1 Ke tlhabisa ditlhong! Mo go nna go tshwana le fa go feditswe go roba leungo la selemo, le fa go sena go selwa masalela a moretlwa mo tshingwaneng ya moretlwa: ga go sa tlhole go na le maungo a a bonalang, le fa ele difeige tse ke di eletsang. v 2 Batho ba ba tshepegang ba nyeletse mo lefatsheng, ga go na mosiame mo losikeng lotlhe la motho. Botlhe ba emetse go bolaya; mongwe le mongwe o tsoma morwa rraagwe ka letloa. 3 Matsogo a bone a siame thata go senya: molaodi o batla madi, moatlhodi o ipaakanyeditse pipamolomo, le yo o nang le dithata o bolelela ba bangwe se a se batlang. Jalo ba dirisana mmogo. 4 Yo o botoka mo go bone ga a na mosola, yo o siameng mo go bone o tshwana le setlhatshana sa mmitlwa. Ke letsatsi le le boletsweng ke balebeledi ba lona, letsatsi la kotlhao ya lona. Jaanong ke nako ya gore ba tsietsege. 5 O seka wa tshepa moagisanyi ope; se beye tshepo ya gago mo tsaleng epe. Ela tlhoko se o se buang le mo mosading yo o robalang mo matsogong a gago. 6 Gonne morwa ga a tlotle rraagwe, morwadi o ema kgatlhanong le mmaagwe, ngwetsi kgatlhanong le matsalaagwe. Baba ba motho ke ba ntlo ya gagwe. 7 Mme nna, ke tla leba kwa go Modimo Yawe. Ke tla letela Modimo wa poloko yame, Modimo wame o tla nkutlwa. 8 O seka wa ipela ka nna, mmaba wame. Fa ke sena go wa, ke tlaa tsoga. Fa ke nna mo lefifing, Modimo Yawe o tlaa nna lesedi lame. 9 Ka gore ke leofile kgatlhanong le Modimo Yawe, ke tlaa itshokela tshakgalo ya gagwe go fitlha a utlwa selelo same, a bo a nkotlhaya. O tlaa ntlisa kwa leseding, ke tlaa mmona a nkgolola mo katlholong ya gagwe. 10 Mmaba wa me o tlaa bona, ditlhong di tlaa aparela yo o neng a nthaya a re, " O kae Yawe Modimo wa gago?" Matlho a me a tlaa mo leba; o tlaa gatakiwa jaaka seretse mo mebileng. 11 Letsatsi la go aga mabota a lona le tla tla, ka letsatsi leo melelwane e tlaa atolosetswa kgakala thata. 12 Ka letsatsi leo batho ba lona ba tlaa tla kwa go lona, go tswa Asiria le ditoropo tsa Egepeto, go tswa Egepeto go ya nokeng e kgolo, ya Eforata, go tswa lewatleng go ya lewatleng le go tswa thabeng go ya thabeng. 13 Lefatshe leo le tlaa tlogelwa ka ntlha ya batho ba ba nnang teng jaanong, ka ntlha ya maungo a ditiro tsa bone. 14 Disa batho ba gago ka thobane ya gago, letsomane la boswa jwa gago. Ba nna ba le nosi mo sekgweng, mo gare ga tshimo. A ba fule mo Bashana le Giliata jaaka bogologolo. 15 Modimo yawe a fetola a re, "Fela jaaka mo malatsing a ba neng ba tswa kwa lefatsheng la Egepeto, ke tlaa ba bontsha dikgakgamatso." 16 Ditshaba di tlaa bona, di tlaa tlhabisiwa ditlhong ke maatla otlhe a bone. Ba tlaa ithiba melomo; ditsebe tsa bone di tlaa kibana. 17 Ba tlaa latswa lerole jaaka noga, jaaka dibopiwa tse di gogobang mo lefatsheng. Ba tlaa tswa mo mesimeng ya bone ka poifo; ba tlaa tla ka poifo kwa go wena, Yawe Modimo wa rona, mme ba tlaa boifa ka ntlha ya gago. 18 Ke ofe Modimo yo o tshwanang le wena, wena yo o ntshang boleo, wena yo o itshwarelang ditlolo tsa masalela a boswa jwa gago? Ga o galefele ruri, ka gore o rata go re bontsha go tshepega ga kgolagano ya gago. 19 O tlaa re utlwela botlhoko gape; o tlaa gataka ditlolo tsa rona ka fa tlase ga dinao tsa gago. O tlaa latlhela maleo a rona otlhe mo botengteng jwa lewatle. 20 O tlaa neela Jakoba boammaruri, abo o neela Aborahama go tshepega ga kgolagano, jaaka o ikanne mo go bo rraarona-mogolo bogologolo.