1 Morago ga dilo tse Paulo a tswa mo Athenese a ya Korinta. 2 Koo a fitlhela monna mongwe wa mojuta a bitswa Akwila, monna wa Pontose ka letso; e ne ele gone a tlang go tswa Etale le mosadi wa gagwe Poresela, Ka gore Telaodiase one a laoletse Bajuta botlhe go tlogela Roma; jaanong Paulo atla kogo bone; 3 Paulo a nna abo a bereka le bone ka gore one dira diro e thswanang le ya bone. Ene ele badiri ba di tante. 4 Jaanong Paulo a ntsha mabaka mo Senagoneng Sabata mongwe le mongwe. A dira gore Bajuta le Bagerika ba dumele. 5 Mme fa Selase le Timotheo ba fologela go tswa Mesedonia, Paulo a dirwa ke mowa go pakela Bajuta gore Jeso ene ele Keresete. 6 Fa Bajuta ba mo ganetsa ba bo bamo tlhapatsa, Paulo a tlhotlhorela seaparo sa gagwe mogo bone a ba raya are, "A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona; ga kena molato. Go tswa gompieno ke tla ya ko Baditshabeng.'' 7 Jaanong atswa hoo aya ko ntlong yaga Thaethase Jusetose, monna yo obamelang Modimo. Ntlo ya gagwe ene e bapile le Senagoge. 8 Keresepase, moeteledipele wa Senagoge le botlhe ba ntlo ya gagwe bane ba dumela mo Moreneng. Bontsi jwa Bakorinta ba ba neng ba utlwa Paulo bane ba dumela mme ba kolobediwa. 9 Morena a raya Paulo bosigo ka ponatshegelo are, ''O seka wa boifa, mme bua o seka wa didimala. 10 Gonne kena le wena, mme ga gona ope o o ka lekang gogo utlwisa botlhoko, gonne kena le batho bale bantsi mo toropong e.'' 11 Paulo a nna koo ngwaga le sephatlo, a ruta lefoko la Modimo magareng ga bone. 12 Mme yare Galaleo a nna molaodi wa Achia, Bajuta ga mmogo ba tsogologela Paulo, bamo tlisa fa pele ga setilo sa tshekiso; 13 13 bare, ''Monna oo o dira gore batho ba obamele modimo ntswa go se kafa molaong.'' 14 Fa Paulo a tloga a bua, Galalio a raa Bajuta are, "lona Bajuta, fa nne ele ka kgang ya molato kana borukutlhi, nkabo go siame gore ke tsenelele. 15 Mme ka gore dipotso tse ke ka ga mafoko le maina le molao wa lona, e buweng kabo lona. Gake eletse go nna moatlhodi wa dikgang tse." 16 Galaleo aba dira gore ba tswe mo setileng sa bosekelo. 17 Mme botlhe ba tshwara Sosethese, molaodi wa Senagoge, ba mmetsa fa pele ga setilo sa bosekelo. Mme Galaleo a seka a kgathala kase ba se dirileng. 18 Paulo, a sena go nna koo malatsi ale mantsi, a tlogela bakaulengwe a tsamaya ka mokoro goya Seria ana le Poresila le Akwila. Pele ga a emelela fa seemelong sa mekoro, Sencherae, a ipeola tlhogo ka gore one a tsere sekano sa mo Nnasareta. 19 Fa ba tla mo Ephesase, Paulo a tlogela Poresila le Akwila teng, mme ene a tsena mo senagogeng a fana mabaka le Bajuta. 20 Fa ba kopa Paulo go nna lebakanyana, a gana. 21 Mme fa a ba tlogela, are, "Ketla boela gape kogo lona fa ele gorata ga Modimo." Jaanong a tswa ka mokoro mo Efesase. 22 Fa Paulo a goroga ko Kaesarea, a tsamaa aya go dumedisa kereke ya Jerusalema mme a tsamaa aya ko Antioke. 23 Fa a sena go tsaa nakonyana, Paulo a tsamaa a ralala kgaolo ya Galatea le Pirigia a kgothatsa barutwa botlhe. 24 Jaanong Mojuta mongwe a bitswa Apoloso, Moalekesanta ka tsalo, atla Efesase. O ne a abetswe puo e bile a itse dikwalo. 25 Apolose o ne a laetswe mo thutong ya Morena. A tiile mo moweng, one a bua abo a ruta ka boammaaruri dilo tsedi amanang le Jeso, mme one a itse fela kolobetso yaga Johane. 26 Apoloso a simolola go bua ka matlhagatlhaga mo di senagogeng. Yare Poresila le Akwila ba mo utlwa, ba mo dira tsala a bo ba mo tlhalosetsa tsela tsa Modimo ka boammaaruri. 27 E rile a eletsa go tlolela ko Akia, bakaulengwe ba mo kgothatsa ba kwalela barutwa ko Akia go mo amogela. Fa a goroga, a thusa thata ba ba neng ba dumela ka tshegofatso. 28 Apoloso o ne a palela Bajuta mo phatlalatseng ka maatla le kitso, a supa ka dikwalo gore Jeso ene ele Keresete.