1 Bona, ke gaufi le go romela morongwa, mme o tla a baakanya tsela fa pele game. Mme Morena, yo le mmatlang, o tla a tla mo tempeleng ya gagwe ka bonako. Le morongwa wa kgolagano yo le mo itumelelang, bona, o tla a tla,'' go bua Modimo Yawe wa masomosomo. 2 Mme ke mang yoo tlaa itshokelang letsatsi la gotla ga gagwe? Gape ke mang yoo tlaa emang fa a iponagatsa? Gonne o tlaa tshwana le molelo wa mogakolosi wa tshipi' le molora oo tlhatswang. 3 O tla a nna jaaka motlhatswi le mogakolosi wa selefera, mme o tla a itshekisa bo morwa Lefi. A ba tlhapisa jaaka gouta le selefera, mme ba tla a tsisa moneelo wa tshiamo kwa go Modimo Yawe. 4 Tshupelo ya Juta le Jerusalema e tla a natefelela Modimo Yawe, jaaka mo malatsing a a fetileng le mo dingwageng tsa bogologolo. 5 Mme ke tla a lo atamela ka tshekiso. Ke tla a nna mosupi kgatlhanong le baloi, baakafadi, basupi ba eseng ba nnete, le ba ba tsietsang babereki ba bone, ba ba gateleleng batlholagadi le masiela, le ba ba ikgatholosang motswakwa, ke ba ke nna kgatlhanong le ba ba sa ntlotleng,'' go bua Modimo Yawe wa masomosomo. 6 ''Mme nna, Modimo Yawe ga ke a fetoga, mme jalo lona, bana ba ga Jakoba, ga le a tla swa lotlhe. 7 Go tloga mo malatsing a bo rraa lona le fapogile mo melaong ya me, gale a e tshegetsa. Boelang kwago nna, mme ketlaa boela kwa go lona,'' go bua Modimo Yawe wa masomosomo, ''mme ware, 're tlaa boa jang?' 8 A motho o ka tsietsa Modimo?Mme le a ntsietsa. Mme le a re, 're go tsieditse jang?' Mo go sa bosome le meneelo. 9 Le hutsitswe ka phutso, ka gore morafe otlhe o a ntsietsa. 10 Tsisang ga bosome gotlhe mo mabolokelong, gore go tle go nne le dijo mo ntlong ya me. A ko lo ntekeng ka go dira jalo,'' go bua Yawe wa masomosomo, le bone gore a ga nkitla ke le bulela dikgoro tsa magodimo, ke le goromeletsa masego go fitlhela go sena fa le ka bayang teng. 11 Ke tla a kgalemela le bao ba ba le senyetsang dijwalo, gore ba seka ba senya thobo ya masimo a lona.Leungo la setlhare sa mofine ga le kitla le tlhotlhorega, go bua Modimo Yawe wa masomosomo. 12 Merafe yotlhe e tla a le bitsa ba le segofetseng, go nne le tla a nna lefatshe le le kgatlhisang,'' go bua Modimo Yawe wa masomosomo. 13 Mafoko a lona kgatlhanong le nna ane a nonofile, go bua Yawe, Mme le a re, 're buile eng, mo go rona, se se kgatlhanong le wena?' 14 Le rile, ga go mosola go direla Modimo. Go re thusitse kaeng go tshegetsa ditaelo tsa gagwe, kana go tsamaya ka khutsafalo fa pele ga ga Modimo Yawe wa masomosomo. 15 Ke ka mo o re tsayang gore ba ba mabela ba segofetse. Badira bosula ga ba atlege fela, gape ba leka Modimo mme ga ba otlhaiwe.''' 16 Bao ba ba neng ba boifa Modimo Yawe ba buisana. Modimo Yawe a tlhoa tsebe a reetsa, mme lokwalo la kgakololo la kwalwa fa pele ga gagwe ka ga ba ba boifang Modimo Yawe le ba ba neng ba tlotla leina la gagwe. 17 ''E tla a nna bame,'' go bua Modimo Yawe wa masomosomo, ''mahumo a me a a tlotlegang, mo letsatsing le o. Ke tla a ba rekegela jaaka monna a rekegela morwawe yo o mo direlang, 18 gape le tla a farologanya tshiamo le bosula, yo o obamelang Modimo le yo o sa mo obameleng.