Kgaolo 16

1 Paulo le ene a tla ko Derebe le ko Lesitare; mme bonang, morutwana mongwe yo o bidiwang Timotheo a bo a le koo, morwa wa mosadi wa Mojuta yo o dumetseng; rraagwe e ne e le Mogerika. 2 O ne a buiwa bontle ke barwarraagwe ba ba neng ba le kwa Lisetara le Ikoniamo. 3 Paulo o ne a mmatla gore a tsamae le ene. Ka mabaka a Bajuta ba ba neng ba le mo dikgaolong tseo, a mo tsaya a mo rupisa ka gore botlhe ba ne ba itse gore rraagwe ke Mogerika. 4 Ya re ba le mo ditseleng tsa bone mo gare ga ditoropo, ba neela dikereke ditaelo gore ba di obamele, tse di kwadilweng ke baaposetolo le baeteledipele mo Jerusalema. 5 Jaanong dikereke tsa nonotshiwa mo tumelong tsa bo tsa gola ka dipalo letsatsi le letsatsi. 6 Paulo le bangwe ka ene ba ralala dikgaolo tsa Firigia le Galatia, ka ba ne ba iditswe ke Mowa o Boitshepo go rera mafoko mo mafelong a Asia. 7 Fa ba atumela Misia, ba leka go tsena mo Bithinia, mme Mowa wa ga Jeso wa ba kganela. 8 Jaanong fa ba feta ka Misia, ba tsena mo toropong ya Toroase. 9 Mo bosigong Paulo a bona ponatshegelo; Monna wa Masetonia o ne a eme foo, a mmitsa a re, ''Tlaya jaana mo Masetonia o tle go re thusa.'' 10 Morago ga Paulo a sena go bona ponatshegelo, ka bofefo ra phutha go ya ko Masetonia. Ra tsaya tshwetso ya gore Modimo o re biditse go ba rerela mafoko a molemo. 11 Ra tswa ka mokoro mo Teroase, ra tlhamalelela ka Samotherase, letsatsi le le latelang ra tla ko Neapolise. 12 Go tsweng foo ra ya ko Filipi, e e leng toropo ya Masedonia, toropo e e botlhokwa thata mo kgaolong le mo lefelong le le ipusang la Baroma, mme ra nna mo toropong e malatsi. 13 Ka letsatsi la Sabata ra tswela ko ntle ga kgoro e e fa nokeng, ko re neng re akanya gore gona le lefelo la thapelo. Ra nna fa fatshe ra bua le bomme ba ba neng ba ikgobokantse. 14 Mosadi mongwe yo o bidiwang Lidia, a tswa mo toropong ya Thiatira, morekise wa matsela a phepole, yo o obamelang Modimo a re reetsa. Morena a mmula pelo go reetsa dilo tse di neng di buiwa ke Paulo. 15 Fa a kolobediwa le ba ntlo ya gagwe, a re kopa, a re; ''Fa o atlhotse gore ke boikanyego mo Modimong, a re ye ko ntlong ya me le e go nna teng.'' Ra dumalana le ene. 16 Ga tla nako eo e re neng re ya ko lefelong la thapelo, kgarejwana nngwe e e nang le mowa wa boloi a re kgathantsha. A isetsa beng ba gagwe khumo e kgolo ka go bua boitseanape. 17 Mosadi yo a sala Paulo le rona morago a goa, a re, ''Banna ba ke batlhanka ba Modimo yo o ko godimo. Ba bua le lona mafoko poloko.'' 18 A dira se malatsi a le mantsi. Mme Paulo ka go tlatswa bogale ke ene,a retologa a raya mowa a re , '' Ke go laela ka leina la ga Jeso Keresete gore o tswe mo go ene.'' Wa tswa gone foo. 19 Fa beng ba gagwe ba lemoga gore tsholofelo ya kgolo ya bone e nyeletse, ba tshwara Paulo le Silase ba ba gogela ko marekisetsong fa pele ga baeteledipele. 20 Fa ba sena go ba tsisa fa pele ga baatlhodi, ba re, ''Banna ba ke Bajuta, ba tsisa mathata mo toropong ya rona. 21 Ba ruta dilo tse di seng ka fa molaong mo go rona go di amogela kgotsa go di lebelela re le Baroma. '' 22 Mme matshwititshwiti a tsogologela Paulo le Silase; Baatlhodi ba ba kgagolela diaparo,ba ntsha taolo ya gore ba betswe ka dithobane. 23 Fa ba sena go ba betsa mo go botlhoko, ba ba tseya mo kgologelong mme ba laela modisa kgolegelo go ba tlhokomela thata. 24 Morago ga go amogela taelo eo modisa kgolegelo a ba isa mo kgolegelong e e ko teng a ba funela maoto mo sesaneng. 25 Gare ga bosigo Paulo le Silase ba bo ba rapela ba opelela Modimo difela, mme magolegwa a mangwe a ne a ba reeditse. 26 Ka bonako ga nna le thoromo e kgolo ya lefatshe e e leng gore motheo wa kgolegelo o ne wa tshikinyega; ka bofefo mabati otlhe a bulwa le dikeetane tsa batho botlhe tsa funololwa. 27 Modisa magolegwa a tsoswa mo borokong a bo a bona mabati a butsweng a kgolegelo; Ka gore o ne a akanya fa magolegwa a tshabile,a somola tshaka ya gagwe,ya re a re wa ipolaya. 28 Paulo a goa ka lentswe le legolo, a re, ''O seka wa ikgobatsa ka gore rotlhe re fa.'' 29 Modisa magolegwa a re a dipone di tle a bo a itlhaganelela go tsena mo kgolegelong,a roroma ke letshogo,a wela fa fatshe fa pele ga ga Paulo le Silase, 30 a ba isa ko ntle a re, ''Borra, ke ka dira eng go bolokwa?'' 31 Ba re, ''Dumela mo go Morena Jeso, o tla bolokwa, wena le ba ntlo ya gago.'' 32 Ba mmolelela lefoko la Morena, le botlhe ba ba mo ntlong ya gagwe. 33 Ka sone sebaka seo modisa magolegwa a ba tsaya a ba tlhapisa dintho. Ka bofefo ene le bantlo ya gagwe ba kolobediwa. 34 A isa Paulo le Silas ko ntlong ya gagwe a bo a ba fa dijo. A itumela mo go golo le ba ntlo ya gagwe, ka gore botlhe ba dumetse mo Modimong. 35 Jaanong ya re go le motshegare, baatlhodi ba romela molaetsa ko badisa magolegweng ba re, ''Tlogela banna bao ba tsamae.'' 36 Modisa magolegwa a bega mafoko ko go Paulo, a re, ''Moatlhodi o nthomeletse molaetsa wa gore ke le tlogele le tsamae; Jaanong ka jalo tswaang le tsamae ka kagiso.'' 37 Mme Paulo a ba raya a re, ''Ba re biditse mo matlhong a setshaba, banna ba ba sa bonwang molato ba Baroma, e bile ba re latlhetse mo kgolegelong; A jaanong ba batla go re ntsha mo sephiring? Nnyaa; a batle ka bo bone ba tle go re ntsha.'' 38 Badisa magolegwa ba bega mafoko a ko baatlhoding; Baatlhodi ba ne ba tshoga fa ba utlwa gore Paulo le Silase e ne e le Baroma. 39 Baatlhodi ba tla kwa go bone ba ba kopa go tsamaya; Mme ya re fa ba ba ntshitse mo kgolegelong ba ba kopa gore ba tswe mo toropong. 40 Ka jalo Paulo le Silase ba tswa mo kgolegelong ba tla kwa ntlong ya ga Lidia, fa ba bona barwarraabo, ba ba kgothatsa ba bo ba tswa mo toropong.