Kgaolo 22

1 ´´Bakaulengwe reetsang boikarabelo jwa me´´, 2 E rile baphuthegi ba utlwa Paulo a bua Sehebera ba didimala botlhe.A re, 3 Ke mo juta ke, tsholetswe mo Taresa wa Selisia,mme ke rutetswe mo toropong e,mo dinaong tsa Gamaliele. Ke laetswe go ya ka fa molaong oo thata wa bo rraarona mogolo.Ke nyorotse Modimo jaaka lona lotlhe mo nakong ya gompieno. 4 Ke bogisitse jaana,go isa ko losong.Ke golegile banna le basadi ka ba tsenya ka kgolegelo. 5 Baperesita ba bagolo le bagolwane ba ka supa gore ke amogetse dikwalo go tswa ko go barwarre baba ko Damaseko, gore ke ba tseele loeto.Ka tsele e,ke ne ke busa batshwarwa go tswa Jerusalema gore batle ba otlhaiwe. 6 Mme ga diragala go e rile ke le mo loetong gaufi le Damaseko,ka nako ya motshegare ga tla lesedi le legolo le tswa ko legodimong la nkapesa. 7 Ka wela fa fatshe mme ka utlwa lentswe lere, ´Saulo,Saulo´ o mpogisetsang?. 8 Mme kare ,´O mang , Morena?´,A re,´ Ke nna Jeso wa Nasaretha, yo o mmogisang". 9 Baba neng ba na le nna ba ne ba bona lesedi, mme ba sa tlhaloganye lentswe la o o neng a bua lenna. 10 Ka re, "ke dire eng, Morena",Morena a nthaya are,"tsoga o ye ko Damaseko, mme ba tla a go bolelela dilo tsotlhe tse o tshwanetseng go di dira". 11 Ga ke kgone go bona ka ntlha ya kgalalelo ya lesedi,mme ka ya Damaseko ke eteletswe pele ke ba ba neng ke na le bone. 12 Mme ka Kopana le monna yo o neng a bidiwa Ananiase,yo o ineetseng ka tlhoafalo mo malaong go ya kafa bajuteng baba neng ba nna ko lefatshing leo. 13 Mme a tla ko go nna are,Saulo ema o amogele pono ya gago,mme ke ne ka amogela pono ka mmona 14 Mme a nthaa are,´Modimo wa bo rraarona o go kgethile goitse thato ya gagwe,go bona mosiami wa gagwe,go utlwa mafoko aa tswang mo molomong wa gagwe. 15 O tla a nna mosupi wa gagwe mo bathong botlhe ka ga dilo tse o di boneng gape o di utlwile. 16 Gonne o letile eng?,emelela o kolobe,bitsa leina la gagwe o tle o tlhatswiwe maleo. 17 Mme morago ga ke sena go boela ko Jerusalema,mme e rile ke santse ke rapela mo tempeleng ke ne ka fiwa pono. 18 Ke ne ka mmona a nthaa are," tswaa mo Jerusalema ka bofefo, gonne ga ba na go amogela bopaki jwa gago ka nna". 19 Mme ke ne kare,Morena ba a itse gore ke tsentse ke le mo kgolegelong gape ke iteile ba ba neng ba dumela mo go wena mo senagogeng ngwe le ngwe. 20 Mme e rile madi a mosupi wa gago Setefani a tshologa ke ne ke lebile ke dumalana, gape ke ne ke disitse diaparo tsa ba ba mmolaileng. 21 Mme a nthaa a re´tsamaa gonne ke tla a go romela ko baditshabeng."" 22 Batho ba mo letlelela go bua go fitlhelela ka lebaka le,Mme ba goeletsa bare,a go tlosiwe monna yo, mo lefatsheng gonne ga go na tshwanelo ya gore a tshele. 23 E rile ba go eletsa ba ikgagola diaparo,ba tshela lerole ko godimo, 24 Molaodi wa mophato a laola gore Paolo a tlisewe ko go ene mo lefelong la batlhabani, a tle a bodiwe ka thupa gore a tle a bolele gore ke eng fa batho ba le kgatlhanong le ene. 25 E rile ba sena go mmofa ka dikeetane,Paulo a raa molaodi oo neng a eme foo are,"A go ka fa molaong itaya Moroma ka thupa yo o senang molato"?. 26 E rile molaodi a utlwa se, a ya ko go molaodi wa batlhabani a mo raa are",o batla go dira eng? ka monna yo,ke Moroma". 27 Molaodi o mogolo a mo raya are,"a o moroma?",Paulo a mo raya are,"ee". 28 Molaodi o mogolo a mo raya are,"e ne e le ka tlhotlha e kgolo gore ke nne Moroma",mme Paulo a mo raya are, "ke tshotswe ke le Moroma", 29 Mme banna ba ba neng ba tshwanetse go mmotsa dipotso ba mo tlogela ka bofefo.Molaodi o mogolo o ne a tshoga a utlwa fa Paulo e le Moroma ka gore ba ne ba mmofile. 30 E rile letsatsi le le latelang molaodi o mogolo a batla go itse boammaaruri ka bajuta gore ke eng ba pateletsa Paulo molato,mme ba bofolola Paolo. Mme a bitsa moperesita yo mogolo, le baeteledi pele go kopana, mme a bitsa Paulo go tla mogo bone.