1 Molaetsa wa lefoko la ga Modimo yo bidiwang Yawe go Eseraele ka letsogo laga Malaki. 2 "Ke le ratile", go buwa Modimo yo bidiwang Yawe. Mme la re "o re ratile jang?" "A Esau ene ese morwa rraagwe Jakobe?" go bua Modimo yo bidiwang Yawe. "Yalo ke ratile Jakobe, 3 mme Esau ene ka mo ila. Ke di rile dithaba tsa gagwe go nna tshenyego e lathilweng, ka boa ka dira gore boswa jwa gagwe go nna bodulo jwa bo phokoje ba naga." 4 Fa Etomo are, "re fentswe mme retla boa re aga gape masalela a", Modimo yo o bidiwang Yawe wa masomosomo o tlaare, "ba ka aga gape mme ketla boa ke basenyaka gape. Ba bangwe ba tla ba bitsa 'Lefatshe la bosula' le 'batho bao Modimo yo bidiwang Yawe a ba hutsitseng go ya go ileng.' 5 Matlho a lona a tla bona se, mme le tla re, 'Modimo yo bidiwang Yawe o mogolo le go tswela le ko ntle ga melelwane ya Eseraele." 6 Morwa o tlotla rraagwe, le Motlhaka o tlotla mong wa gagwe.Fa ele gore ke rraalona, tlotla ya me e kae? Fa ele gore ke morena, kobamelo ya me e kae?" Go bua Modimo yo bidiwang Yawe wa masomosomo a raya lona baperesiti bale nyatsang leina lame. "Mme la re, re nyaditse leina la gago jang?'. 7 Ka go tlisa borotho jo bo leswafetseng mo aletareng yame. Mme la re 'Re go leswafaditse jang?' Ka gore le re tafole ya ga Yawe gae na seriti. 8 Fa le tlisa setlhabelo sa diphologolo tsedi foufetseng, a ga se bosula selo seo? Fa le tlisa tsedi bogole ebile di lwala, a gomo ga se bosula? Di neeleng mmusi wa lona di lo tseo! a o tla le amogela ka tsone ne?" go bua Modimo yo a bidiwang Yawe wa masomosomo. 9 Jaanong le tsweletse le batla sefatlhego sa Modimo, gore a re utlele botlhoko. Mme Modimo yo a bidiwang Yawe wa masomosomo a re o tla le amogela ka menelo e e ntseng jalo? 10 nne go na le mongwe mogo lona oka tswalang dikgoro tsa tempele, gore le seka la tukisa molelo ope mo aletareng yame go sena mosola! ga kena boitumelo ka lona," go bua Modimo yo o bidiwang Yawe wa masomosomo, "ga ke kake ka amogela neo epe gotswa mo diatleng tsa lona. 11 Gonne gotswa tlhabong ya letsatsi go ya phirimong ya lone, leina lame letla nna legolo mo merafeng yotlhe lemo mafelong otlhe maswalo le moneelo tsedi phepa ditla fiwa mo leineng lame. Gonne leina lame letla nna legolo mo merafeng yotlhe", go bua Modimo yo a Bidiwang Yawe wa masomosomo. 12 "Mme le a le tlhapaola fa le re tafole ya Morena e leswafetse, le gore leungo la yone le dijo tsa yone di ganwe. 13 Gape la re, "selo se se lapisa jang, abo le hemela kwa godimo", go bua Modimo yo a bidiwang Yawe wa masomosomo. "Le tlisa moneelo wa se se jelweng ke sebatana kana se bogole kana se lwala. A ke tshwanetse kase amogela gotswa mo diatleng tsa lona?" Go buwa Modimo yo a bidiwang Yawe. 14 "A motsietsi a hutsege yo o nang le seruiwa sa tonanyana ebile a ikana gore otla se nneela mme abo jaanong a tlisa moneelo wa se se sa tiang! ka gore ke kgosi e kgolo," go bua Modimo yo a bidiwang Yawe wa masomosomo, "le leina lame letla tlotlega mo merafeng yotlhe."