kgaolo 4

1 Mme mo malatsi a bofelo go tla tla gore ntlo ya thaba ya Modimo Yawe e tla tlhomiwa godimo ga dithaba tse dingwe. E tla tsholediwa kwa godimo ga dithabana, le batho ba tla elela ko go yone. 2 Dichaba tse dintsi di tla tsamaya di re, '' Tlayang re yeng kwa godimo ga thaba ya Modimo Yawe, ko ntlong ya Modimo wa ga Jakobe. O tla re ruta ditsela tsa gagwe, mme re tlaa tsamaya mo dikgatong tsa gagwe.'' Go tswa mo sione molao o tlaa tswela kwa ntle, le lefoko la Modimo Yawe go tswa Jerusalema. 3 O tla atlhola mo gare ga bontsi jwa batho le goya ka letshonyego la ditshaba tse di mmalwa tse di kgakala naye. Batla fetolela ditshaka mo megomeng le digai tsa bone mo megomeng e e tlhagolang. Tshaba etla seke e tsholetse tshaka kgatlhanong tshaba engwe, go tla seke go nne bape ba ba tla itlhokoletsang ntwa ka gope. 4 Mo boemong, ba tla baya motho ka fa tlase ga setlhare sa mofene wa gagwe le ka fa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeiye. Ga gona ope o ka ba tshosang, go nne go buile molomo wa ga Modimo Yawe wa masomosomo. 5 Moo batho botlhe ba a tsamaya, ka bongwe, mo leineng la modimo wa bone. Mme re tla tsamaya mo leineng la ga Yawe Modimo wa rona go ya bosakhutlheng. 6 '' Ka letsatsi leo,'' go bua Modimo Yawe, ''ke tla phutha ba ba bokowa le go kgobokanya ba ba latlhilweng, botlhe ba ke ba utlwusitseng botlhoko. 7 Ke tla ba fetolela ba ba bokowa go nna masalela, le ba ba kobetseng ko tshabeng e thata, ke le Modimo Yawe, ke tla busa kwa godimo ga bone mo thabeng ya Sione, jaanong le goya bo sakhutlheng. 8 Le wena, motlhokomedi wa letsomane, thaba ya morwadiee Sione, go wena go tla tla- puso ya pele, bogosi jwa morwadie Jerusalema. 9 Jaanong, ke eng le goelela kwa godimo? aa ga gona kgosi mo go lona? aa mogakolodi wa lona a o sule? A ke gone moo setlhabi se le tshwereng se se tshwanang le sa mosadi a le mo ditlhabing tsa pelegi? 10 Nna mo ditlhabing o bo o tsene mo peleging, morwadie Sione, jaaka mosadi a le mo ditlhabing tsa pelegi. Jaanong o tla tsamaya otswa mo motse mogolo, o ye go nna ko masimo, o tsamaele ko Babilona. Teng o tla falodiwa. Teng Modimo Yawe o tla go gofolola go tswa mo seatleng sa baba ba gago. 11 Jaanong ditshaba tse dintsi di phuthigile kgatlhanong le wena; ba re, 'a loswafadiwe; a matlho a rona a ipelele Sione.'' 12 Moporofita a re, '' ga baitse dikakanyo tsa Modimo Yawe, le fa e le go tlhaloganya mananeo a gagwe, gonne o ba kgobokantse jaaka diako tse di phothiwang fa fatshe.'' 13 Modimo Yawe a re, '' tsoga o phothe, morwadie Sione, ka gore ke tla dira dinaka tsa lona go nna tshipi, le go dira dinao tsa lona go nna boronse. O tla thubaganya bontsi jwa batho. Ke tla gapa lehumo la tsietso ya bone go tla go nna lame, Modimo Yawe, go tsaya letlotlo la bone go tla ko go nna, Morena wa lefatshe lotlhe.''