Kgaolo 4

1 Mme se se ne sesa itumedisa Jonah mme a galefa thata. 2 Mme Jonah a rapela Modimo Yawe are,"ooh, Modimo Yawe, a se gase se ke se buileng fa ke le ko lefatsheng lame? Ke sone se ke neng ka dira pele ga ke leka go siela ko Tarasise- ka gore ke ne ke itse gore o Modimo o o boutlwelobotlhoko,o boikanyego, ale pelotelele, a nale tshepo e e ntsi, mme o seke o senyake jaaka o solofeditse. 3 Le fa gontse jalo, Modimo Yawe, kea go kopa, tsaya botshelo jwame, ka go botoka ke sule go nale go tshela." 4 Modimo Yawe are, "a go siame gore a bo o galefile?" 5 Jonah a tswa mo toropong a ya go nna ko botlhabatsatsi jwa toropong. Koo a aga ntlwana mme a nna mo moriting wa yone gore a tle a bone se se ka dirigalang mo toropong. 6 Modimo Yawe a baakanya semela mme a dira gore se golele ko godimo ga ga Jonah gore se mo fe moriti mo letsatsing gore a nne sentle. Mme semela se sa itumedisa Jonah. 7 Jalo Modimo a dira seboko fa tsasi le tlhaba. Sa aja semela mme semela sa swa. 8 Gone ga diragala gore fa letsatsi le tlhaba, Modimo a dira phefo e e molelo gotswa ko botlhabatsatsi. Gape ga nna le letsatsi le legolo le le fisitseng tlhogo ya ga Jonah mme a tsewa ke sedidi. Mme Jonah a eletsa gore o ka swa. A bua ale nosi are, "go botoka ke sule go nale ke tshela." 9 Jalo Modimo a raya Jonah are, "a go siame fela gore o bo o tenegelela semela?" Jalo Jonah are,"go siame gore ebe ke galefile, go itlholela le leso." 10 Modimo Yawe are, " o ne o nale kutlwelobotlhoko mo semeleng se o neng o sa se berekela, lefa ele go se godisa. Se godile mo bosigong mme sa swa mo bosigong. 11 Jaanong fa ele nna, a nkabo ke ne ka seka ka utlwela Ninevia botlhoko , toropo e kgolo e, mo go yone go nale batho ba feta 120 000 ba ba neng ba sa itse pharologanyo gareng ga letsogo la bone la moja le la molema , gape le dikgomo tse dintsi?