1 Toropokgolo e e kileng ya bo e tletse ka batho e ntse e le nosi fela. O tshwana le motlholagadi, le fa a ne a le setshaba se segolo. O ne a le morwadiakgosi gareng ga ditshaba, mme o patelediwa go tsena mo bokgobeng. 2 O lela a bo a kua mo bosigong, dikeledi tsa gagwe di apesa marama a gagwe. Ga go na ope wa baratiwa ba gagwe yo o mo gomotsang. Ditsala tsotlhe tsa gagwe di mo rekisitse. Di fetogile baba ba gagwe. 3 Morago ga lehuma le tlhokofatso, Juta o ile lejwa. O nna fa gare ga ditshaba mme ga a bone boikhutso. Ba ba mo alotseng ba mo tshwere mo tlalelong ya gagwe. 4 Ditsela tsa Sione di mo bohutsaneng ka lebaka la gore ga go ope yo o tlang kwa meletlong e e boletsweng. Dikgoro tsa gagwe di latlhegile. Baperesiti ba gagwe ba a bobola. Makgarebana a gagwe a tletse ka khutsafalo mme ene o mo patikesegong e e feletseng. 5 Ba ba ganetsanyang le ene ba fetogile mong wa gagwe; baba ba gagwe ba a tswelela. Modimo Yahweh o mo tlhokofaditse ka lebaka la maleo a gagwe a mantsi. Bana ba gagwe ba ba nnye ba tsenngwa mo botshwarong ke baganetsi ba gagwe. 6 Bontle bo latlhegetse morwadia Sione. Magosana a gagwe a tshwana le dikwalata tse di sa kgoneng go bona mafulo, ebile a tsamaya a sena thata fa pele ga ba ba a alotseng. 7 Ka nako ya tlhokofatso ya gagwe le go tlhoka bonno ga gagwe, Jerusalema o tla gakologelwa matlotlo otlhe a a tlhotlhwa a a kileng a nna le one ka dinako tsa pele. Fa batho ba gagwe ba wela mo letsogong la baganetsi ba gagwe, ga go a ka ga nna ope yo o mo thusang. Baganetsi ba gagwe ba mmona ba tshega go senyega ga gagwe. 8 Jerusalema o leofile mo go golo, jalo he, o sotlwa jaaka sengwe se se leswe. Botlhe ba ba neng ba mo tlotla ba a mo nyatsa ka gore ba bone bosaikategang jwa gagwe. O a bobola ebile o leka go retologela gosele. 9 O tletse leswe ka fa tlase ga ditswalo tsa gagwe. Ga a a ka a akanya ka bokamoso jwa gagwe. Go wa ga gagwe go ne go tshosa. Go ne go sena ope yo o mo gomotsang. O ne a lelela kwa godimo a re, '' Leba go tlhokofadiwa ga me, Modimo Yahweh, gonne mmaba o ntse mogolo thata!'' 10 Moganetsi o tsere matlotlo a rona a a botlhokwa otlhe. O bone ditshaba di tsena mo ntlong ya gagwe e e boitshepo, le fa o laotse gore di se ka tsa tsena mo lefelong la bokopanelo la gago. 11 Batho ba gagwe botlhe ba a bobola fa ba batla borotho. Ba anantse matlotlo a bone a a botlhokwa ka dijo go buseletsa matshelo a bone. Leba, Modimo Yahweh, nkele tlhoko, ka gore ke fetogile selo fela. 12 A se ga se sepe mo go lona, lotlhe ba le fetang fa? Lebang le bone gore a go na le bohutsana bongwe jo bo tshwanang le jo bo tsisiwang mo go nna jo, fa Modimo Yahweh a sala a ntlhokofatsa ka letsatsi la go tenega ga gagwe mo go boitshegang. 13 O ne a romela molelo go tswa kwa godimo go tsena mo marapong a me, mme wa ba fenya. O ne a alela maoto a me letloa a mpusetsa morago. O dirile gore ke nne ke latlhegile ebile ke le bokoa ka nako yotlhe. 14 Joko ya ditlolo tsa me e bofagantswe ka diatla tsa gagwe. O di logile mmogo a di baya mo molaleng wa me. O dirile gore thata ya me e fele. Morena o nneetse mo diatleng tsa bone, ebile ga ke kgone go ema ka dinao. 15 Morena o latlhetse kwa thoko banna botlhe ba ba maatla ba ba neng ba mphemela. O biditse phuthego kgatlhanong le nna go thubaganya banna ba me ba ba dinatla. Morena o gatile ngwana wa kgarebana wa Juta mo motlhotlhong wa mofine. 16 Ke a lela ka lebaka la dilo tse. Matlho a me, metsi a elela go tswa mo matlhong a me gonne mogomotsi yo o tshwanetseng go buseletsa botshelo jwa me o kgakala le nna. Bana ba me ba latlhegile gonne mmaba o fentse. 17 Sione o phatlaladitse matsogo a gagwe thata; ga go ope yo o mo gomotsang. Modimo Yahweh o laotse gore ba ba dikologileng Jakoba e nne baganetsi ba gagwe. Jerusalema ke sengwe se se leswafetseng mo go bone. 18 Modimo Yahweh o tshiamo, gonne ke tsuolotse ditaelo tsa gagwe. Utlwang, batho botlhe, le bo le bone bohutsana jwa me. Makgarebana a me le banna ba dinatla ba me ba gapilwe. 19 Ke ne ka bitsa ditsala tsa me, mme ba ne ba nna le boferefere mo go nna. Baperesiti ba me le bagolwane ba me ba swetse mo toropokgolong, ba santse ba batla dijo go buseletsa matshelo a bone. 20 Leba, Modimo Yahweh, ka gore ke mo patikesegong; mala a me a kgotlhokgotshega, pelo ya me e tshwenyegile, gonne ke tsuolotse thata. Kwa ntle, tshaka e hutsafatsa mmangwana, mo ntlong go na le loso fela. 21 Ba utlwile go bobola ga me, mme ga go na yo o nkgomotsang. Baba ba me botlhe ba utlwile ka mathata a me ebile ba a itumela ka gore o dirile jalo. O tsisitse letsatsi le o neng o le solofeditse; jaanong a ba nne jaaka nna. 22 A boikepo jotlhe jwa bone bo tle fa pele ga gago. Ba dire jaaka o ntirile ka lebaka la ditlolo tsa me tsotlhe. Go bobola ga me go gontsi le pelo ya me e bokoa.