1 Polelo ka ga Nenife.Buka ka ponatshegelo ya ga Nahume, wa Elekosite. 2 Modimo Yawe yo o lefufa yo o bosulosang; Modimo o ya bosulosa ebile o tletse bogale; Modimo o bosulosa mo baganetsing ba gagwe,a tsweledise bogale mo babeng ba gagwe. 3 Modimo o bonya go galefa gape o maatla magolo; ga a kitla a bua tshiamo ka gope mo babeng ba gagwe.Modimo o dira tsela mo diphefong le setsuatsueng ,mme maru ke lerole la dinao tsa gagwe. 4 O kgalemela lewatle le kgale;a kgadise dinoka tsotlhe.Bashane o bokoa, le Karamele; dithunya tsa ga Lebanone di bokoa. 5 Dithaba di a tshikinyega mo boleng teng jwa gagwe, dithabana di nyerologe; lefatshe le gosomane mo bolengteng jwa gagwe, ka boammaaruri, le lefatshe le batho botlhe baba mo go lone. 6 Ke mang yo o ka emang fa pele ga bogale ba gagwe? ke mang yo o ka ganetsanang go tuka ga bogale ba gagwe? bogale ba gagwe bo tshologa jaaka molelo, o phatloganya matlapa ka bogare. 7 Modimo Yawe o siame, ke botshabelo mo letsatsing la mathata; ene o boikanyego mo go ba ba tshabelang mo go ene. 8 Mme tla fedisetsa ruri baba ba gagwe ka morwalela o penologang; o tla ba latlhela mo lefifing. 9 Batho ke lona le akanya eng kgatlhanong le Modimo Yawe? O tla emisa seo; mathata ga a kitla a tsoga lekgetho la bobedi. 10 Ba tla nna jaaka mitlwa e bofagantsweng; batla tla tlhapelwa ke dino tsa bone; ba tla nyelediwa mo go feletseng ke molelo jaaka lotlhaka le le omeletseng. 11 Ga tsoga mongwe mo go wena, Nenife, yo o akantseng bosula kgatlhanong le Modimo,yo o tsholeditseng boikepo. 12 Se ke se Modimo Yawe o se buang, ''Le fa ba tletse ka maatla ba le bontsi ka dipalo, le fa go ntse jalo ba tlaa kgaolwa; batho ba bone ba tla nyelediwa. Mme wena Juta; le fa ke go patikile, ga nkitla ke go patika gape. 13 Ke tla roba joko tsa batho go tswa mo go wena; ke tla roba diketane tsa gago.'' 14 Modimo o ntshitse taolo ka ga wena, Nenife; ''Ga go kitla go nna dikokomana tse di tla tsholang leina la gago. Ke tla kgaola ditshwantsho tse di betlilweng le ditshwantsho tsa tshipi mo matlung a medimo ya lona. Ke tla epa mabitla a lona, ka gore o bosula thata.'' 15 Bona, mo dithabeng go nale maoto a mongwe yo tlisang dikgang tse di molemo, yo o buang kagiso! Ipelele mediro, Juta, o tshegetse maikano a gago, ka gore moikepi ga a kitla ago tshwenya gape; o kgaoletswe ruri.