Kgaolo 2

1 Fa letsatsi la pentakosete le tla, ba ne ba le mmogo mo lefelong le le lengwe. 2 Ka bonako ga tla mosumo o mogolo go tswa legodimong o utlwala jaaka phefo ee masetla, mme ya apesa ntlo yotlhe e ba neng ba ntse mo go yone. 3 Ga tla mo go bone diteme tse di mo tshwanong ya molelo , tsa nna mo go mongwe le mongwe wa bone. 4 Botlhe ba ne ba tladiwa ka Moya yo o Boitshepo mme ba bua ka diteme tse di farologanyeng, jaaka Moya o ba neetse go bua. 5 Mme ga bo go le Bajuta ba ba nneng ba nna mo Jerusalema, batho ba ba boifang Modimo, go tswa mo tshabeng nngwe le nngwe tlase ga legodimo. 6 Fa mosumo o o utlwala, bontsintsi jwa batho jwa phuthega mme jwa tsietsega ka gore mongwe le mongwe o ne a utlwa ba bua ka teme ya gagwe. 7 Ba ne ba hakgamala thata ba re,"Tota! a gase gore botlhe ba ba buang ba ke Bagalalea? 8 Ke ka goreng re ba utlwa, bangwe le bangwe ka puo ya rona e re tshotsweng ka yone? 9 Bapharatha, Bamedia, le Baelame le ba ba nnang mo Mesopotamia, mo Jutia le Kapatokia, mo Ponto le mo Asia, 10 Mo Feregia le Pamefilia, mo Egepeto le dikarolo tsa Lebia ka Kirene, le baeng go tswa ko Roma, 11 Bajuta le Baditshaba ba ba sokologetseng mo sejuteng, Bakereta le Baarabia, re ba utlwa ba bua ka diteme tsa rona ka ditiro tse dikgolo tsa Modimo''. 12 Ba sala ba hakgametse, mme ba raana bare, ''se se rayang eng?'' 13 Bangwe ba ba sotla mme bare, ''ba tagilwe ke mofine o mosha.'' 14 Mme Petere a ema le ba ba lesome le motso, a tsholetsa lentswe la gagwe, a ba raya are,'' banna ba Jutea le botlhe ba ba nnang mo Jerusalema , itseng se, sekegelang mafoko ame tsebe. 15 Batho ba ga baa tagwa jaaka le akanya, ka gore e santse ele oura ya boraro ya letsatsi. 16 Mme se ke se se boletsweng ke moporofiti Joele , 17 'Mo malatsing a bofelo,' Modimo are, 'ke tlaa tshela moya wame mo bathong botlhe. Barwa le barwadia lona ba tlaa porofeta, makawana ba tlaa bona diponatshegelo mme bannabagolo ba tlaa lora ditoro. 18 Gape mo malatsing ao ke tlaa tshela Moya wa me mo batlhankeng bame ba basimane le basetsana mme ba tla a porofita. 19 Ke tlaa supa dikgakgamatso tsa madi, molelo, le mosi mo lewaping le mo lefatsheng ko tlase. 20 Letsatsi le tlaa fifala, ngwedi o tlaa nna jaaka madi,pele ga letsatsi le legolo la Morena le tla. 21 Mme mongwe le mongwe yoo bitsang leina la Morena o tlaa bolokwa. 22 Banna ba Israele utlwang mafoko a; Jeso wa Nnasaretha yo ditiro tsa gagwe tse dikgolo di supilweng ke Modimo mo gare ga lona jaaka lo itse, 23 Ka ntlha ya lenaneo la Modimo le kitso ya pele ya Modimo , o ne a neelwa mo diatleng tsa baba, mme lona, ba le senang molao, la mmapola la mmolaya. 24 Yo Modimo a mo tsositseng, a ntsha ditlhabi tsa loso mo go ene, ka gore go ne go sa kgonege gore loso le ka mo rua. 25 Gonne Tafita o buile ka ga gagwe a re, 'ke bone Morena fa pele ga sefatlhego sa me ka nako tsotlhe, gonne o ka fa letsogong le legolo la me gore ke seka ka suta. 26 Ka jalo pelo yame ya itumela, loleme lame la ipela le mmele wame o tla nna ka boitekanelo. 27 Mme gao kitla o tlogela moya wame go ya diheleng, le gone ga o kitla o letlelela Moitshepi wa gago go bola. 28 O ntshupegeditse ditsela tsa botshelo; sefatlhego sa gago se tla ntlatsa ka boitumelo. 29 Bagaetsho, nka bua le lona ka bopelokgale ka rraetsho Tafita: yo o suleng mme a fitlhwa, le lebitla la gagwe le na le rona gompieno. 30 Jalo he, e ne ele moporofiti mme a itse gore Modimo o ikanne, gore o tlaa tlotlomatsa lengwe la leungo la mmele wa gagwe mo teroneng ya gagwe. 31 O ile a bonelapele selo se, mme a bua ka tsogo ya ga Keresete, 'Ga a tlogelwa mo diheleng, le mmele wa gagwe ga wa bola'. 32 Jeso yo- Modimo o mo tsositse, mme le rona re basupi. 33 Jaanong o tsholeleditswe kwa letsogong le legolo la Modimo o amogetse tsholofetso ya Moya yo o Boitshepo go tswa mo Modimong, o re ntsheditse se, se re se bonang re bo re se utlwa. 34 Gonne Tafita gaa ise a tlhatlogele kwa legodimong, mme are, "Morena o ne a raya morena wame are,"Nna mo letsogong le legolo lame, 35 go fitlhela ke dira baba ba gago bobeo jwa dinao tsa gago." 36 Jalo he, a botlhe ba ntlo ya Iseraele ba itse gore Modimo o mo dirile Morena le Keresete, ene Jeso yo le mmapotseng. 37 Fa ba utlwa se, ba tlala ka boikotlhao mo dipelong tsa bone, mme ba raya Petere le botlhe baaposetolo bare" Bagaetsho, re dire eng? 38 Petere a ba raya are," A mongwe le mongwe wa lona a ikotlhae, a bo a kolobediwe mo leineng la ga Jeso Kereste gore le itshwarelwe dibe,mme le tla amogela neo ya Moya yo o Boitshepo. 39 Gonne tsholofetso ke ya lona, le bana ba lona, le ba ba kgakala, botlhe ba morena modimo wa rona o tla ba bitsang." 40 A paka ka mafoko a le mantsi, a ba gwetlha a re, '' Ipolokeng mo kokomaneng e e bosula e''. 41 Bane ba amogela lefoko la gagwe mme ba kolobediwa, mme ga tladiwa barutwa ka letsatsi leo ka mewa ele dikete tse tharo. 42 Ba ne ba tswelela mo thutong ya baaposetolo le botsalano, mo go robaganyeng borotho, le mo thapelong. 43 Poifo ya tla mo go botlhe, dikgakgamatso le ditshupetso di ne tsa dirwa ka baaposetoli. 44 Ba ba neng ba dumela ba ne bale mmogo mme ba na le dilo tse di tshwanang. 45 Ba ne ba rekisa dithoto le tsotlhe tse ba nang natso mme ba abela batho botlhe, mongwe le mongwe go ya ka fa a tlhokang ka teng. 46 Letatsi le letsatsi bane ba tswelela ka tumalano ele nngwe mo tempeleng , mme ba ngathogana borotho mo malwapeng a bone, ba kgaogana dijo ka boitumelo le pelo ee ikokobeditseng; 47 Ba galaletsa Modimo mme ba bona botsalano mo bathong botlhe. Morena a ba oketsa tsatsi le letsatsi ka bao ba ba neng ba bolokwa.