1 Morago ga malatsi a le matlhano, moperesita o mogolo Ananiase, bagolwane bangwe, le mmueledi o mogoloTeretulo ba bo ba le teng. Banna ba, ba bo ba tlisitse melato ya ga Paulo fa pele ga molaodi. 2 Fa Paulo a ema fa pele ga molaodi, mmueledi Teretulo a mmalela melato,¨ka gore bakeng la gago go rena kagiso le kutlwisisano, ponelo pele ya gago e aga lefatshe; 3 Ka jalo re lebogela tse o di dirang borara Felekise. 4 Gore ke seka ka go lapisa, o ntheetse sentle, 5 Re ne ra filthela rre yoo a rotloetsa bajuta gore ba seka ba sala melao morago, ke moeteledipele wa leloko lengwe la banazaretha. 6 O ne a leka go leswafatsa tempele mme ra motshwara. 7 Fa o botsisisa Paulo ka dikgang tsena, 8 le ,wena, o ka thaloganya gore re bua ka eng. 9 "Bajuta le bone ba ne ba dumelana le katlholo e ya ga Paulo, gore tsotlhe tse di builweng ke nnete. 10 Mme fa molaodi a laola gore Paulo a bue, Paulo a fetola ka gore, " ke itse gore o nnile molaodi wa morafe ona dingwaga, ka boiutmelo ke ka go araba. 11 O ka tlhomamisa gore ga go ise go fete malatsi a le lesome le bobedi ke sa ya go rapela ko jerusalema; 12 Mme ba re ba mphitlhela mo tempeleng, ka seka ka ba lwantsa, le fa ele go tsosa khuduego, le fa e le mo senagogeng, le mo motseng; 13 mme ga ba ka ke ba tlhomamisa ka melato e ba e buwang ka ga nna gompieno. 14 Mme ke dumela gore, ka fa tseleng e ba bitsang lekoko ka teng, ke ka fa ke rapelang modimo wa borraetsho. Ke boikanyego mo go tsotlhe tsa melao le mo dikwalong tsa baporofita. 15 ke na le tsholofelo mo modimong, fela jaaka banna ba ba e emetse,go tla ga tsogo ya baswi, ya botlhe basiame le basiamolodi; 16 Mme mo go se, ke dira ka segakolodi se se senang molato mo modimong le mo bathong. 17 Morago ga dingwaga tse dintsi ka tsisa thuso mo morafeng le dimpho tsa madi. 18 Mo go direng se, Bajuta bangwe go tswa Asia ba fitlhela ke le mo moletlong wa itshekisa mo tempeleng, go sena batho kgotsa modumo. 19 Banna ba, ba itshupe fa pele ga gago, ga ba na le dingongorego kana sekgopi ka nna. 20 Kgotsa, borre ba ba bue molato yo ke o dirileng fa ke eme fa pele ga lekgotla la bajuta ; 21 fa ese lentswe le le lengwe le ke le buileng ke eme magareng ga bone, ´ke ka tsogo ya baswi ke sone se ke se sekisetswang mo tsatsing jeno.´´ 22 Felekise o ne a itse ka botlalo ka tsela, mme a tlosolosa kgang ena. A ba raya are, ¨E tlaa re molaodi wa mophato Lusiase a tsile go tswa Jerusalema, ke tla atlhola kgang. 23 ''Mme a laola gore go disiwe Paulo, mme ba nne pelonomi, le gore go se nne ope yo o kganelang gore ditsala tsa gagwe di mo tlhole kgotsa di mmone. 24 Morago ga malatsi, Felekise a boela gae le mosadi wa gagwe Durusila , yo e leng mojuta, a bitsa Paulo go utlwa ka tumelo mo go keresete Jesu. 25 Paulo ya re antse a mo ranolela ka tshiamo, boikgapo, le tsheko, Felekise a boifa a mo raya are, ¨tsamaya, ke tla re ke bone sebaka, ke go bitse.'' 26 Mme o ne a na le tsholofelo ya gore Paulo o tla mo neela madi, mme a nna a mmitsa gore a bue le ene. 27 Mme morago ga ngwaga tse pedi di sena go feta, Porekio Feseto o ne a nna molaodi morago ga ga Felekise, Mme Felekise o ne a batla go kgatlha Bajuta a tlogela Paulo a le mo kgolegelong.