1 Mme Jona a rapela Yawe Modimo wa gagwe a le mo mpeng ya tlhapi. 2 O ne a re, ''Ke ne ka bitsa Yawe Modimo ke le mo tlalelong, ke le mo felong ga baswi mme a nkaraba; o ne wa utlwa lentswe la me. 3 O ntatlhetse kgakala mo boteng mo gare ga mawatle, mme ke ne ke dikologilwe ke morwalela, makhubu le matsubutsubu di ne di ntlola fa godimo , mme kare, 4 'ke ntshitswe mo pele ga matlho a gago; le fa go ntse jalo, ke tla boa ke bona tempele ya gago e e boitshepo gape.' 5 Metsi a ne a nkema mo molaleng; morwalela ole mo tikologong ya me; letlhaka la lewatle le ne le nthathile mo tlhogong. 6 ka fologela kwa metheong ya dithaba; dipati tsa lefatshe tsa ntswalela go-ya-goileng. Mme wena o ntshitse botshelo jwa me mo bodibeng wena Yawe Modimo wa me. 7 E rile moya wame o idibala mo teng ga me, ka gakologelwa Modimo Yawe, thapelo yame ya fitlha ko go wena mo tempeleng ya gago e e boitshepo. 8 Ba ba tsibogelang medingwana e e senang mosola ba ganana le boikanyego ja gago mo go bone. 9 Mme nna ke tla go neela setlhabelo sa malebogo, se ke se ikanetseng ke tla a se dirafatsa' Poloko e tswa mo go Modimo Yawe!'' 10 Mme Modimo Yawe a bua le tlhapi, mme ya tlhatsetsa Jona mo lefatsheng le le omileng.