1 Jaana Fesetose a tsena mo kgaolwaneng mme morago ga malatsi a le mararo, a tswa kwa Seseria go ya Jerusalema. 2 Moperesiti yo mogolo le Bajuta tota ba pega molato mo go Paulo kwa go Fesetose,mme ba bua le Feseto go nonofile. 3 Ba kopa Feseto go dumalana le bone ka Paulo go ya le bone Jerusalema gore batle ba mmolaele mo tseleng. 4 Mme Feseto a araba ka gore Paulo ke legolegwa kwa Kaesarea, mme o tswhanetse go boela teng . 5 "Ka jalo ba ba kgonang", o ne a bua jalo, "ba tshwanetse ba tsamaya le rona,fa gona le sengwe se se molato ka ene lo tla mmona molato." 6 Morago fa a sena go nna malatsi a le lesome le go feta, one a boela Kaesarea. Mme ka letsatsi le le latelang a nna mo setilong sa katlholo mme a laela gore Paulo a tlisiwe kwa go ene . 7 E rile fa a goroga , Bajuta go tsweng kwa Jerusalema ba ema gaufi nae ,mme ba tlisa melato e mentsi kwa go ene e ba neng ba sa e tlhomamisi. 8 Paulo a itshereletsa ka go bua a re, "ga ke a dira sepe se se molato kgatlhanong le molao wa Bajuta,kgotsa kgatlhonong le tempele kgotsa kgatlhonong le Kaesara." 9 Mme Fesetose o ne a batla gore Bajuta ba dumalane le ene, ka jalo a araba Paulo a re, "A o batla goya kwa Jerusalema go ya go atlholwa ke nna ka dilo tse?" 10 Paulo a re "ke eme fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Kaesara fa ke tshwanetseng go atlholwa teng. Fa ke a direla Bajuta molato, fela jaaka le wena o itse sentle. 11 Lefa ke kane ke dirile molato kgotsa ke dirile se ke tshwanetsweng go bolawa, ga ke gane go swa, mme fa go mpateletsa ga bone e se boamaruri, ga go ope yo o ka nkisang kwa go bone. Ke bitsa Kaesara. 12 Morago ga Fesetose a sena go bua le ba Bogakolodi, a araba, "ka biditse Kaesara; o tla a ya kwa go Kaesara. 13 Morago ga malatsi, Kgosi Ageripa le Berenise ba goroga kwa Kaesarea ba etetse Fesetose semmuso. 14 Morago ga go nna koo malatsi a le mmalwa, Fesetose a bolelela kgosi kgang ya ga Paulo a re, "monna mongwe o ne a tlogetswe fa ke Felisiti e le legolegwa. 15 Fa ke le kwa Jerusalema, moperesiti yo mogolo le bagolwane ba Bajuta ba ne ba tlisa molato kgatlhanong le monna yo ko go nna. 16 Mo ka go araba ka gore ga se tsamaiso ya Baroma go neela motho motho ele letlhogonolo; Fa e se gore yo o molato a ipuelele mo go ba ba mmonang molato. 17 Jalo, e rile ba sena go nna mmogo, ka seka ka leta, ka letsatsi le le latelang ka nna mo setulong sa katlholo mme ka laola gore monna a bidiwe. 18 Fa bapateletsi ba ema ka dinao go mo pateletsa, ka akanya gore melato yotlhe e ba e mo pateletsang ga se e e tlhwaafetseng. 19 Boemong, ba ne ba na le dikgotlhang le ene mabapi le tumelo ya bone, le ka Jeso yo o suleng. Yo Paulo a buang fa a tshela'' 20 Ke ne ka tsietsega ka go tlhomamisa kgang e, mme ka mo kopa gore a o ka seke a ye Jerusalema go ya go atlholelwa kgang e teng. 21 Mme e rile fa Paulo a sena go kopa go bewa mo tlhokomelong a letetse katlholo ya Kgosi, ka mo laola gore a tshegediwe go fitlhelela ke mo romela kwa go Kaesara . 22 Ágeripa a bua le Fesetose, le nna ke batla go reetsa monna yo, "Kamoso Festose a re, '' o tla mo utlwa.'' 23 'Ka jalo tsatsi le le latelang. Ageripa le Berenise ba tla ka moletlo o mogolo; ba tla mo ntlo lehalahala le badiredi ba sesole le bagolwane ba motse . Fa Fesetose a ntsha taolo, Paulo o ne a tlisiwa kwa go bone. 24 Fesetose a re, ''Kgosi Ageripa le botlhe ba lo leng fano, le bona monna yo; bontsi jwa Bajuta ba buisantse le nna fano le kwa Jerusalema, ba goa gore monna yo ga a tshwanela ke go tshela. 25 Ke ithutile gore ga a dira sepe se a tshwanetseng go swa; mme ka gore o ikopetse go bona Kaesara, ka mo romela ko go ene. 26 Mme ga kena sepe se se tlhomameng se ke ka se kwalelang Kaesara, ka lebaka le, bogolo jang ko go wena, Kgosi Ageripa, gore ke nne le sengwe se ke ka se kwalang ka kgang ya gagwe. 27 Go nne ga gona mosola gore ke romele legolegwa ke sa bona molato ope ka ene.''