1 Mme Agirepa a raya Paulo a re,"O ka go ipuelelela"Mme Paolo a tsholetsa letsogo a ipuelelela. 2 "ke ikutlwa ke itumetse, kgosi Agirepa, go tlisa kgang yame fa pele ga gago ya go latofadiwa ke bajuta, 3 bogolo jang ka gore o moitseanape mo tsamaisong ya bajuta le dipotso, jalo he,ke kopa o ntheetse ka bo pelotelele. 4 Ka boammaaruri, Bajuta botlhe ba itse gore ke tshidile jang mo bo naneng jwa me ko tshabeng ya me ko Jerusalema. 5 Ba nkitse go tswa ko tshimologong mme ba tshwanetse go amogela gore ke tshidile jaaka Mofarasai,e le lekoko le le dirang dilo ka fa tlhomamong ya tumelo ya rona. 6 Jaanong ke eme fa go tsena mo katlholong ka re ke lebile dilo tsa tsholofetso tse Modimo a di solofeditseng bo rraarona. 7 Go nne mo ke tsholofetso ya merafe ee lesome le bobedi,ee solofetseng go amogela jaaka ba obamela Modimo ka tlhwaafalo bosigo le motshegare.Ke ka tsholofetso e, kgosi Ageripa, bajuta ba mpateletsang molato. 8 Ke ka ntlha ya eng go bo le sa dumele gore Modimo o tsosa baswi?. 9 Ka nako nngwe ke ne ke akanya gore ke tshwanetse go dira dilo di le dintsi tse di kgatlhanong le leina la ga Jeso wa Nnasareta. 10 Ke dirile dilo tse dintsi mo Jerusalema.Ke tswaletse badumedi ba le bantsi mo kgolegelong ka taolo ee neng e tswa mo go moperisita o mogolo,mme e rile ba bolawa ke ne ke dumalana le gore ba bolawe. 11 Ke bogisitse ga ntsi mo disenagogeng,ke pateleditse go nyatsa,ke ne ke ba gakaletse thata ke ba ke bogisa le ko merafeng e sele. 12 E rile ke dira se, ke ne ka ya Damaseko ka taolo le tsamaiso ya moperesita yo mogolo, 13 e rile ke le mo loetong ka nako ya motshegare,kgosi,ke ne ka bona lesedi le tswa legodimong le kgalalelo ya lone e neng e feta letsatsi,mme le ne la nkapesa le banna ba ba neng ke le mo loetong le bone. 14 E rile re wela rotlhe fa fatshe ka utlwa lentswe le bua le nna ka puo ya sehebera lere ´Saulo,Saulo´o mpogisetsang? Go thata go raga lomapo . 15 Mme ke ne kare,"O mang Morena?"Morena are,"Ke Jeso yo o mmogisang. 16 Jaanong tsoga o eme ka dinao,gonne ka lobaka le,ke go iponagaleditse,go go kgetha go nna motlhanka le mosupi ka ga dilo tse o di o di itseng ka game le dilo tse ke tla a di go bontshang mo nakong ee tlang. 17 Mme ke tla a go golola mo bathong le mo ba ditshabeng ba ke go romang ko go bone, 18 go ba bula matlho le go ba fetola go tswa mo lefifing go tla mo leseding le mo nonofong ya ga saatane go tla mo nonofong ya modimo,gore batle ba amogele boitshwarelo jwa dibe ga tswa mo Modimong le boswa jo bo tswang mo go nna jo ke neng ke bo filweng ka tumelo 19 Gonne, Kgosi Ageripa,ga ke a ka ka tlhoka kutlo mo ponong ya selegodimo, 20 mme ka simolola ka ba ko Damaseko, go latele ba ba ko Jerusalema le go yeng ko lefatsheng lotlhe la Jutea le mo ba ditshabeng, ke ba reretse gore ba tle ba ikotlhae ba retologele ko Modimong, ba dira ditiro tse ditshwanelang go ikotlhaa. 21 Gonne ka lobaka le, bajuta ba ne ba ntshwere mo tempeleng ba bo ba leka go mpolaa. 22 Modimo o nthusitse go fitlhelela gompieno, ke ema ke paka mo batho ba, le bagolwane ba bone ka sepe se se sa feteng se baporofiti le moshe ba se buileng gore se tla a diragala, 23 gore keresete o tla boga, gape o tla a nna wa ntlha mo tsogo ya baswi go tsoga le go rurufatsa lesedi mo Bajuteng le baditshaba" 24 E rile Paulo a fetsa go ipuelela, Fesetose a bua ka lentswe le le ko godimo are "Paulo o a tsenwa, thutego e kgolo e go dira setsenwa" 25 Mme Paulo are,"ga ke setsenwa, motlotlegi Fesetose; mme ka kgothatso ke bua mafoko a boammaaruri le a tlhaloganyo". 26 Gonne kgosi o itse ka ga dilo tse; mme ke bua ka bo pelokgale le phuthologo fa pele ga gagwe;ke tlhomamisa gore ga gona sepe se se fitlhegileng go tswa mo go ene,gonne ga a a direla sepe mo sephiring. 27 A o dumela baporofiti,Kgosi Ageripa?Ke a itse gore o a dumela." 28 Ageripa a raya Paulo a re,"Ka lobaka lo le khutshwane o tla a nkgona a ba ke nna mokeresete" 29 Paulo a re,"ke rapela Modimo gore le fa go ka nna lebaka le le khutshwane kgotsa le le telele, e se wena fela, le baba nkutlwang gompieno,ba tla a tshwana le nna ba se mo dikeetaneng tsa kgolegelo". 30 Mme kgosi le molaodi ba ema ka dinao, Benise le ene, le ba ba neng ba ntse le bone; 31 rile ba tswa mo ntlong lehalahala, ba raana ba re,"Monna yo,ga a na molato gape ga aa tshwanelwa ke loso kana kgolegelo." 32 Ageripa a raa Fesetose a re,"Monna yo o ka bo a gololwa fa a ka bo a sa ikuela ko go Kaisara".