1 E rile re sena go tlodisiwa ka pabalelo, ra itsesiwa fa setlhakatlhake se bidiwa Maleta. 2 Batho ba teng ba ne ba re tshwara ka botho jo bo siameng, ba ne ba re gotsetsa molelo ba re amogela fela rotlhe, ka ntlha ya dipula tse di neng di na kgapetsa kgapetsa le serame. 3 Mme e rile fa Paulo a sena go kgobokanya ngata ya dikgong a di tsenya mo molelong, noga ya tswa mo molelong ya itshopelela mo letsogong la gawe. 4 Fa batho ba bona noga mo letsogong la gagwe, ba raana ba re,'' Monna yo e le ruri ke mmolai yo o falotseng mo lewatleng, mme tshiamo ga e letle gore a tshele.'' 5 O ne a tlhotlhorela noga mo molelong mme a seka a gobala. 6 Ba ne ba solofetse gore ba tla a mmona a fufula kana a wela fa fatshe a swa. Morago ga sebakanyana ba mo lebeletse, ga bo go sena sepe se se seng mo mannong, ba fetola megopolo ba re ke modimo. 7 Mo lefelong le le bapileng le gone foo ga bo gole masimo a mookamedi wa setlhakatlhake o a bidiwang Pubilio. O ne a re amogela, a re tshwara sentle malatsi a mararo. 8 Ga diragala gore rragwe Pubilio a bo a lwala letshoroma le go tshologa madi. Paulo a ya ko go ene, a rapelela, a mmaya diatla, a mo fodisa. 9 Morago ga se, batho botlhe mo setlhakatlhakeng ba ba neng ba lwala ba tla mme ba fodisiwa. 10 Batho ba re leboga ka dimpho, ya re fa re setse re tsamaya, ba re neela tsotlhe tse re neng re ditlhoka. 11 Morago ga kgwedi tse tharo, ra tsena mo sekepeng sa Alekesanteria se se neng se nnetse mariga ko setlhakatlhakeng, letshwao la sone e ne ele la mawelana. 12 Fa re sena go goroga ko toropong ya Sirakuse, ra nna malatsi a mararo. 13 Go tsweng foo ra tsamaya mme ra goroga ko toropong ya Regio. Morago ga letsatsi ga tsubutla phefo e e neng e tswa borwa, mme morago ga malatsi a mabedi ra goroga ko toropong ya Puteoli. 14 Teng ra kopana le bakaulengwe ra lalediwa go nna malatsi a le supa. Ka tsela ena ra goroga ko Roma. 15 Go tsweng foo bakaulengwe, ba sena go utlwa ka rona,ba tswa kgakala go tswa ko mmarakeng wa Apiose le ko mantlong a mararo a baeti. Fa Paulo a bona bakaulengwe a leboga modimo mme a kgothala. 16 Fa re tsena ko Roma, Paulo a letlelelwa go nna a le nosi le motlhabani yo o neng a modisitse. 17 ga diragala gore morago ga malatsi a le mararo Paulo a bitse banna botlhe ba e leng e baeteledi pele mo morafeng wa Bajuta. Fa ba sena go phutlhagana a ba raya a re, ''Bakaulengwe, mme le fa ke sa dira phoso epe magareng ga batho le molao wa bo rraetsho-mogolo, ke golotswe ke le legolegwa go tswa Jerusalema ka tsenngwa mo diatleng tsa Baroma. 18 Fa ba sena go mpotsolosa, ba ne ba eletsa go nkgolola, ka gore go ne go sena lebaka mo go nna la katlholelo leso. 19 Mme e rile fa Bajuta ba bua kgatlhanong le dikeletso tsa bone , ke ne ka patelesega go ikuela ko go kaisara, mme e ne ese gore ke tlisa molato kgatlhanong le chaba yame. 20 Ka boikuelo jwa me, ka jalo, ke kopile go go bona le go buisana le wena. ke katsholofelo ya Baiseraele ya gore ke bo ke golegilwe ka keetane. 21 Ba mo raya ba re, ''Ga re ise re amogele dikwalo go tswa Jutea ka ga wena, kgotsa ope wa bakaulengwe go bua sepe se se sa siamang ka wena. 22 Mme re batla go utlwa mo go wena gore o akanya eng ka lekoko le, ka gore go itsewe ke rona gore e buiwa kgatlhanong gongwe le gongwe. 23 Mme e rile ba sena go mmeela letsatsi, batho ka bontsi ba tla ko go ene mo boagong jwa gagwe, a ba rolela kgang, a ba pakela ka bogosi jwa modimo. A leka go ba sala morago ka Jeso, go tsweng mo molaong wa ga Moshe le baporofita, go tswa mo mosong le mo maitseboeng. 24 Bangwe ba ne ba dumela mo go tse di buiwang, mme ba bangwe ba ne ba sa dumele. 25 Ya re ba sa dumalane, ba tsamaya fa Paulo a sena go bua lefoko le le lengwe a re, ''Moya o boitshepo o buile sentle go tsweng mo go moporofite Esaiya ko go bo rraetshomogolo. 26 A re, 'Ya ko bathong ba, o ba ree o re, '' go utlwa le tla utlwa, mme le tla seke la tlhaloganye; Go leba le tla leba mme la seka la bona. 27 Gonne dipelo tsa batho ba di thatafetse, ditsebe tsa bone di utlwela thateng, ba tswetse matlho a bone; gore ba seka bona ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka dipelo, ba tla a sokologa, mme ke tla ba fodisa. 28 29 Jalo he, le tla a itse gore poloko e ya modimo e rometswe ko baditshabeng, mme ba tla e reetsa. 30 Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi tse di tletseng mo ntlong ya gagwe e a e adimilweng, a amogela botlhe ba ba tlang ko go ene. 31 O ne a rera bogosi jwa modimo le go ruta ka tsa ga keresete Jeso ka bopelokgale. Go sena ope yo o mo emisitseng.