1 Go hutsegile jang toropo e tletseng ka madi! Go tletse ka baaki le dithoto tsa bogodu; Ba ba amegileng ba nna fela bale mo go ene. 2 Janong gona le modumo wa dikiteo le modumo wa maotwana a kgwetlhang le go tlolaka ga dipitse le dikara tse di golaganeng. 3 Gona le batlhabani ba bapagami ba dipitsi , dichaka tse di phatsimang ,digai tse di tsabakelang, mokowa wa ditopo , dingata tsa mebele. Ga gona phelelo ya mebele; batlhabani ba bone ba ba gataka fa godimo. 4 Se se diragala ka ntata ya mowa o bokete wa go eletsa go tlhakanelo dikobo e bakwang ke mogwebi ka mmele yo montle, moloi yo mogolo, yo o rekisang dichaba ka go gweba ka mmele le batho ka ditiro tsa gagwe tsa boloi. 5 Bona, ke kgatlhonong le wena-se ke maikano a ga Yawee Modimo wa masomosomo-ke tsile go tsholetsa ditswalo tsa gago go di isa ko sefatlhegong sa gago abo ke bontsha dichaba masaikategang a gago, tlhong ya gago go mebuso. 6 Ke tsile go tika leswe le le ferosang sebete mo go lona ebe ke le leswefatsa; ke tsile go go dira gore mongwe le mongwe a go lebe. 7 Go tlatla gore mongwe le mongwe yo tla go lebang a go tshabe mme are, 'Ninife o senyakilwe; ke mang yo tla mo lelelang? Ke ka bona kae mongwe yo tlaa mo gomotsang?'' 8 Ninife, a o botoka gona le Thebese, yo a neng a agilwe mo nokeng ya Nale, yo a neng a dikologilwe ke metsi, yo aneng a sireleditswe ke lewatle, yo lebota la gagwe e leng lewatle ka boene? 9 Etopia le Egepetwa ene e le nonofo ya gagwe, ebile gone go sena phelelo mo go seo; Pute le Libiya dine di dirisanya le ene. 10 Lefa Thebese o ne a tsewa; o ne a ya mo botshwarong; bana ba gagwe ba bannye ba ne ba kgaoganngwa ditokitoki ko boeteledi pele jwa seterata sengwe le sengwe; baba ba gagwe ba dira khupelekhupele mo banneng ba gagwe, mme banna ba gagwe botlhe ba bofiwa ka diketane. 11 Ebile o tla tagiwa; o tla leka go iphitlha, mme o tla leka go falola baba ba gago. 12 Dikago tsa gago tsotlhe di tla tshwana le ditlhare tsa mofere tse dinang le maungo a ntlha: fa di tshikinngwa di wela mo leganong la moji. 13 Bona, batho ba ba nang le lona ke basadi; dikgoro tsa lefatshe la gago di atlhamololetswe baba ba gago; molelo o fisitse dipati tsa bone. 14 Tsamaya oye go gela metsi o ipakanyetse tlhaselo; nonotshang dikago tsa lona; tsamayang le e go epa mmopa le o tlhofofatse go jesetsa; le tseye diforome go bopa ditena. 15 Molelo o tsile go le nyeletsa gone foo, le chaka e tsile go le senyaka. O tsile go le nyeletsa jaaka ditsie tse dinyennyane di nyeletsa sengwe le sengwe. Ikoketseng jaaka ditsie tse dinyenyane, abo le ikoketse jaaka ditsie tse ditona. 16 O ntsifaditse bagwebi ba gago gofeta le dinaledi tsa magodimo; mme ba tshwana le ditsie tse dinyenyane: di fetsa dijo mo lefelong mme di fofe. 17 Bana ba gago ba basimane ba bantsi jaaka ditsie tse ditona, le baeteledi pele bagago ba tshwana le kgogodi ya tsie e mamereng mo leboteng ka letsatsi le le tsididi. Mme fa letsatsi letswa ea fofa mme go se ope yo itseng ko e ileng teng. 18 Kgosi ya Aseria, letsomane la gago le robetse; babusi ba gago ba rapame fa fatshe ba iketlile. Batho ba gago ba phatlaletse mo dithabeng, mme ga gona ope yo ka ba phuthang. 19 Ga gona pholo epe e e ka kgonega ka dintho tsa gago. Dintho tsa gago di masisi. Bangwe le bangwe ba ba tla utlwang dikgang ka ga wena ba tla opa diatla tsa bone ka boitumelo mo go wena. Ke mang yo falotseng bokepo jwa gagwe jo bo neng bo sa fetoge?