1 Lefoko la ga Jehofa la tla mo go Jona labobedi le re, 2 ''Nanoga, o ye kwa Ninefe, teropo e kgolo, o bolele molaetsa o ke tlaa o go fang.'' 3 Jona a emelela a ikobela lefoko la Modimo Yawe a ya kwa Ninefe. Jaanong Ninefe e bo e le teropo e kgolo, e ka tsamaiwang mosepele wa malatsi a mararo. 4 Jona a simolola go tsena teropo, morago ga loeto la letsatsi a goeletsa a re, ''Mo malatsing a 40 Ninefe o tlaa ribegediwa.'' 5 Batho ba Ninefe ba dumela Modimo ba dira pitso ya go itima dijo. Ba apara letsela la kgetse, go simolola ka batlotlegi go ya kwa go ba ba kwa tlase. 6 Ka bofefo dikgang tsa goroga kwa kgosing ya Ninefe. A nanoga mo setilong sa bogosi, a apola seaparo sa bogosi, a ikapesa letsela la kgetse, a nna mo moloreng. 7 A ntsha taolo a re, ''Mo Ninefe, ka taolo ya kgosi le bagakolodi ba gagwe, a go se nne motho kgotsa phologolo, dikgomo le fa e le letsomane, tse di ka jang sepe. A di se fule, le fa e le go nwa metsi. 8 A batho le diphologolo di apesiwe letsela la kgetse mme di goeletse thata kwa Modimong. A mongwe le mongwe a fetoge go tswa mo tseleng ya gagwe e e bosula le borukutlhi jo bo mo matsogong a gagwe. 9 Ke mang yo o itseng? Gongwe Modimo o ka busa pelo a fetola mogopolo a retologa mo tshakgalong gore re seka ra nyelela.'' 10 Modimo a bona se ba se dirileng, gore ba fetogile go tswa mo ditseleng tse di bosula tsa bone. Modimo a fetola mogopolo ka kotlhao e a neng a re o ya go e ba pega, a seka a e dira.