Kgaolo 5

1 Jaanong tlayang ga mmogo mo diagelong tsa tlhabano, barwadia masole; masole ba tlhomile selaga go dikologa toropo. Ka lore ba tlaa itaya moatlhodi wa Iseraele mo lerameng. 2 Mme wena, Bethelehema Eforatha, le ntswa o le bobotlana gareng ga morafe wa Juta, go tsweng mo go lona mongwe o tlaa tla ko go nna go busa Iseraele, o tshimologo ya gagwe eleng ya bogologolo jwa metlha, go tswa bosakutleng. 3 Ka jalo Modimo o tlaa ba latlha, go fitlhela yo o itsholofetseng a belega ngwana, le bo morwa rraagwe ba boela ko bathong ba Iseraele. 4 O tlaa ema a bo a disa letsomane la gagwe ka nonofo ya ga Modimo Yawe, mo bogolong jwa leina la Modimo Yawe Modimo wa gagwe. Ba tlaa sala, ka jalo o tlaa nna mogolo ga go fitlha bokutlong jwa lefatshe. 5 O tlaa nna kagiso ya rona. Fa Baaseria batla mo lefatsheng la rona, fa ba gata kgatlhanong le lefelo la rona la tshireletsego, ka jalo re tlaa tsosa kgatlhanong le bone badisa ba le supa le baeteledipele ba le boroba bobedi godimo ga banna. 6 Ba tlaa disa lefatshe la Aseria ka tshaka le lefatshe la Nimerote mo dikgorong tsa lone. O tlaa re golola mo Baaserieng, fa batla mo lefatsheng la rona, fa ba gata mo teng ga melelwane ya rona. 7 Masalela a ga Jakobe ba sala fa gare ga batho ba bantsi, jaaka mmuwane o o tswang ko go Modimo Yawe, jaaka pula mo tlhageng, tse di sa emeleng motho, le tse di sa emeleng bana ba batho. 8 Masalela a ga Jakobe a tlaa nna gareng ga ditshaba, gareng ga batho ba ba ntsi, jaaka tau fa gare ga diphologolo tsa naga, jaaka tawana fa gare ga letsomane la dinku. Fa a tsamaya fa gare ga bone, o tlaa ba gataka a bo a ba gagolaka, mme go tlaa bo go sena ope yoo ka ba bolokang. 9 Letsogo la gago le tlaa tsholediwa kgatlhanong le baba ba gago, mme le tlaa ba senya. 10 ''Go tlaa dirafala mo letsatsing leo,'' go bua Modimo Yawe, ''gore ke senye dipitse tsa lona go tswa ma gareng ga lona ka bo ke nyeletsa dikara tsa lona. 11 Ke tlaa senya ditoropo mo lefatsheng la lona ke bo ke latlhela tlase dinonofo tsa lona. 12 Ke tlaa senya boloi mo letsogong la lona, mme ga lo kitla le nna le ba ba bonang diponatshego. 13 Ke tlaa senya ditshwantsho tsa lona tse gabilweng le dipilara tsa lona tsa mantswe magareng ga lona. Ga lo kitla lo obamela tiro ya diatla tsa lona. 14 Ke tlaa kumola dipale tsa lona tsa Ashera magareng ga lona, mme ke tlaa senya ditoropo tsa lona. 15 Ke tlaa dirafatsa iposolosetso mo bogaleng le tshakgalo mo ditshabeng tse di sa reetsang.''