1 Banna bangwe batswa mo Jutia ba ruta bakaulengwe, bare, "Ga o kake wa bolokwa, fa osa rupisiwa ka fa tsamaisong ya ga Moshe." 2 Morago ga puisanyo le kganetsanyo ya ga Paulo le Barenabase le bone, bakaulengwe ba tsaya tshwetso ya gore, Paulo, Barenabase, le bangwe ba bone baye kwa Jerusalema kwa ba aposetoloing le bagolwane ka kgang e. 3 Bone, ka bane ba rumilwe ke phuthego, ba feta ka Fenekia le Samaria go bolela ka phetogo ya baditshaba. Ba tlisa boitumelo jo bogolo mo bakaulengweng botlhe. 4 Fa ba goroga mo Jerusalema, ba amogelwa ke phuthego, ba aposetoloi le bagolwane, mme ba ba bolelela dilo tsotlhe tse Modimo o di ba diretseng. 5 Mme bangwe ba ba neng ba dumela, e le ba setlhopha sa Bafarasai, ba ema ka dinao bare, ''Go botlhokwa gore ba rupisiwe le go ba laola gore ba tshegetse molao waga Moshe." 6 Ka jalo ba aposetoloi le bagolwane batla ga mmogo go sekaseka kgang e. 7 Morago ga kganetsanyo e kgolo, Petere a ema ka dinao a ba raya are, "Bakaulengwe lo a itse gore mo nakonyaneng e e molemo e e fetileng, Modimo a tlisa boikgethelo mo go lona, gore ka molomo wame baditshaba ba utlwe mafoko a a molemo, mme ba dumele. 8 Modimo, yoo itseng pelo, a ba pakela, a ba abela Moya oo Boitshepo, hela jaaka a re diretse, 9 mme ga a dira pharologanyo epe magareng ga rona le bone, a dira dipelo tsa bone dintle ka tumelo. 10 Mme jaanong ke eng le leka Modimo, ka go baya joko mo melaleng ya barutwa, e rona lefa ele bo rraarona re sa kgonang go e sikara? 11 Mme re dumela gore re tlaa bolokwa ka tshegofatso ya Morena Jeso, fela jaaka bone." 12 12 Matshwititshwiti otlhe a didimala ba reeditse Barenabase le Paulo ba ba bolelela ka ditshupo le dikgakgamatso tse Modimo a di dirileng mo Baditshabeng ka bone. 13 Fa ba sena go emisa go bua, Jakobe a bua, are, "Bakaulengwe, ntheetsang. 14 Simone o re boleletse kafa Modimo o tlhomogetseng Baditshaba pelo ka teng go itseela mo go bone batho ba leina la gagwe. 15 Mafoko a baporofeta a dumalana le se, jaaka go kwadilwe, 16 ´Morago ga dilo tse ke tlaatla gape, mme ke tlaa aga gape ntlo ya ga Tafite, e e oleng; ke tlaa baakanya kebo ke buseletsa matlotla a yone gape, 17 gore masalela a batho atle a batle Morena, le Baditshaba botlhe ba ba bidiwang ka leina lame.´ 18 Se ke se Morena o se buang, yo o dirileng dilo tse di saleng di itsege gotswa bogologolong. 19 Mme jaanong, ka fa ke bonang ka teng, ga re a tshwanela go kgoreletsa Baditshaba ba ba boelang mo Modimong; 20 mme re ba kwalele gore ba kgaogane le bosula botlhe ba kobamelo ya medimo ya disetwa, le mo boleong jwa tlhakanelo dikobo, le mo go se se kgamilweng, le mo mading . 21 Gotswa bogologolong mo toropong nngwe le nngwe go ntse gona le batho ba ba rerang le go bala Moshe mo matlung a thuto le ka Sabata mongwe le mongwe. 22 Ga lebega go le molemo mo ba aposetoloing le bagolwane, le phuthego yotlhe, go tlhopha Jutase yoo bidiwang Baresabase, le Silase, ba e neng e le baeteledipele ba phuthego, go ba romela kwa Antioka le Paulo le Barenabase. 23 Ba kwala se: "Ba aposetoloi, bagolwane le bakaulengwe, le bakaulengwe ba Baditshaba mo Antioke, Siria le Kelekia, re a le dumedisa. 24 Re utlwile ka banna bangwe ba ba duleng mo go rona, re sa ba neela taolo epe, ba lo tshwentse ka dithuto dingwe tse di tshwentseng mewa ya lona. 25 Mme jaanong ra bona gole molemo mo go rona go dumalana go tlhopha banna mo go rona go ba romela koo go lona le baratwa ba rona Barenabase le Paulo, 26 batho ba ba beileng matshelo a bone mo diphatseng ka leina la Morena Jeso Keresete. 27 Jalo re rometse Paulo le Silase, ba le bone ba tlaa le bolelelang dilo tse di tshwanang. 28 Ka gobo go lebega go le molemo mo Moweng o o Boitshepo le mo go rona, gore re seka ra le rwesa morwalo ope o o bokete fa ese dilo tse di botlhokwa tse; 29 gore le kgaogane le dilo tsotlhe tse di neetsweng mo badimong, madi, le mo go tse di kgamilweng, le mo boleong jwa tlhakanelo dikobo. Fa o ikgaoganya le dilo tse tsotlhe o tlaa siamelwa. Salang sentle." 30 Mme bone, e rile ba setse ba letlelelwa go tsamaya, ba tsena mo Antioka; yare ba sena go phutha matshwititshwiti ga mmogo, ba gorosa mokwalo. 31 Fa ba sena go o bala, ba itumelela kgothatso. 32 Jutase le Silase, ka e le baporofeta, ba kgothatsa bakaulengwe ka mafoko a mantsi le go ba thatafatsa. 33 Fa ba sena go fetsa lobakanyana gone, ba gololwa ka kagiso gotswa mo bakaulengweng go boela kwa go ba ba ba rumileng. 34 35 Mme Paulo le Barenabase ba nna mo Antioka le ba bangwe ba bantsi , ba ruta le go rera lefoko la Morena teng. 36 Morago ga malatsinyana Paulo a raya Barenabase a re, "A re boele morago re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng lefoko la Morena mo go yone, re tlhole bakaulengwe gore ba tsoga jang. 37 Barenabase a batla gore ba tsamae le Johane yo o neng a bidiwa Mareko. 38 Mme Paulo a bona gose molemo go tsaya Mareko, yo o neng a kgaogana le bone kwa Pampilia a seka a tswelela le bone mo loetong lwa tiro. 39 Mme ga tsoga kgang e e botlhoko ya go tlhoka go dumalana mo gare ga bone, e e neng ya ba kgaoganya, ka jalo Barenabase a tsaya Mareko ba tsamaya ka mokoro go ya Kipero. 40 Mme Paulo a tlhopha Silase mme a tswa, a sena go neelwa mo tshegofatsong ya Morena ke bakaulengwe. 41 A tswa a ralala Siria le Kilikia, a nonotsha diphuthego.