1 Ke rile, ''Jaanong reetsang, lona baeteledipele ba ga Jakoba le babusi ba ntlo ya Iseraele: A ga go a siama mo go lona go tlhaloganya katlholo? 2 Lona ba lo ilang molemo le rata bosula, lona ba lo kgagotseng matlalo a bone, nama ya bone go tswa mo marapong a bone¬ 3 lona ba lo jang nama ya batho bame, le kgagola matlalo a bone, le roba marapo a bone le ba segelela ditoki fela jaaka nama ya pitsa, fela jaaka nama mo pitseng e tona. 4 Jalo lona babusi le tla lelela kwa go Modimo Yahweh, mme ga a ka ke a lo araba. O tla le fitlhela sefatlhego sa gagwe ka nako eo, ka gore lo dirile ditiro tse di bosula.'' 5 Modimo Yahweh o bua se ka baporofiti ba ba timetsang batho bame, ''Gonne ba ba ba fang dijo ba buile gore, 'Go tla nna le katlego.' Mme ba ba sa bayang sepe mo melomong ya bone, ba simolola ntwa kgatlhanong le ene. 6 Ka jalo, go tla nna bosigo mo go wena jo bo senang ponatshegelo; go tla nna lefifi gore o seka wa dira bolotsana jwa go bona ka mewa e e bosula. Letsatsi le tla phirimelela baporofiti, le motshegare o tla nna lefifi mo go bone. 7 Ba ba bonang ka sedimo ba tla a tlhabisiwa ditlhong le ba ba bonang ka mewa e e bosula ba tla tsietsega. Botlhe ba tla ithiba melomo, gonne ga go na karabo epe go tswa mo go nna.'' 8 Mme fa e le nna, ke tletse ka maatla a Mowa wa Modimo Yahweh, ke tletse ka katlholo le thata, go bolelela Jakoba ditlolo tsa gagwe le Iseraele maleo a gagwe. 9 Jaanong reetsang se, lona baeteledipele ba ntlo ya ga Jakoba, le babusi ba ntlo ya Iseraele, lona ba lo sa rateng katlholo le sokamisa sengwe le sengwe se se siameng. 10 Lo aga Sione ka madi le Jesusalema ka ditlolo. 11 Baeteledipele ba lona ba atlholela go fiwa pipa molomo, baperesiti ba lona ba rutela tuelo, baporofiti ba lona ba bona ka mewa e e maswe gore ba bone madi. Mme lo ikaegle ka Modimo Yahweh la re, '' A Modimo Yahweh ga a na le rona? Ga go na bosula bope jo bo tla a tlang mo go rona.'' 12 Ka jalo, ka ntlha ya lona, Sione o tla lemiwa jaaka tshimo, Jerusalema o tla nna thotobolo, le thaba ya tempele e tla nna jaaka thaba e e sekgwa.