1 Jaanong , lona baperesiti, taolo e ke ya lona. 2 "Fa le ka seke le reetse, le fa le ka seke le beye mo dipelong tsa lona gore le tlotle leina lame,'' ga bua Modimo Yawe wa masomosomo, '' ke tla le hutsa, ke tla hutsa le tshegofatso ya lona. Tota ke setse ke e hutsitse, ka gore ga lo a tsaya taolo yame ka tlhwaafalo. 3 Bonang, ke gaufi le go kgalemela kokomane ya lona, mme ke tla gasa moswang mo difatlhegong tsa lona, moswang o o tswang mo meletlong ya lona, mme o tla le tlosa le one. 4 Mme le tla itse gore ke le neetse taolo e, gore ke tswelele ke na le kgolagano le Lefi, '' ga bua Modimo Yawe wa masomosomo. 5 Kgolagano yame le ene, e ne e le botshelo le kagiso, mme ka di mo neela; ka mo neela go mpoifa, mme a mpoifa, o ne a boifa leina lame. 6 Ditaelo tsa boammaruri di ne di le mo molomomg wa gagwe, mme go se sepe se se phoso se se fitlhelwang mo dipounameng tsa gagwe. O ne a tsamaya le nna ka kagiso le tlhomamo, a fetola batho ba bantsi go tswa mo sebeng. 7 Go nne dipounama tsa moperesiti di tshwanetse tsa nna le kitso le batho ba tshwanetse go batla ditaelo go tswa mo molomong wa gagwe, go nne ke morongwa wa Modimo Yawe wa masomosomo. 8 Mme o retologile go tswa mo tseleng ya boammaruri. O dirile gore ba bangwe ba reketle mo go tlotleng molao. O sentse kgolagana ya ga Lefi,'' ga bua Modimo Yawe wa masomoso. 9 Le nna jalo ke dirile gore o nyatsege o bo o tlhajwe ke ditlhong fa pele ga batho botlhe. Ka gore ga o a tshegetsa ditsela tsame, mme ga o a ruta ditaelo tsame ka tekatekano.'' 10 A Rraarona ga a mongwe fela? A ga re a bopiwa ke Modimo a le mongwe fela? Ke eng re sena tumelo, motho mongwe le mongwe a le kgatlhanong le morwa rragwe, re tlhapatsa kgolagano ya bo rraarona? 11 Juta o ne a sena tumelo. Selo se se sa eletsegeng se diragetse mo Iseraela le mo Jerusalema. Go nne Juta o tlhapaotse lefelo le le boitshepo la Modimo Yawe le a le ratang, mme a nyala morwadie modingwana wa seeng. 12 A Modimo Yawe a ntshe monna yo o dirang dilo tse mo tanteng ya ga Jakoba, yo o tsogileng le yo o arabang, le fa a ntshetsa Modimo Yawe wa masomosomo moneelo. 13 Le wena o dira selo se: le tlhapisa aletara ya Modimo Yawe ka dikeledi, ka go lela le go hemela ko godimo, ka gore o santse a sa itumele lefa e le go amogela moneelo o o tswang mo seatleng sa gago. 14 Mme wa re, '' ke eng a sa o amogele?", Ka gore Modimo Yawe ya bo e le mosupi wa gago le mosadi wa bonana ja gago, yo o ntseng o sa ikanyege mo go ene le ene, le fa e ne e le mopati wa gago le mosadi wa gago ka kgolagano. 15 A ga a ba dira bangwefela, ka karolo ya moya wa gagwe? Ke eng a le dirile go nna bangwefela? Ka gore o ne a batla ngwana go tswa kwa Modimong, ka jalo itlhokomele mo moweng wa gago, mme o seka wa tlhoka go ikanyega mo mosading wa bonana ja gago. 16 ''Gonne ke tlhoile tlhalo,'' ga bua Yawe, Modimo wa Iseraela,'' le ene yo o apesang seaparo sa gagwe ka dikgoka,'' ga bua Modimo Yawe wa masomosomo.'' Le itlhokomele mo meweng ya lona mme le seka la thoka go ikanyega.'' 17 Le lapisitse Modimo Yawe ka mafoko a lona, mme la re, ''re mo lapisitse jang?'' Ka gore la re, "bangwe le bangwe ba ba dirang bosula ba molemo fa pele ga matlho a Modimo Yawe, ebile o ipela mo go bone,'' kana le re '' o kae Modimo wa tshiamo?''