1 ke monna yo ke boneng kutlobotlhoko ka fa tlase ga thupa ya tshakgalo ya ga modimo Yawe. 2 O ntsamaisitse a ntira gore ke tsamae mo lefifing go nale mo leseding. 3 kannte o ntshitse letsogo la gagwe kgatlhanong le nna gantsi ntsi, letsatsi lotlhe . 4 O dirile nama yame le letlalo lame gore di onale; o robile marapo ame. 5 O agile lebota kgatlhanong le nna, mme a ntikaganyetsa ka bokete le bohutsana . 6 O ntirile gore ke nne mo mafelong aa lefifi jaaka ba ba suleng bogologolo. 7 O agile lebota go ntikaganyetsa jaanong ga ke kgone go sia. O dirile dikeetane tsa me bokete 8 jalo le fa ke bitsa ke lela ke kopa thuso, o itlhokomolosa dithapelo tsame. 9 O kganetse ditsela tsame ka lejwe le legolo, o tswetse ditsela tsa me. 10 O tshwana jaaka bera e emetse go ntlhasela, kana tau e iphitlhitlhetse go mpolaya; 11 0 tlhokomologile ditsela tsame mme a ntira gore go sale go sena yoo nthusang. 12 O obile bora mme a ntebaganya le motswi wa gagwe . 13 A tlhaba diphilo tsa me ka motswi ko teng teng . 14 Ka nna setshego mo bathong ba me , ba opela ka nna letsatsi lotlhe . 15 A ntlatsa ka tshakgalo a mpateletsa go nwa setlhare se se botlhoko. 16 O pipinne meno ka motlhaba , o ntigetse mo leroleng. 17 Moya wame o thibetswe kagiso, ke lebetse gore boitumelo ke eng. 18 Jaanong kare ,''go itshoka ga me go latlhegile le tshepo yame mo go modimo Yawe.'' 19 Ga kologelwa ditlhofatso le matshwenyego a me, setlhare se se botlhoko le bogalaka . 20 Ke di gakologelwa kgapetsakgapetsa mme ke ikobile mo teng game. 21 Mme ke neela se tlhaloganyo ka jalo he ke na le tsholofelo. 22 Lerato le le sa tshikhinyegeng la modimo le mautlwelobotlhoko a modimo ga a fele, 23 di a ntshafala moso le moso; boikanyego jwa gago bo bogolo. 24 '' Modimo Yawe ke boswa jwame, '' ka re , ka jalo ke tlaa ikanya mo go ene. 25 Modimo Yawe o siame mo go ba ba mo emelang, mo go ba ba mmatlang. 26 Go siame go emela ka tidimalo poloko ya Modimo Yawe. 27 Go siame gore motho a itshokele jokwe bosheng jwa gagwe. 28 A a nne nosi ka tidimalo, faa e neelwa. 29 A a bee molomo wa gagwe mo leroleng -go ka nna ga nna le tsholofelo. 30 A a neele letlhaa la gagwe mo go yoo mmetsang, mme a a tladiwe ka matlhabisa ditlhong. 31 Gonne modimo gaa kitla are tlhokomologa gotlhelele , 32 mme gone le faa hutsahatsa, o tlaa re utlwela botlhoko ka ntata ya lerato la gagwe le le sa tshikhinyegeng. 33 Ka gonne gaa tlhokofatse go tswa mo pelong ya gagwe kana go bogisa bana ba batho. 34 Go thubakela fa fatshe magolegwa otlhe a lefatshe, 35 go rontsha motho katlholo e e maleba fa pele ga Mogodimodimo, 36 go rontsha motho katlholo e e maleba- morena gaa kitla a tlhomamisa dilo tse o. 37 Ke mang yoo kileng a bua mme ga dirafala, kwa ntle fela fa Morena a buile jalo. 38 A gase go tswa mo molomong wa Mogodimodimo gore tse di molemo le tse di maswe di direge ? 39 Motho ope yoo tshelang o ka ngongorega jang? Motho o ka ngongorega jang ka kotlhao ya dibe tsa gagwe? 40 A re sekasekeng ditsela tsa rona re di tlhatlhobe, mme re boele ko go Modimo Yawe. 41 A re tsholeletseng dipelo tsa rona le matsogo a rona ko Modimong kwa legodimong. 42 Re leofile ebile re tsuolotse, mme ga wa re itshwarela. 43 O ikapesitse ka tshakgalo mme wa re alola, o re bolaile mme wa seka wa re itshwarela. 44 O ikapesitse ka leru gore thapelo epe e seka ya feta. 45 O re dirile jaaka setlhobogwa le malele mo ditshabeng. 46 Baba ba rona botlhe ba a re hutsa, 47 tsietsego le go wela ka mamena ke ga rona, thubako le tshenyego. 48 Matlho a me a elela dikeledi jaaka molatswana gonne batho bame ba senyegile. 49 Matlho ame a tlaa tsholola dikeledi mo go sa feleng, mo go sa iketlang, 50 go fitlhelela a leba ko tlase Modimo Yawe o tlaa bona a le ko legodimong. 51 Matlho a me a ntlisetsa bohutsana ka ntata ya makgarejwana otlhe a teropo yame. 52 Ke ne ke tsongwa jaaka noyane ke baba ba me, ba ntsoma go sena lebaka . 53 Ba ntatlhela mo lehuting mme ba nngata ka matlapa, 54 mme metsi a tshelwa mo tlhogong yame. ke ne ka re , ''Ke kgaotswe!'' 55 Ke ne ka bitsa leina la gago, Modimo Yawe, ke le ko teng ga lehuti. 56 O ne wa utlwa lentswe lame fa kere, '' O seka wa tswala tsebe ya gago go utlwa selelo ke kopa thuso.'' 57 O ne wa tla gaufi le nna fa ke ne ke go bitsa; O ne ware,'' se boife.'' 58 Morena o bueletse kgang yame, o bolokile botshelo jwa me! 59 Modimo Yawe o bone tsotlhe tse ba di ntirileng; atlhola kgang yame. 60 O bone ditlhapa tsa bone, maano a bone kgatlhanong le nna- 61 O utlwile tshotlo ya bone, Yawe, le mananeo otlhe a bone ka ga nna. 62 Melomo ya ba ba emang kgatlhanong le nna, le ditatofatso tsa bone di nna teng letsatsi lotlhe. 63 Lebelela gore ba nna jang ebile ba emelela jang; ba nkgoba ka dipina tsa bone. 64 Busolosetsa ,Yawe, go ya ka fa ba dirileng ka teng. 65 O tlaa dira dipelo tsa bone gore ba seka ba tlhabiwa ke ditlhong! Ba gane morena, 66 O ba alola ka tshakgalo o ba senyake ka fa tlase ga magodimo, Modimo Yawe!