1 Jaana e rile ba sena go ralala ditoropo tsa Amfipolisa le Apolonia, ba tla ko toropong ya Theselonika, ko go neng go na le sinagoge ya Bajuta. 2 Paulo, ka ana a tlwaetse, a ya ko go bone, a ganetsana le bone ka dikwalo malatsi a bo Sabata ale mararo. 3 O ne a phutholola dikwalo ebile a ba tlhalosetsa gore go ne go tshwanetse gore Keresete a bogisiwe le gore atsoge gape mo baswing. A re, "Jeso yo ke le mo bolelelang ke ene Keresete." 4 Bangwe ba Bajuta ba ne ba tlhaloganya mme ba ikopanya le Paulo le Silase, go akaretsa Bagerika ba ba rapelang, bontsi jwa bomme ba ba eteletseng pele le matshwititshwiti. 5 Mme Bajuta ba ba sa dumeleng, ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke lefufa, ba tsaya banna ba ba boikepo go tswa ko marekisetsong, ba kgobokanya batho, ba tlisa tlhakatlhakano mo toropong. Ba tlhasela ntlo ya ga Jasone, ba ne ba batla go ntshetsa Paulo le Silase ko bathong. 6 Mme e rile ba sa ba bone, ba gogela Jasone le bakaulengwe bangwe ko balaoding ba toropo, ba lela, "Banna ba ba tlisitseng mathata mo lefatsheng le bone ba tsile kwano. 7 Banna ba ba Jasone a ba amogetseng ba dira kgatlhanong le ditaolo tsa ga Kaisara; ba re go nale kgosi e nngwe ebong Jeso." 8 Fa batho le balaodi ba toropo ba utlwa dilo tse, ba ne ba tshwenyegile. 9 Morago ga go duedisa Jasone le ba bangwe, ba ba tlogela ba tsamaya. 10 Bosigo joo bakaulengwe ba romela Paulo le Silase ko Berea. Fa ba goroga koo, ba tsena mo sinagogeng ya Bajuta. 11 Jaanong batho ba ba ne ba eletsa go reetsa go nale ba ba ko Theselonika, ka ba amogetse lefoko ka tlhaloganyo yotlhe e e ipaakantseng, ba sekaseka dikwalo malatsi otlhe go bona gore a dilo tse di ntse jalo. 12 Ka jalo bontsi jwa bone ba dumela, le basadi ba ba tlotlegang ba Bagerika le banna ba ba le bantsi. 13 Mme fa Bajuta ba Theselonika ba utlwa gore Paulo le ene o bolela lefoko la Modimo ko Berea, ba ya teng ba tsisa tlhakatlhakano le letshogo mo bathong. 14 Ka bofefo bakaulengwe ba romela Paulo go ya ko lewatleng, mme Silase le Timotheo ba sala koo. 15 Bao ba neng ba tsamaisa Paulo ba mo isa ko toropong ya Athena. Jaaka ba tlogela Paulo koo, ba amogela ditaolo tsa gagwe gore Silase le Timotheo ba tle ka bofefo jo bo ka kgonegang. 16 Jaanong fa Paulo a ba emetse ko Athena, mowa wa gagwe o ne wa tenega fa a bona toropo e tletse medimo ya disetwa. 17 A buisana le Bajuta ba ba obamelang Modimo mo Sinagogeng le bao ba a neng a kopana le bone ko marekisetsong malatsi otlhe. 18 Mme gape matlhale a Baepikurea le Basetoika ba kopana le ene. Ba bangwe bare, "Ana mmalabadi yo o leka go reng?" Ba bangwe bare, "O lebega e le moreri wa medimo ya disetwa," ka gore o ne a rera ka Jeso le tsogo. 19 Ba tsaya Paulo ba mo isa ko go Areopago, bare, "A re ka itse thuto e ntsha e o neng o e bolelang? 20 Gonne o tsisa dilo tse re sa di itseng mo ditsebeng tsa rona. Jaanong re batla go itse gore dilo tse di raya eng." 21 (Jaanong Baathena botlhe le baeng ba ba nnang teng ba tsaya nako ba sa dire sepe mme e bile ba sa bue sepe kgotsa ba sa reetse sepe se se sesha.) 22 Jaana Paulo a ema fa gare ga Areopagose a re, "Lona batho ba Athena, ke bona gore le tletse ka tumedi mo tseleng tsotlhe. 23 Gonne e rile ke feta ke leba dilo tse le di obamelang, ke ne ka fitlhela aletara e na le mokwalo oo reng, "Go Modimo oo sa itseweng." Ka jalo se le se obamelang ka boikgatholoso, se ke a le se bolelela. 24 Modimo yo o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se mo go lone, ka gore ke Morena wa legodimo le lefatshe, ga a tshelele mo ditempeleng tse di agilweng ka diatla. 25 E bile ga a direlwe ka diatla tsa batho, jaaka o kare o tlhoka sengwe, ka gore ene a neelang batho botshelo le mowa le sengwe le sengwe. 26 Go tswa mo monneng a le mongwe a dira ditshaba tsotlhe tse di nnang mo godimo ga lefatshe, ka o tlhomamisitse dipaka tsa bone le melolwane e ba tshelelang mo go yone. 27 Jalo, ba tshwanetse go batla Modimo gongwe ba tla o fitlhelela a bo ba o bona, mme ka boammaruri ga a kgakala le ope wa rona. 28 Gonne mo go ene re a tshela, re a tsamaya e bile re batho, jaaka mongwe wa baboki ba lona a buile a re, 'Gonne le rona re bana ba o ne.' 29 Ke gone e re ka re le bana ba Modimo, ga re a tshwanela go akanya gore bomodimo bo tshwana le gouta, kgotsa silefera, kgotsa matlapa aa betlilweng ka botswerere le dikakanyo tsa motho. 30 Ke gone dinako tsa go tlhoka kitso Modimo o ne a di ikgatholosa, mme jaanong o laola batho botlhe gongwe le gongwe gore ba ikotlhae. 31 Se ke ka gore o tlhomile letsatsi le a tsileng go atlhola lefatshe mo tshiamong ka monna yo a mo tlhophileng. Modimo o rurifaleditse batho botlhe ka o mo tsositse mo baswing. 32 Jaanong fa batho ba Athena ba utlwa ka tsogo ya baswi, bangwe ba sotla Paulo; mme ba bangwe bare, "Re tla go reetsa gape ka kgang e." 33 Morago ga mo, Paulo a ba tlogela. 34 Mme batho bangwe ba ikopanya le ene ba dumela, go akaretsa Dionisio wa Moareopago, mosadi a bidiwa Damarise, la ba bangwe ba na le bone.