Kgaolo 23

1 Paulo a tlhoma lekgotla matlho ka tlhwaafalo a ba raya are,"Bagaetsho,ke tshedile fa pele ga modimo ka segakolodi se se phepa go fitlhela letsatsi leno." 2 Moperesiti o mogolo Ananiase a laola ba ba mo tlhakoreng la gagwe go mo itaya molomo. 3 Mme Paulo a mo raya a re,"modimo o tlaa go itaya,moitimokanyi ke wena.A o nkatlhola ka molao,o re ke itewe,mo go kgatlhanong le molao?" 4 Ba ba mo emeng mo tlhakoreng ba botsa bare,"a ke ka fa o tlhapatsang moperesiti wa modimo ka teng?" 5 Paulo a ba raya a re ,"ke ne ke sa itse bakaulengwe ,fa ele moperesiti mogolo.Ka go kwadile gatwe,o seka wa bua bosula ka babusi ba batho ba ga lona." 6 Fa Paulo a lemoga fa bangwe ele Basadukai bangwe ele Bafarasai,a bua ka lentswe le le ko godimo mo pele ga lekgotla are, "Bakaulengwe,ke Mofarasai,morwa Bafarasai.Ke ka lebaka la go dumela mo tsogong ya baswi go bo ke sekisiwa." 7 Fa a bua selo se, ga tsoga kgang mo gare ga Bafarasai le Basadukai,mme batho ba fapaana ka mogopolo. 8 Ka gore Basadukai bare ga gona tsogo ya baswi,ga gona baengele,le fa ele mowa,mme Bafarasai ba dumela mo go tsone tsotlhe. 9 Mme ga tsoga pheretlhego,mme bakwadi bangwe ba lekoko la sefarasai ba ema ba ganetsa bare,"gare bone molato ope mo monneng yo. Go ka nna jang fa ele gore mowa kgotsa moengele o buile le ene?" 10 Fa go tsoga kganetsanyo e kgolo,motlhabani o mogolo a tshogela gore Paulo o tlaa gagolakwa,mme a laela batlhabani go fologela tlase go mo tsaya ka dikgoka mo go bone,mme ba mo isa mo lefelong la batlhabani. 11 Bosigo bo bo latelang morena a ema mo tlhakoreng la gagwe a mo raya a re,"o seka wa boifa,fela jaaka o supile ka nna mo Jerusalema,o tshwanetse go ya go supa jalo le ko Roma." 12 Fa letsatsi le setse le tlhabile,Bajuta bangwe ba nna lekoko ba bua phutso mo go bone:ba ikana gore ga ba kake ba ja le fa ele go nwa go fitlhela ba bolaya Paulo. 13 Ene e ka nna banna ba feta masome a mane ba leano le. 14 Ba ya ko go baperesiti ba bagolo le bagolwane bare,"Re itsentse ka fa tlase ga phutso e kgolo,ya gore ga re kitla re e ja le fa ele go nwa go fitlhela re bolaya Paulo. 15 Jaanong,a ba lekgotla ba bolelele molaodi wa batlhabani go mo tsisa mo go lona jaaka ekete le tsile go sekaseka kgang ya gagwe ka tlhwaafalo.Fa ele ka ga rona,re ikemiseditse go mmolaya pele a goroga fa." 16 Mme setlogolo sa ga Paulo sa utlwa ka ga leano la bone,a tsena mo lefelong la batlhabani a bolelela Paulo ka ga selo se. 17 Paulo a bitsa mongwe wa batlhokomedi a mo raya are,"tsaya mokawana yo o mo ise ko go molaodi wa batlhani,o mo itsise fa ana le sengwe se a batlang go se mmolelela." 18 Mme molaodi a tsaya mokawana a mo isa mo pele ga motlhokomela batlhabani a mo raya a re,"Paulo wa motshwarwa o mpileditse fa go ene,a nthomela go tsisa mokawana yo mo go wena."O na le se a tlhokang go se go itsise." 19 Mookamela batlhabani a mo tsaya ka letsogo go ya ko sephiring go mmotsa gore,"ke eng se o batlang go se mpolelela?" 20 Mokawana a re,"Bajuta ba dumalane go go kopa go tsisa Paulo kamoso mo pele ga lekgotla,jaaka ekete ba batla go utlwa ka botlalo ka kgang ya gagwe. 21 Mme o seka wa dumalana le bone,ka gore go na le banna ba feta masome a mane ba ba mo laletseng.Ba buile phutso mo go bone gore,ga ba kitla ba a nwa le fa ele go ja go fitlhela ba bolaya Paulo.Le ka sebaka se ba iketleeleditse gore o ba neye tetla. 22 Mme mookamedi wa batlhabani a mo naya tsela,"o seka wa bolelela ope ka se o se mpoleletseng." 23 Mme a ipiletsa balaodi ba le babedi a ba raya are,"tsayang batlhabani ba le makgolo a mabedi go ya go fitlha mo Kaesarea,bapalami ba dipitse ba ba masome a supa,le ba dichaka ba le makgolo a mabedi.Le tlaa emelelela ka nako ya boraro ya bosigo." 24 A ba laola gore ba tlamele Paulo ka dipalamo gore ba mo ise ka pabalesego ko go Felekise wa molaodi. 25 A kwala jaana are: 26 "Kelaudise Lisia go molaodi yo o tlotlegang segolo Felekise,madume. 27 Monna yo o ne a tshwerwe ke Bajuta ebile ba iketleeleditse go mmolaya fa ke goroga mo go bone ka batlhabani go mo falotsa,ka ke lemoga fa ele moroma. 28 Ke ne ka batla go itse se ba molatofatsang ka sone,mme ka mo isa mo pele ga lekgotla. 29 Ka lemoga fa a latofadiwa ka kgang kgatlhanong le molao wa ga bone,mme ga bo go se molato ope o o tshwanelang ke katlholo ya loso kana kgolegelo. 30 Mme ka bolelelwa fa go na le leano kgatlhanong le botshelo ba monna yo,jalo ka mo romela ko go wena le ba ba mmonang molato go tla go mo latofatsa fa pele gago. 31 Batlhabani ba obamela ditaolo;ba tsaya Paulo go le bosigo ba mo isa ko go Antipatirise. 32 Mo letsatsing le le latelang batlhani ka bontsi ba tlogela bapalami ba dipitse go tsamaya le ene mme bone ba boela ko lefelong la bone. 33 Fa bapalami ba dipitse ba goroga mo Kaesarea ba tsisa lokwalo le Paulo mo go molaodi. 34 Fa molaodi a bala mokwalo,a botsa gore Paulo o tswa ko kae,fa a lemoga a tswa ko Kilikia, 35 a re "ke tlaa utlwa kgang ya gago fa balatofatsi ba gago batla".A laola gore a tlhokomelwe mo ntlong ya puso ya ga Herote.