlise Keresete yo le mo neilweng ebong Jeso. 21 Ke ene yo legodimo le tshwanetseng go mo amogela go fitlhela puseletso ya dilo tsotlhe,ka se Modimo a se buileng bogologolo ka melomo ya baporofiti ba gagwe ba ba boitshepo. 22 Moshe ka nnete o rile, 'Morena o tla ntsha moporofeti yo o tshwanang le nna go tswa mo go bagaeno. Le tla a reetsa sengwe le sengwe se a tla se buang le lona. 23 Go tlaa diragala gore ope fela yo o sa reetseng moporofiti yoo, o tla nyelediwa gotlhelele mo bathong. 24 Ee, baporofite botlhe go tswa kwa go Samuele, le ba ba tlang fa morago ga gagwe, ba buile ebile ba le itsisitse ka malatsi a. 25 Le barwa baporofiti, le ba kgolagano e Modimo a e dirileng le borraeno, jaaka a buile le Aborehama, 'Mo peong ya gago malwapa otlhe a lefatshe a tla segofadiwa.' 26 Fa Modimo a sena go tsisa motlhanka wa gagwe, o mo rometse kwa go lona pele, gore a tle a le segofatse ka go le ntsha mo ditseleng tsa lona tsa boikepo.''