Kgaolo 2

1 Le hutsegile jang lone lona ba le loga maano a boleo, ba le logang maano mo malaong a lona go dira bosula. Fa go nna phakela ba o diragatsa ka gore ba a bo ba na le maatla. 2 Ba eletsa masimo, ba a gape; ba eletsa matlo, ba a tsee. Ba gatelela motho le ba ntlo a bone, motho le boswa jwa gagwe. 3 Jaanong Modimo Yawe are, "Bonang, ke gaufi le go tlisa petso kgatlhanong le morafe o, morago ga yone ga le kitla le nna le boikgantsho. Ga le na go tsamaya ka boikgogomoso, ka gore e tlaabo e le nako ee bosula. 4 Ka letsatsi leo baba ba lona ba tlaa opela pina ka lona , ba lelela ko godimo. Ba tlaa opela bare, ' Rona Baiseraela re senyegile ele ruri; Modimo Yawe o fetola molelwane wa batho bame. O kae e ntsha jang mo go nna? O kgaogantse masimo a rona a a naya batsietsi!'" 5 Ka jalo, lona bahumi ga le na go nna le kokomane e e tlaa kgaoganyang lefatshe ka mataese mo phuthegong ya Modimo Yawe. 6 Ba re, "Se porofite". " Ga ba a tshwanela go porofeta ka dilo tse; matlhabisaditlhong ga a tshwanela go tla." 7 A go tshwanetse ga buiwa, ntlo ya ga Jacob, gotwe, " a Moya wa ga Modimo Yawe o galefile? A tse ke ditiro tsa gagwe tota?" A mafoko ame ga a direle ope molemo yoo dirang tshiamo? 8 Bosheng batho bame ba tsogologile jaaka mmaba. Le kgagola dikobo le diaparo tsa ba ba fetang ba sa belaesege, jaaka masole a tswa ntweng ba ya kwa ba akanyang gore go sireletsegile. 9 O koba basadi ba batho ba me mo matlong a bone; o tsaya tshegofatso ya me mo baneng ba bone ba bannye go ya ka bosakhutleng. 10 Emelela o tsamae, gonne fa ga se lefelo le o ka nnang mo go lone, ka ntlha ya leswe, le sentswe ka tshenyo e tona. 11 Fa mongwe a tla kwa go lona ka moya o eseng one,le maaka, are, " ke porofeta gore nwaang mofine le bojalwa jo bo bogale," o tlaa lemogiwa ele moporofeta wa batho ba. 12 Ammaaruri ke tlaa le phutha lotlhe, Jakoba. Ka boammaaruri ke tlaa phutha masalela a Iseraela. Ke tlaa ba tlisa ga mmogo jaaka letsomane la dinku le le mo sakeng, jaaka letsomane fa gare ga phulo. Go tlaa nna modumo oo kwa godimo ka ntlha ya matshwititshwiti a batho. 13 Yoo tlaa ba bulelang tsela o tlaa ba etelela pele. Ba roba dikgoro ba bo ba tswela kwa ntle; kgosi ya bone e tlaa ba etelela pele. Modimo Yawe o tlaa nna tlhogo ya bone.