Kgaolo 21

1 Morago ga go kgaogana le bone re tlotse Lewatle , ra tsaya tsela e e tlhamaletseng go ya toropong ya Kose, mo letsatsing le le latelang go ya toropong ya Roto, morago ga moo ra ya toropong ya Patara. 2 Ra bona sekepe se tlolela ko Fenekia, mme ra kgona go tlola lewatle. 3 Ha re simolola go bona sekaka sa Kipero, ra tsamaela ka ha molemeng go kgabaganyetsa ko Sirea,mme ra goroga mo toropong ya Tiro, ka gore Sekepe se ne se folosa dithoto. 4 Morago ga go bona barutwana, ra nna teng malatsi a le supa.Barutwana ba bolella Paulo go tsweng mo moweng gore a seka a tla mo Jerusalema. 5 Morago ga go nna malatsi ra emelela ra tswelela le mosepele wa rona. Ba botlhe ba na le basadi le bana ba bone, bane ba re boledisa go fitlhela retswa mo toropong. Re ne ra khubama ra rapela mo thoko ga lewatle, mme morago ra laelana. 6 Ra tsamaya goya go pagama sekepe, ha bane ba boela ko malapeng gape. 7 E rile re sena go fetsa mosepele go tswa ko Tiro, ra goroga ko potelemai. Teng koo ra dumedisa bo morwa-rre mme ra nna le bone ka letsatsi le le lengwe. 8 Mo letsatsing le le latelang ra emelela go ya Kaisarea, ra tsena mo ntlong ya ga Filipo, wa moreri wa efangedi, yo e neng ele mongwe wa baba supa, mme ra nna le ene. 9 Jaana monna yo ana le barwadie bale bane ba eneng ele makgela mme ba porofesa. 10 Jaaka rene re ntse foo malatsi a le mmalwa, ga tla moporofita mongwe a bidiwa Agabo go tswa ko Judea. 11 One atla ko go rona go tla go tsaya lebante la ga Paulo. Ka lone o ne a ipofa mo maotong le mo matsogong mme a bua are, ''go bua Mowa yo o Boitshepo, go tshwanetse ga nna le Bajuta mo Jerusalema ba ba tla bofang motho yo e leng mong wa lebantle le, mme ba tla mo isa mo diatleng tsa baditshaba.'' 12 Fa re utwa dilo tse, rona le batho ba ba neng ba nna mo lefelong le ra kopa Paulo gore a seka a tsamaela ko Jerusalema. 13 Mme Paulo a araba ''le dirang fa le lela ebile le thuba le pelo yame?'' Ke ipaakantse, mme ga ke a ipaakanyetsa go bofiwa fela, ke ipaakanyeditse le go swela leina la morena Jeso ko Jerusalema.'' 14 Ka gore Paulo o ne asa eletse go patelediwa, re ne ra emisa go leka ra bua re re, ''A thato ya morena e diragale.'' 15 Morago ga malatsi a, re ne ra tsaya merwalo ya rona ra ya ko Jerusalema. 16 Bangwe ba barutwana gotswa ko Kaiserea ba ne ba tsamaya le rona. Ba na le monna a bidiwa Menasone, monna yo neng ele morutwana wa pele gotswa Kepero yo re tla nnang le ene. 17 Fa re goroga mo Jerusalema, barwarre ba re amogela ka boitumelo. 18 Letsatsi le le latelang Paulo a tsamaya le rona ko go Jakobo, mme bagolo bane bale teng botlhe. 19 Morago ga re fetsa go dumedisa, a tsamaya a tsamaya mo go bone ka bongwe ka bongwe go ba begela dilo tse Modimo a di dirileng magareng ga badichaba go tsweng ka bodiredi jwa gagwe. 20 Fa ba utwa seo ba galaletsa Modimo, mme ba mo raya bare, ''wa bona, morwarre, gore go dumetse dikete tsa batho ba le kahe magareng ga Bajuta. Botlhe ba bone ba ikemeseditse go tshwarelela molao. 21 Ba boleletswe ka wena gore o ruta Bajuta botlhe ba ba nnang magareng ga baditshaba go ganana le Moshe, le gore o ba bolelela go seka ba rupisa bana ba bone, mme ba seka ba sala tsamaiso ya pele morago. 22 Re tshwanetse ra dira eng? Ba tla felela ba utule gore o tsile. 23 Ka jalo dira se re go se boleletseng gone jaana: Re na le bo rre ba le bane ba ba dirileng maikano. 24 Tsaya banna ba o itlhatswe le bone, o ba duelele dituelo tsotlhe, gore ba te ba beole ditlhogo tsa bone. Batho ba te ba itse gore dilo tsotlhe tse ba di boleletsweng ka wena ga dina boammaruri. Ba tla ithuta gore le wena o sala molao morago. 25 Mme go ama baditshaba ba ba dumetseng, re kwadile ebile ra ba neela ditaelo tsa gore ba tshwanetse go ikgapha mo dithabelong tse di diretsweng medingwana ya disetwa, go tsweng mo mading,le mo go tse di betilweng, le go tsweng mo bogokaganing. " 26 Mme Paulo a tsaya banna mo letsatsing le le latelang, a itlhatswa le bone, a ya tempeleng go ya go bolela paka ya malatsi a go tlhatswiwa, go fitlhela moneelo o neelwa ka lebaka la mongwe le mongwe wa bone. 27 Fa malatsi a le supa a le gaotshwane le go fela, bangwe Bajita go tswa Asia ba bona Paulo mo tempeleng a itumedisa matshwititshwiti, ba mo baya matsogo. 28 Ba ne goa, "banna ba Iseraela re thuseng" Yo ke ene monna yo o rutang banna gongwe le gongwe dilo tse di kgathanong le batho, molao le lefelo le. Nte le moo, o tsisitse bagerika mo tempeleng mme ebile o leswefaditse lefelo le le boitshepo.'' 29 Ka gore go le pele ba bone Terofimo wa mo Efeso a na le ene mo toropong, bane ba tsaya gore Paulo o mo tisitse mo tempeleng. 30 Toropo yotlhe ene e itumetse, batho ba taboga botlhe go tshwara Paulo. Ba mo gogela ko ntle ga tempele, ka ponyo ya leitho dikgoro tsa tswalwa. 31 Fa ba ne ba leka go mmolaya, dikgang tsa goroga ko moeeteledipele mogolo wa batlhokomedi gore Jerusalema otlhe o tlhakatlhakane. 32 Ka ponyo ya leitho a tsaya masole le bagolwane ba lekgotla ba tabogela ko bontsing ja batho. Fa batho ba bona moeteledipele mogolo le masole, ba emisa go betsa Paulo. 33 Mme moeteledipele mogolo a atumela go tshwara Paulo, a laolwa gore a bofiwe ka dikeetane di le pedi. A botsa gore ke mang le gone o dirile eng. 34 Batho bangwe mo bontsing jo bane ba goa se sele ba bangwe le bone ba goa se sele. Ka gore moeteledipele o ne asa kgone go bua ka lebaka la modumo a laola gore Paulo a tisiwe mo pele. 35 Ha a simololago ema ka dinao, a tsewa ke masole ka lebaka la go bogisiwa ke batho. 36 Bontsi ja batho ba mo sala morago ba goa bare, "Ha a tsamaye!" 37 Jaaka Paulo ane a atlametswa ko pele, a raya moeteledipele are "a nka bua sengwe?" moeteledipele a bua are "a o kgona go bua segerika?" 38 A ga se wena moegepeto, yo o neng a eteletse digogelathoko pele abo a tsaya ditsuulodi ba le dikete di le nne go ba tsenya mo sekakeng?" 39 Paulo a re, "ke mojuta, go tswa mo toropong ya Tareso ko Kelekia. Ke monni wa toropo e e botlhokwa.Ke a go kopa, ntetelele go bua le batho." 40 Ha moeteledipele a mo fa teta, Paulo a ema ka dinao mme a bua le batho ka letsogo. Ha go nna tshisibalo, a bua le bone ka sehebero. a re,