Kgaolo 20

1 Morago ga mekubukubu e sena go fela, Paulo a bitsa barutwa aba kgothata. Jaanong aba laela a tswa go tsena mo Masetonia. 2 Fa a sena go ralala dikgaolo tseo a bo a kgothatsa badumedi thata, a ya mo Kerisi. 3 Morago gago tsaya dikgwedi tse tharo koo, a beelwa selaga ke Bajuta jaaka ane a tloga a tsamaa ka mokoro goya Seria, jalo tsaa tshwetso go boa ka tsela ee ralalang Masetonia. 4 One a patilwe go fitlha ko Asia ke Sopata morwa Phehusa gotwa Berea; Aresetachose le Sekhuntase, botlhe go tswa badumeding ba Thesalonika; Gayase wa Tebe; Timotheo; le Tasekase le Tofomase go tswa Asia. 5 Mme banna ba bane ba tsamaetse ko Pele ebile bare emetse ko Toroase. 6 Ra tsamaa ka mokoro go tswa Philepe morago ga malatsi a senkgwe se se sa bedisiwang, mme mo malatsiang ale tlhano ratla kogo bone mo Toroase. Koo ra nna malatsi a supa. 7 Mo letsatsing la ntlha la beke, fa rene re kgobokane ga mmogo go roba senkgwe, Paulo a bua le badumedi. One a ipaakanyeditse go tsamaya letsatsi lele latelang, jalo a tswelela kago bua go fitlhela bosigo gare. 8 Gone gona le mabone a mantsi mo kamoreng ee kwa godimo kwa re neng re phuthegile teng. 9 Fa letlhaba phefong gane go ntse mokawana mongwe a bidiwa Ethatase, o neng a thulamela mo go golo. Fa Paulo a bua lebaka, mokawana o, a ntse thulametse, awa go tswa mo ntlong ee ko godimo mme a tshwarwa a setse a sule. 10 Mme Paulo a gologela ko tlase, a ikotlololela mogo ene, amo atla. A bo are, ''Le seka la ultwa botlhoko ka gope, gonne o a tshela." 11 Mme a boela gape ko godimo a roba senkgwe a ja. Morago ga a sena go bua le bone ka sebaka go fitlhela makuku, a tsamaa. 12 Ba tlisa gape mokawana a tshedile, mme ba kgothetse hela thata. 13 Rona ra tsamaela ko pele gaga Paulo ka mokoro goya Asose, ko re neng re ipaakanyeditse go pega Paulo teng. 14 Se ke sone se le ene a neng a ikaeletse gose dira, ka gore one a ikemiseditse go tsamaa ka dinao. Fa a kopana le rona ko Asose, ramo tsenya mo mokorong goya Metalene. 15 Mme ra tsamaya ka mokoro go tswa foo ra goroga tsatsi lele latelang fa pele ga setlhaketlhake sa Tsekose. Tsatsi le le latelang ra goroga ko setlhaketlhakeng sa Samose, ebile letsatsi morago ga re sena go goroga mo toropong ya Meletase. 16 Gonne Paulo one a ikaeletse go feta mo Efesase ka mokoro, gore a seka a tsaa nako epe mo Asia; ka gore one a tabogetse go goroga ko Jerusalema ka ntata ya letsatsi la Pentakosete fa nne go kgonagala gore a dire jalo. 17 Go tswa Meletase a roma banna ko Efesase mme a ipiletsa bagolwane ba kereke. 18 Fa ba sena gotla kogo ene, a ba raya are, ''Le lona lea itse, go tswa letsatsi la ntlha ke baya lenao mo Asia, kafa ke neng ke nna ke tsaa nako le lona ka teng. 19 Ka tswelela ke direla Morena ka tlhaloganyo yotlhe ee ikokobeditseng leka dikeledi, le mo tshotlegong ee ntirageletseng ka ntata ya segwenegwene sa Bajuta. 20 Lea itse ka fa ke neng ka seka kale lobela gole bolelela sepe ka teng sese mosola, leka fa ke le rutileng ka teng mo phatlaatseng gape le kafa ke neng ke tsena ntlo le ntlwana. 21 Le a itse ka fa ke neng ke nna ke tlhagisa Bajuta le Bagerika kaga boikotlhao mo Modimong le tumelo mo go Morena Jeso. 22 Jaanong, bonang, ke tsamaa ke bofilwe ke Mowa oo Boitshepo go ya Jerusalema, kesa itse dilo tse di tlaa ntiragalelang teng, 23 fela fa ese gore Mowa oo Boitsepo oa mpakela mo ditoropong tsotlhe, are dikeetane le dipugisego di nkemetse. 24 Mme gake akanye ka gope gore botshelo jwame bo tlhotlhwa kgolo mo go nna, gore ke tle ke fetse lebelo le bodiredi jo ke bo amogetseng go tswa mo go Morena Jeso, go tshola bosupi ka mafoko aa molemo a tshogofatso ya Modimo. 25 Mme jaanong, bonang, ke itse gore lona lotlhe, mogo lona ba ke tsamaileng ke rera bogosi, gale kitla le bona sefatlhego same gape. 26 Jalo ke a le ikanela tsatsi leno, gore ga kena molato wa madi aga ope. 27 Ka gore ga kea le lobela ka gope gorata mo go feletseng ga Modimo. 28 Jalo he ikeleng tlhoko, leka letsomane lotlhe le Mowa oo Boitshepo ole dirileng gore le le okamele. Eleng tlhoko go disa kereke ya Modimo, e a e rekileng ka madi a gagwe. 29 Kea itse morago ga go tsamaya game, diphiri tsedi gagolakang ditla tsena magareng ga lona, ebile dise sekegele letsomane. 30 Kea itse gore lemo go lona tota banna bangwe batla tla ba bua dilo tsedi senyang, gore batle ba phatlalatse barutwana goba itseela. 31 Jalo elang tlhoko. Gakologelwang gore dingwaga dile tharo ga keaka ka emisa go tlhagisa mongwe le mongwe wa lona ke tletse ka kutlo botlhoko bosigo le motshegare. 32 Jaanong kele neela mo Modimong lemo lefokong la tshogofatso ya gagwe, le le nonofileng gole aga le go le neela boswa mo go ba ba itshepisitsweng. 33 Ga ke a eletsa selefera, gouta, kana seaparo sa monna ope. 34 Le lona lea itse gore matsogo a a ntiretse go kopanya botlhoki jwame le jwa ba ke neng kena le bone. 35 Mo dilong tsotlhe kele file sekai sa gore le thuse jang batlhoki kago ba direla, le ka fa le tshwanetseng go gakologelwa mafoko a morena Jeso, mafoko a a builweng ke ene are: ''go molemo thata go neela gona le go amogela.'' 36 Morago ga a sena go bua ka tselae, a khubama a rapela le bone botlhe. 37 Botlhe ba lela ba wena mo molaleng waga Paulo bamo suna. 38 Ba ne ba utlwele botlhoko segolo jang ke se a se buileng, gore gaba kitla ba bona sefatlhego sa gagwe gape. Mme ba mo pata go ya mokorong.