1 Fa go tserwe tshwetso ya gore re tshwanetse go kgabaganyetsa ko Italia, Ba baya Paulo le magolegwa a mangwe ka fa tlase ga taolo ya molaodi Juleo wa mophato wa Kaisera. 2 Ra pagama Sekepe go tswa Ataramite, Se se neng se le gautshwane le go tlolela go ya ko mafelong a Asia a a ikamileng lewatle. Mme ra ya lewatleng. Arisetego wa ko Thesalonika mo nageng Maketonia a tsamaya le rona. 3 Letsatsi le le latelang ra goroga mo toropong ya Setone, ko Juleo a tshwereng Paulo ka bopelontle ebile a mo letlelela go ya ko ditsaleng tsa tsa gagwe go amogela tlhokomelo ya bone. 4 Go tsweng foo, ra ya kwa lewatleng go ya go tlola ko sekakeng sa Kipero e e neng e re sireletsa diphefo, ka gore diphefo di ne di le kgatlhanong le rona. 5 Fa re sena go tlola metsi go bapa le Kelekia le Pamefila, ra goroga kwa Mira, toropo ya Kekia. 6 Gone koo, Molaodi a bona sekepe go tswa Alekesentera se se neng se ya go kgabaganyetsa kwa Italia. A re tsenya mo teng. 7 Morago ga go tlola ka iketlo malatsi a le mmalwa re setse re gorogile ka bothata go bapa le Kenito, Phefo e ne e sa thola e re letelela go tsamaya ka tsela eo, Jaanong ra tlola mo letlhakoreng le le sereleditsweng la Korota, go lebagana le Salomone. 8 Ra tlola mo letshitshing ka bothata go fitlhela re goroga mo go le lengwe le le bidiwa Magorogelo a mantle, e e bapileng le toropo ya Lasea. 9 Re setse re tsere nako e ntsi jaanong, Nako ya itimo dijo ya Bajuta e setse e fitile, Mme go setse go le kotsi go ka tlola, Jaaonong Paulo a ba tsibosa, 10 A re "Banna, Ke bona gore loeto le re tlogang re le tsaya le tla nna le dikgobalo le tatlhegelo e kgolo, e seng fela ya dithoto le sekepe, mme le matshelo a rona tota." 11 Mme Molaodi o isitse tsepamo e ntsi ko go morena le mo go mong wa sekepe gona le go e baya mo dilong tse neng di buiwa ke Paulo. 12 Ka gore magorogelo a ne a sa siamela go nna ka mariga, bontsi ja bakgabaganyi ba ne ba gakologelwa gone foo, Fa e le gore ka nngwe sebaka re ka goroga ko toropong ya Fenikise, go nna teng ka mariga. Fenekise ke magorogelo ko Kerete, mme e lebile ko bokone-botlhaba le borwa-botlhaba. 13 Fa phefo ya borwa e simolola go foka go le bonolo, bakgabaganyi ba akanya gore ba setse ba na le se ba se tlhokang, ba somola dikgoge ba tlola ko Kerata. 14 Mme morago ga nako e khutshwane phefo e mashetla, e e bidiwang e e tswang Bokone-botlhaba ya simolola go tla mo go rona go tswa go ralala sekaka. 15 E rile fa sekepe se thatafalelwa se sa kgone go lebagana le phefo, Re ne ra kgona go ineela mo go yone ebile ra laolwa ke yone. 16 Ra tabogela mo letlhakoreng le le sereleditsweng la sekaka se sennye se se bidiwang Kelanta; Mme ka bothata re ne ra kgona go tshegetsa mokoro. 17 Ya re ba sena go o tsholetsa, ba dirisa megala ya one go bofa ko tlase ga mokoro. Ba ne ba tshogile gore re tshwanetse ra sianela ko metlhabeng ya Siretise, mme ba folosa disaile ba kgweediwa. 18 Re ne re pitlagantswe ke matsubutsubu, mme mo letsatsing le le latelang bakgabaganyi ba simolola go lathela dithoto ko ntlheng e nngwe. 19 Mo letsatsing la boraro bakgabaganyi ba tlodisa didiri tsa mokoro ka diatla tsa bone. 20 Fa letsatsi le dinaledi di sa phatsime mo go rona ka malatsi a le mantsi, mme matsubutsubu a matona a santse a re tshwenya, tsholofelo epe fela ya gore re ka bolokwa e setse e gannwe. 21 Fa ba sena go tsamaya sebaka ba sena dijo, Ka jalo Paulo a ema magareng ga bakgabaganyi a re, "Banna, le kabo lene la ntheetsa, la seka la tlola lewatle ko Kereta, gore le seka la gobala ebile la latlhegelwa jaana. 22 Mme jaanong ke le kgothatsa gore le kgothale, ka go bane ga go kitla go nna le tatlhegelo ya botshelo magareng ga lona, mme le tla latlhegelwa ke sekepe. 23 Bosigo jo bo fitileng moengele wa Modimo yo ke leng wa gagwe , yo ke mo obamelang gape-moengele wa gagwe a eme fa thoko game. 24 A re "O se boife, Paulo. O tshwanetse wa ema fa pele le Kaesare, mme bona, Modimo ka bopelonomi ja gagwe o go neetse batho ba o tla kgabaganyang le wena. 25 Jaanong, banna, kgothalang, ka ke tshepa Modimo, gore go tla diragala hela jaaka ke boleletswe. 26 Mme re tshwanetse ra tsamaya mo setlhaketlhake sengwe." 27 Fa bosigo ja lesome le bone bo setse bo gorogile, Jaaka re ne ra kgweelediwa mo tseleng e e mo lewatleng la Ateria, Bosigo gare bakgabaganyi ba akanya gore ba goroga mo lefelong lengwe. 28 Ba tsaya dipalo ba fitlhela tse di masome a mabedi, morago ga sebakanyana, ba tsaya dipalo gape ba fitlhela e le lesome le botlhano. 29 Ba ne ba tshogile bare gongwe ba tla thula matlapa, mme ba digela dikgoge di le nne ko morago ga sekepe ba rapela gore moso o goroge. 30 Bakgabaganyi ba ne ba batlana le tsela e ka yone ba ka lathang sekepe mme ba gogela sekepe mo lewatleng, mme ba iketsisa o kare ba tla lathela dikgage ko tlase ga mokoro. 31 Mme Paulo a raya balaodi le masole a re, "Nteng hela monna yo a nna mo sekepeng, ga le kake la bolokwa" 32 Mme masole a kgaola megala ya mokoro ba o tlogela wa tsamaya. 33 Fa motshegare o goroga, Paulo a ba rotloetsa botlhe go tsaya dijo. A re, "Letsatsi le ke la bo lesome le bone le ntse le letlile le sa je, ga le ise le je sepe. 34 Jaanong ke le kopa go tsaya dijo, go nne mo ke ga go tshela ga lona, mme ga go ope moriri wa lona o o tla le latlhegelang." 35 Fa re sena go bua se, a tsaya senkgwe mme a leboga Modimo fa pele ga mongwe le mongwe. A robaganya senkgwe a bo a simolola go ja. 36 Jaanong ba botlhe ba kgothala mme ba tsaya dijo. 37 Re ne rele batho ba le makgolo a mabedi, masome a supa le borataro mo sekepeng. 38 Fa ba sena go ja mo go lekaneng, ba dira sekepe motlhofo ka go latlhela moroko mo lewatleng. 39 E rile go le motshegare, ba seka ba lemoga lefelo, Mme ba bona segoro se se nang le motlhaba, mme ba buisana gore a ba ka se kgweeletse sekepe mo go one. 40 Ba kgaola segoro ba se tlogela mo lewatleng. Ka nako e e tshwanang ba repisa megala ya dipati tse di sokololang sekepe; mme ba tsamaela ko lewatleng. 41 Ba goroga mo lefelong le go kgaoganngwang metsi teng, mme sekepe sa tsena mo lefatsheng. Mokoro wa sekepe wa nwela foo mme wa seka wa satisiwa, mme ko morago ga sekepe ga simolola go thubega ka lebaka la bothata ja makhubu. 42 Lenaneo la masole e ne e le go bolaya magolegwa gore go se ope wa bone yo o ka thumang a kgona go falola. 43 Mme balaodi ba ne ba batla go boloka Paulo, Jaanong a emisa lenaneo la bone, mme a laola ba ba kgonang go thuma go tlola pele ba tsene mo lefelong. 44 Mme banna botlhe ba tla ba sala morago, bangwe ka dipati, ba bangwe ka dilo tse dingwe tse di tswang mo sekepeng. Ka tsela e ga diragala gore botlhe ba rona ba goroge ba gololesegile mo lefelong.