1 Jaanonong reetsa se Modimo Yawe a se buang, ''Nanoga mme o tise kgetsi ya gago fa pele ga di dithaba; a dithabana di utlwe lentswe la gago. 2 Reetsa kgetsi ya tshekiso ya ga Modimo Yawe, lona dithaba, le lona metheo e e itshokileng ya lefatshe. Ka gore Modimo Yawe ona le kgetsi ya tshekiso le batho ba gagwe, mme o tlaa lwana le Baiseraele mo ntlong ya tshekiso.'' 3 ''Batho bame, ke lo diriele eng?'' Ke lo tshwentse jang? I pueleleng kgatlhanong le nna! 4 Ka gore ke lo ntshitse mo lefatsheng la Baegepetwa ka bo ka le golola mo ntlong ya botshwaro. Ke romile Moshe, Arone le Meriamo ko go lona. 5 Batho bame, gakologelwang se Balake kgosi ya Moabe a neng a se logile, le kafa Balaame morwa Boere a mo arabileng ka teng fa a tswa Shitimi a ya Giligete, jaanong le ka tswa le itse ka ditiro tsa Modimo Yawe tsa tshiamo.'' 6 Ke ka tisetsa Modimo Yawe eng, jaaka ke obama fa pele ga Modimo yo o kwa godimo. A ke ketle ka ditshupetso tse di fesitsweng, kana ka namanenyane e e nang le ngwaga? 7 A Modimo Yawe o ka kgatlhiwa ke dikonyana tse di 1000, kana ke melapo ya mafura ele 10 000? A ke ntshe motsalwapele wame boemong jwa tsuololo yame, le leungo la mmele wame boemong jwa boleo jwame? 8 O le boleletse, se se siameng le se Modmo Yawe a se batlang mo go lona. Dirang ka tshiamo, ratang bopelontle, lo sepele ka boikokobetso le Modimo. 9 Lentswe la Modimo Yawe le dira polelo mo toropong- le ka botlhale o lemoga leina la gago: ''Tsepama ka tlhwaafalo mo loreng, le ene yoo o le beileng felong. 10 Go na le khumo mo ntlong ya baekepi ba ba senang boammaruri, le bolekenyetso bo bo seng boammaruri bo bo sa amogeselegeng. 11 A nka tsaya mongwe go tlhoka molato fa a dirisa ditekanyetso tsa tsietso, ka kgetsi ya bokete jwa tsietso? 12 Banna ba humileng ba tletse ka kgokgontsho, banni ba buile maaka, le lolemo la bone mo maganong a bone le tletse tsietso. 13 Ka jalo ke lo iteile ka ntho e e botlhoko thata, ke lo dirile tshenyego ka ntlha ya lobaka la maleo a lona. 14 Lo tlaa ja mme lo sa kgore, lo tlaa sala lo ntse lo sena sepe mo go lona. Lo tlaa beela dithoto kgakala mme lo sa di boloke, mme se lo tlaa sebolokang ke tlaa se neela mo tshakeng. 15 Lo tlaa jala mme lo sa robe sepe; lo tlaa potha diolefa mme ga lo kitla lo itshasa leokwane; lo tlaa dira matute a moretlwa mme ga lo kitla lo nwa. 16 Ditshetlana tse di dirilweng ke Omori di ntse di tshegeditswe, le ditiro tsotlhe tsa ntlo ya ga Ahabe. O tsamaya go yeng ka kgakololo ya bone. Jaanong ke tlaa go dira, wena toropo, go nna matlotla, le lona banni go nna di dirisiwa tse di ntshang modumo o o sumang fela, mme lo tlaa nna le go sotlhwa jaaka batho bame.''