1 Bonang letsatsi le etla, le tuka jaaka molelo o mogolo, fa botlhe ba ba boikgokgomoso le badira bosula batla gatakiwang. Letsatsi leo le etla le batla fisiwang ka lone," go buwa Modimo yo a bidiwang Yawe wa masomosomo, ga gona modi kana kala etla salang. 2 Mme lona ba le boifang leina lame, letsatsi la tshiamo letla tlaba ka pholo mo diphukeng tsa lone. Letla tswela ko ntle le bo tlotlola jaaka dinamane gotswa mo lesakeng. 3 Mo letsatsing leo, le tla gataka ba ba bosula, gonne batla nna melora ka fa tlase ga dinao tsa lona mo letsatsing le ke tla dirang," go buwa Modimo yo a bidiwang Yawe wa masomosomo. 4 "Gakologelwang thuto ya motlhanka wame Moshe e ke mo e neetseng kwa Horebo go baeseraele botlhe, melao le ditsamaiso. 5 Bonang ketla le romelela moporofita Elija pele ga letlatsi le legolo le le boitshegang la ga Modimo yo bidiwang Yawe. 6 O tla busetsa dipelo tsa banna go bana ba bone, le dipelo tsa bana go bo rraabone, go re ke seka ka tla go tlhasela lefatshe ka tshenyo e nyeletsang."