Kgaolo 2

1 Morena o khurumeditse barwadia Sione ka fa tlase ga leru la gagwe la kgalefo. O ntshitse bontle jwa Iseraele go tswa kwa legodimong go ya lefatsheng. Ga a gakologelwe bobeo ba dinao tsa gagwe mo letsatsing la bogale jwa gagwe. 2 Morena o meditse mme ga a nna kutlwelo botlhoko mo ditoropong tsotlhe tsa ga Jakoba. Mo malatsing a bogale jwa gagwe o ne a latlhela tlase ditoropo tse di teileng tsa barwadia Juta; ka go sa tlotleng o ne a digela tlase bogosi le babusi. 3 Ka bogale jo bogolo o kgaotse lonaka longwe lo longwe la Iseraele.O buseditse morago letsogo la gagwe la moja fa pele ga mmaba. O fisitse Jakobe jaaka molelo oo peperetlang yo o nyeletsang sengwe le sengwe se se gaufi le one. 4 Jaaka mmaba o supile bora jwa gagwe kwa go rona, ka letsogo la gagwe la moja a ipaakanyeditse go fula. O bolaile botlhe ba ba neng ba mo itumedisa mo tanteng ya barwadia Sione, o tsholotse bogale jwa gagwe jaaka molelo. 5 Morena o ntse jaaka mmaba. O komeditse Iseraele. O komeditse mafelo a gagwe otlhe a segosi. O sentse mafelo a gagwe a a thata. O okeditse selelo le khutsafalo ya barwadia Juta. 6 O tlhasetse lefelo la gagwe la bophuthegelo jaaka tshingwana. O sentse lefelo la bophuthegelo le le boitshepo. Modimo Yaweh o dirile gore phuthego e e boitshepo le sabata di lebalwe mo Sione, gonne o nyaditse kgosi le moperesite mo bogaleng jwa tenego ya gagwe. 7 Morena o ganne aletara ya gagwe a bo a ithola mafelo a gagwe a a itshepileng. O neetse dipota tsa mafelo a gagwe a segosi mo seatleng sa mmaba. Ba tsositse modumo mo ntlong ya Modimo Yahweh, jaaka mo letsatsing la go tlhongwa ga modiro. 8 Modimo Yahweh o ikaeletse go senya lebota la toropo ya barwadia Sione. O katolositse mogala wa selekanyetso mme ga a busa letsogo la gagwe mo go senyeng lebota. Odirile thubako le lebota go hutsafala, gotlhe go ne ga senyega. 9 Dikgoro tsa gagwe di ne tsa nwela mo mmung, o sentse a bo a thuba ditshipi tsa dikgoro tsa gagwe. Kgosi ya gagwe le magosana ba mo gareng ga merafe, molao ga o yo le baporofiti ba gagwe ga ba bone diponelo pele go tsweng kwa go Modimo Yahweh. 10 Bagolwane ba morwadia Sione ba ntse fa fatshe ka tidimalo. Ba tshetse lorole mo ditlhogong tsa bone ba apere diaparo tsa letsela la kgetse. Makgarejwana a Jerusalema ba obela ditlhogo tsa bone fa fatshe. 11 Matlho ame a paletswe ke go tshegetsa dikeledi, mpa ya me e a sokega, mateng a me a tshologetse fa fatshe ka ntlha ya tshenyego ya bo morwadia batho bame, bana le masea ba idibala mo ditselana tsa toropo. 12 Ba raya bo mmaabone, ''Mabele le mofine di kae?'', jaaka monna yo o ntshitsweng dintho mo ditseleng tsa toropo, matshelo a bone a tshololelwa mo dihubeng tsa bo mmaabone. 13 Ke ka go raya ka reng, morwadia wa Jerusalema? Ke go tshwantshanya le eng, go re ke tle ke go gomotse, kgarejwana ya morwadia Sione? Dintho tsa gago di dikgolo jaaka lewatle. Ke mang yo o ka go fodisang? 14 Baporofita ba gago ba bonye ga maaka le ponelopele tse e seng tsone ka ga gago. Ga ba a go supegetsa ditlolo tsa gago go buseletsa lesego la gago, mo go wena ba buile tse di maaka le tse di timetsang. 15 Botlhe ba ba fetang mo tseleng ba go opela diatla. Ba a suma a be ba tshikinya ditlhogo tsa bone kgatlhonong le bomorwadia Jerusalema ba re, ''A toropo e ke e e neng e e bidiwa 'Phelelo ya Bontle,' 'Boitumelo jwa lefatshe lotlhe'?'' 16 Baba botlhe ba gago ba bula melomo ya bone mme ba go sotla. Ba sotla a bo ba khuranya meno a bone ba re,''Re mo komeditse! ke letsatsi le re ntseng re le letetse! Re tshedile go le bona''. 17 Modimo Yahweh o dirile se a neng a rulagantse go se dira. O dirafaditse lefoko la gagwe. O go latlhile go sena kutlwelo botlhoko ,gonne o ne a letleletse mmaba go ipela mo godimo ga gago; o tsholeditse lonaka la baba ba gago. 18 Dipelo tsa bone tsa lelela kwa Modimong, dipota tsa morwadia Sione! dira dikeledi tsa gago gore di elele jaaka noka ya motshegare le bosigo. Se ineele go ikhutsa, le matlho a gago go ikhutsa. 19 Tsoga o lele bosigo, mo tshimologong ya tebelelo ya bosigo! Tsholola pelo ya gago jaaka metsi fa pele ga sefatlhego sa Modimo.Tsholeletsa diatla tsa gagwe kwa go ene ka matshelo a bana ba gago ba ba idibalang ke tlala mo dikhutlong tsa ditsela nngwe le nngwe.'' 20 Bona, Modimo Yahweh, a bo o akanya botlhe ba o ba diretseng ka tsela e. A basadi baka ja loungo la sebopelo sa bone, bana ba ba amusitseng? A moperesite le moporofiti ba ka bolaelwa mo lefelong le le itshepileng la Morena? 21 Bannye le bagolo botlhe ba robetse mo loroleng la ditsela. Makgarebe le makau ba ole ke tshaka; o ba bolaile o sa ba utlwele botlhoko. 22 O biditse, jaaka o ka biletsa batho mo letsatsing la modiro, petso yame mo letlhakoreng lengwe le lengwe, mo letsatsing la bogale jwa Modimo Yahweh ga go na ope yo o falotseng le yo o neng a tshela; ba ke ba tlhokometseng a bo ka ba godisa, mmaba wame o ba nyeleditse.