Kgaolo 19

1 Jaanong e rile Apolose ale ko Korinta, Paulo a ralala lefatshe le le ko godimo a fitlha a tla ko Efeso, a bona barutwa bangwe teng. 2 Paulo a ba raya are, ''A le amogetse Mowa oo Boitshepo fa le dumela?'' Ba mo raya, ''Nnyaa, ga reise re utlwe ka Moya oo Boitshepo.'' 3 Paulo are, ''le kolobesitswe mo go eng?'' Bare, ''Mo kolobetsong ya ga Johane.'' 4 Jalo Paulo a fetola are, ''Johane one a kolobetsa ka kolobetso ya boikotlhao. A bolelela batho gore ba batshwanetse go dumela mo go yo o tlaatlang morago ga gagwe, a raya gore, mogo Jeso.'' 5 Fa batho ba utlwa se, bane ba kolobediwa mo ineng la Morena Jeso. 6 Jalo fa Paulo a sena go ba baya diatla, Moya oo Boitshepo wa tla mo go bone mme ba bua ka diteme tse dingwe mme ba porofita. 7 Botlhe ka palo e ne ele banna bale lesome le bobedi. 8 Paulo a tsena mo Senagogeng a bua ka bogaka ka sebaka sa kgwedi tse tharo. O ne a eteletse pele dipoisanyo a kgothaletsa batho ka ga dilo tsa bogosi jwa Modimo. 9 Mme fa Bajuta bangwe ba thatafala ba tlhoka kutlo, ba simolotse go bua bosula ka tsela yaga Keresete fa pele ga matshititshiti. Foo Paulo a ba tlogela a etelela badumedi pele go tswa mo go bone. A simolotse go bua tsatsi le letsatsi mo ntlung ya thuto ya Tiranase. 10 Se sa tswelela dingwaga tse pedi, gore botlhe ba ba nnang mo Asia bane ba utlwa lefokola la Morena, botlhe Bajuta le Bagerika. 11 Modimo one a dira ditiro tse dikgolo ka letsogo la ga Paulo, 12 le balwetsi tota ba ne ba fodisiwa, le mewa ee bosula ya tswa mo go bone, fa ba tsaya matsela le dikhiba go tswa mmeleng wa ga Paulo. 13 Mme gone gona le Bajuta ba ba kobang mewa ee bosula ba ba tsamayang le mafelo ba tsere leina la ga Jeso go le iterisetsa. Bane ba le bua mo go ba baneng bana le mewa ee bosula; bare, ''Ke go laola ka leina la Jeso le Paulo a rerang gore letswe." 14 Ba baneng ba dira jaana ene ele barwa ba le supa ba Moperesita mogolo Bajuta, Sekefa. 15 Mme mowa oo bosula wa ba araba, ''Jeso ke a mo itse, le Paulo ke a mo itse, mme wena o mang?'' 16 Mowa oo bosula wa tlolela banna wa ba fekeetsa wa ba betsa. Ba tswa mo ntlung ba sia ba sa apara bale dintho. 17 Se sa itsewe ke botlhe, Bajuta le Bagerika, ba ba neng ba nna ko Efeso. Ba tshoga fela thata, mme leina la Morena Jeso la tlotliwa. 18 Gape, badumedi bale bantsi bane ba tla go ipolela lego amogela bosula jo ba bo dirileng. 19 Ba le bantsi ba maselamose a ditshwantsho ba tlisa dibuka tsa bone ga mmogo ba di tshuba mo ponong ya botlhe. Fa ba tlhakanya palo ya tsone, ene ele dikete tse di masome matlhano ya dipepetlana tsa selefera. 20 Lefoko la Morena la anama thata ka tsela ee matla. 21 Mme Paulo morago ga go feleletsa bodiredi jwa gagwe ko Efeso, a tsaya tshwetso mo Moweng go ralala Masetonia le Akhia mo tseleng ya gagwe goya Jerusalema; are, ''Morago ga ke sena go nna koo ke tshwanetse go bona Roma.'' 22 Paulo a romela ko Masetonia barutwa bale babedi, Timotio le Ereseta, ba ba thusitseng. Mme ene ka boene o ne a nnile mo Asia ka lebakanyana. 23 Ka nako eo ga tsoga khuduego e kgolo ko Efeso ka Tsela ya bokeresete. 24 Monna mongwe wa mmetli wa tshipi ya selefera wa leina la Demeterio, oo dirileng ditshwantsho sa selefera sa ga Diana, a tlisetsa babetli papadi e kgolo. 25 Mme a phutha banna botlhe ba tiro eo are, ''Borra, lea itse gore mo kgwebong e re dira madi a mantsi. 26 O a bona o utlwa se, e seng ko Efeso fela, mme mo Asia otlhe, Paulo o dirile gore bale bantsi ba dumele ba fetoge. A re ga gona badimo baba dirilweng ka diatla. 27 Gase fela gore tiro ya rona ga eye go tlhole e batliwa, le gape gore tempele ya ga modimogadi o mogolo Diana eka tseiwa e se sepe. Jaanong a latlhegelwe ke bogolo jwa gagwe, ene yo eleng gore Asia otlhe oa mo obamela.'' 28 E rile ba utlwa se, ba tlala ka bogale ba lela ba goeletsa, bare, ''Go mogolo Diana wa Baefesia.'' 29 Toropo yotlhe ene e tletse ka tsietsego, mme batho ba tabogela mo lebaleng la bodiragatsi ga mmogo. Ba ne ba tshwere Gaase le Aristatose ba patile baga Paulo go tswa Masetonia. 30 Paulo one a batla go tsena mo matshititswiting, mme Barutwa ba mo kganela. 31 Gape, baeteledipele bangwe ba lefelo la Asia ba eleng ditsala tsa gagwe ba mo romelela molaetsa ba gatelela kopo ya gore a seka a tsena mo lebaleng la bodiragatsi. 32 Batho bangwe bane ba goweletsa selo sengwe, bangwe se sengwe, ka boidiidi bone bole mo tsietsegong. Bontsi ba bone bane ba sa itse le gore ba tletse eng. 33 Bajuta ba ba ya Alekesanta mo matshwititshwiting ba mmaya ko pele ga batho. Alekesanta a supa ka diatla tsa gagwe a tlhalosetsa batho. 34 34 Mme fa ba lemoga gore ke Mojuta, mme ba goa botlhe ka nako ele nngwe selekanyo sa oura tse pedi, ''Go mogolo Diana wa ba Epheso.'' 35 Yare mokwalediwa motse a sena go didimatsa matshwititswiti, a bua are, ''Lona banna ba Efeso, ke mang mo go lona yoo sa itseng gore toropo ya Efeso ke motlhokomedi wa tempele ya ga Diana yo mogolo le setshwantsho sa yoo oleng ko legodimong? 36 Ba bona gore dilo tse ga se tse di ganediwang, le tshwanetse go didimala le se dire sepe ka potlako. 37 Gonne le tsisitse banna ba, ba e seng magodu a dilo tsa tempele le eseng batlhapatsi ba modimogadi wa rona. 38 Jaanong, fa ele gore Dametera le bathudi ba anang le bone ba batla go pateletsa mongwe, makgotla a tshekelo a butswe ana le balaodi. Ba lese ba pateletsanye. 39 Mme fa ele kgang e sele e tlaa rarabololawa mo bokopanong bo bo tlwaelesegileng. 40 Gonne re mo kotsing ya go ka bewa molato ka ntlha ya tsogologelana ya gompieno. Ga gona lebaka lepe go baka tlhakatlakano e bile ga re tlaa seke re kgone go e tlhalosa.'' 41 Yare a sena go bua jalo, a phatlalatsa kgobokano.