Kgaolo 2

1 Yo o tla go thubaganyang go nna ditoki o tla kgatlhanong le wena. Bayang batho mo maboteng a toropokgolo, disang ditsela, ithatafatseng, phuthang mephato ya lona ya ntwa. 2 Modimo Yahweh o buseletsa borena jwa ga Jakobe, jaaka borena jwa ga Iseraele, le fa dirukutlhi di ba kgautlhantse tsa bo tsa senya dikala tsa mofine wa bone. 3 Dithebe tsa banna ba gagwe ba ba maatla di di khibidu, banna ba ba pelokgale ba apere bohibidu; dikolotsana tsa tlhabano di phatsima ka tshipi ka letsatsi leo di emeng sentle, le ditlhabani tse di dirilweng ka mosipera di tshikhinngwa mo phefong. 4 Dikolotsana tsa tlhabano di siana ka lebelo mo mekgwatheng; di sianela kwa pele di bo di boela morago mo mekgatheng e e atlhameng. Di tshwana le mabone ka lesedi, mme di siana jaaka legadima. 5 Yo oneng a tla go go kgaoganya o ne a bitsa ba ntlo ya gagwe, ka ba ne ba leofile, ba itlhaganela go ya go tlhabana mo motseng. Thebe e kgolo yabo e baakantswe go sireletsa batlhasedi. 6 Dikgoro tsa dinoka tsa patelesega go bulega, mme felong foo ga senyega. 7 Hassaba a apolwa diaparo tsa gagwe mme ba di tsaya; bo mme ba batlhanka ba gagwe ba lela jaaka maphoi,ba lela ikitaya mabele. 8 Ninive one a tshwana jaaka letangwana le le phunyegileng, jaaka batho ba one ba sia jaaka metsi a a elelang ka lebelo. Bangwe ba goela godimo bare, ''ema, ema'', mme go se ope yo o lebang kwa morago. 9 Tsayang selefera eo e e gapilweng, tsayang gauta eo e e gapilweng, ka go sena phelelo ya teng, go sena tse dintle kwa Ninive. 10 Ninive ga ana sepe ebile o sentswe. Pelo tsa botlhe tsa nyeroga, magwejana abone a thulana, mme matshwenego a nna mo go botlhe; fatlhego tsa bone tsa tlala ka kutlo botlhoko. 11 Bo kae jaanong bonno jwa ditau', felong fa ditawana di jang teng, lefelo la fa tau le taugadi di neng di tsamaya teng, le ditawana, fa dineng di sa boife teng? 12 Tau e ne e kgagola tse e ditshwereng di toki go neela ditawana; e kgama tse e di tshwereng go neela ditaugadi, ya tlatsa legaga ka tse e di tshwereng, le ditopo tse di kgagotsweng. 13 ''Bona, ke kgatlhanong le wena- se se bolelwa ke Modimo Yahawe wa masomosomo. Ke tla fisa dikolotsana tsa tlhabano mo mosing, le tshaka e tla kometsa ditau tse di nnye tsa lona. Ke tla nyeletsa tse o di gapileng mo lefatsheng, le mantswe a barongwa ba gago ga a kitla a utlwala gape.''