1 Gauta e leswafaditswe; ao, ka fa gauta e tlhwatlhwa kgolo e fetogileng ka teng! Makgabana a a boitshepo a gasagasegile le dikhutlo tsa mebila mengwe le mengwe. 2 Barwa ba Sione ba ne ba le tlhwatlhwa go lekana le gauta e e tlhotlhilweng, mme gone jaanong tlhwatlhwa ya bone e fetwa ke ya dijana tsa letsopa, tiro ya mmopi wa letsopa. 3 Le bophokoje ba amusa bophokojwane, mme morwadia batho bame o setlhogo jaaka bonche mo sekakeng. 4 Maleme a masea a anyang a ngaparela magalapa ke lenyora; bana ba kopa dijo, mme ga di yo. 5 Ba ba neng ba tle ba je dijo tse di tlhwatlhwa kgolo jaanong ba bolawa ke tlala mo mebileng; ba ba godisitsweng ba apara dilwana tse di tlhwatlhwa kgolo jaanong ba nna mo dithothobolong. 6 Kotlhao ya morwadia batho bame e feta ya Sotoma, e ne ya ribegediwa ka ponyo ya leitlho mme ga seka ga nna ope go tsholetsa lebogo go mo thusa. 7 Baeteledipele ba gagwe ba ne ba le phepa go feta kapoko, ba le basweu go feta mashi; mebele ya bone e le bohubidu go feta korale, go tsabakela ga bone go feta ga safire. 8 Ponalo ya bone jaanong e le bontsho bo bo fetang ba mosidi; ga ba lemosege mo mebileng. Matlalo a bone a ngaparela mo marapong; a omeletse jaaka logong. 9 Ba ba bolailweng ka tshaka ba ne ba itumela go feta ba ba bolailweng ke tlala, bone ba ba bopameng, ba tlhabilwe ke go tlhoka thobo go tswa mo masimong. 10 Mabogo a basadi ba ba kutlwelobotlhoko a besitse bana ba bone; ba nna dijo tsa bone motlha wa fa morwadia batho bame a senngwa. 11 Modimo Yaweh a supa bogale botlhe ba gagwe; a tsholola bogale ba gagwe bo bo boitshegang. A gotsa molelo mo Sione o o nyeleditseng metheo ya gagwe. 12 Dikgosi tsa lefatshe tsa seka tsa dumela, le fa e le banni ba lefatshe ba sa dumele, gore go na le mmaba kgotsa moganetsi yo o ka tsenang ka kgoro ya Jerusalema. 13 Se sa diragala ka lobaka lwa boleo jwa baporofiti ba gagwe le boikepo jwa baperesiti ba ba tsholotseng madi a basiami mo magareng ga gagwe. 14 Ba kgarakgatshega ba foufetse mo mebileng. Ba leswafaditswe ke madi a ebile go sa letlelelwe ope go kgoma diaparo tsa bone. 15 ''Tswayang! Lona ba le leswafetseng!'' Batho ba lelela mo go bone. ''Tswayang! Tswayang! Se tshwareng!'' Ba kgarakgatshega; batho ba bua mo merafeng, ''Ga ba kitla ba ba nna fa.'' 16 Modimo Yaweh ka sebele o ba phatlaladitse; ga a sa tlhole a ba disitse. Ga ba a ka ba tlotla baperesiti, gape ga ba a supa kutlwelobotlhoko mo bagolong. 17 Matlho a rona a ne a felelwa ke go leba, go sena thuso epe e re e bonang; mme mo go lebeleleng ga rona ra seka ra bona morafe o o ka re falotsang. 18 Ba latela dikgato tsa rona, ra palelwa ke go tsamaya mo mebileng ya rona. Phelelo ya rona le malatsi a rona a ne a badilwe, bokhutlo jwa rona bo ne bo tsile. 19 Ba ba re alotseng ba ne ba le bofefo go feta ntsu mo loaping.Ba re lelekela kwa dithabeng ba bo ba re lalela mo sekakeng. 20 Mowa mo dinkong tsa rona - motlodiwa wa Modimo Yaweh - ke ene yo o tshwerweng mo mahuting a bone; yo o go builweng ka ga gagwe gotwe, ''Ka fa tlase ga moriti wa gagwe re tlaa tshela mo gare ga merafe.'' 21 Itumele o bo o ipele morwadia Etome, wena yo o tshelang mo lefatsheng la Use. Senwelo se tlaa fetisediwa kwa go wena; o tlaa tagwa, mme o tlaa ikapola. 22 Morwadia Sione, kotlhao ya gago e tlaa fela, ga a kitla a leelefatsa go ya lejwa ga gago; mme morwadia Etome, o tlaa mo otlhaya, o tlaa senola maleo a gago.