1 Ba le bantsi ba lekile go bega ka ga dilo tse di rurifadiwang mo go rona, 2 jaaka ba re di begetse, rona ba e rileng go tswa tshimologong ra bo re le basupi le batlhanka ba molaetsa o. 3 Ka jalo ke bona go ntshwanetse - ke sena go tlhotlhomisa ditiragalo tse go tswa tshimologong -go go kwalela polelo e e lolameng, Theofilo yo o molemo. 4 Gore o itse boammaruri jwa dilo tse o di rutilweng. 5 Mo malatsing a ga Kgosi Herote wa Jutea, go ne go le moperesita mongwe a bidiwa Sakarea, wa setlhopha sa Abija. Mosadi wa gagwe e le mongwe wa barwadia Arone, a bidiwa Elisabetha. 6 Ba ne ba le tshiamo mo matlhong a Modimo, ba obamela melao le ditaelo tsa Morena. 7 Mme ba sena ngwana ka gonne Elisabetha o ne a le moopa, mme ba setse ba tsofetse ka nako eo. 8 Jaanong ga diragala gore Sekarea a bo a le mo tempeleng, a dira ditiro tsa boperesite go yeng ka fa setlhopheng sa gagwe. 9 O ne a tlhophilwe ka khupele khupele go ya ka fa mokgweng wa tlwaelo ya go tlhopha yo o tla a direlang mo tempeleng ya Morena go tshuba maswalo. 10 Botlhe ba ne ba rapela kwa ntle ka nako ya maswalo a tshubiwa. 11 Moengele wa Morena a bonala mo go ene, a ema ka fa mojeng wa aletare ya maswalo. 12 Fa Sekarea a mmona a tshoga thata. 13 Mme Moengele a mo raya a re ''Se boife, Sekarea, ka gonne thapelo ya gago e utlwilwe. Mosadi wa gago Elisabetha o tla go tsholela morwa. Mme o tla mmitsa Johane. 14 O tla itumela o ipela, ba le bantsi ba tla ipelela go tsholwa ga gagwe. 15 Gonne ene o tla nna mogolo mo matlhong a Modimo. A seka a nwa mofine kana bojalwa jo bo bogale, o tla tladiwa ka Moya yo o Boitshepo go tswa mo sebopelong sa ga mmagwe. 16 Mme Baiseraela ba le bantsi ba tla retologela ko Moreneng Modimo wa bone. 17 O tla a etelela Morena pele ka moya le nonofo ya ga Elija. O tla a dira se go retolola dipelo tsa bo rraabana ko baneng, gore ba ba kgopo ba tsamae mo botlhaleng jwa basiami-go ba baakanyetsa go dumela molaetsa wa Modimo.'' 18 Sekarea a raya moengele a re, ''Ke ka tlhomamisa se jang? Ka ke monnamogolo le mosadi wa me o tsofetse.'' 19 Moengele a mo araba a re, ''Ke Gabariele, yo o nnang teng mo boleng teng jwa Modimo. Ke romilwe go bua nao, go go tsisetsa mafoko a a molemo a. 20 Mme bona, o tla nna semumu, go fitlhelela dilo tse di diragala .Ka gonne ga o a ka wa dumela mafoko a me, a a tla a rurifadiwang ka nako e e siameng.'' 21 Batho ba bo ba emetse Sekaria. Ba gakgamaletse gore o diegile mo tempeleng. 22 Mme e rile a tswa, a bo a sa kgone go ba buisa. Ba lemoga gore o nnile le tshenolelo a le mo tempeleng. A tswelela a bua le bone ka diatla a ntse a didimetse. 23 Mme ga diragala fa malatsi a bodiredi jwa gagwe a tla bokhutlong, a boela lapeng. 24 Morago ga malatsi a, mosadi wa gagwe Elisabetha a ima. A itswalela dikgwedi di le tlhano, a re 25 ''Se ke se Morena a se ntiretseng ka a ntlhomogetse pelo a tlosa ditlhong tsame fa pele ga batho.'' 26 Mo kgweding ya borataro ,Moengele Gabariele o ne a rongwa go tswa ko Modimong go ya toropong ya Nasaretha mo kgaolong ya Galalea, 27 ko lekgarejwaneng le le neng le bidiwa Marea le le beeleditsweng ke Josefa. E le wa ntlo ya ga Tafite. 28 A tla mo go ene a re ''Dumela, wena mosegofadiwa wa Modimo! Morena o na le wena.'' 29 Mme a tsietsega thata ka ntlha ya mafoko, a ipotsa gore ke madume a mofuta o fe one a.'' 30 Moengele a raya Marea a re, ''Se boife, Marea, gonne o bone lesego mo Modimong. 31 Bona o tla ima e bile o tla tshola ngwana wa mosimane .O tla mmitsa leina o re 'Jeso.' 32 O tla a nna mogolo ebile o tla bidiwa morwa Mogodimo. Morena Modimo o tla mo fa setilo sa bogosi sa ga Tafite rragwemogolo. 33 O tla busa ntlo ya ga Jakobe go ya bosakhutlheng le puso ya gagwe e tla nna go ya go ileng.'' 34 Marea a raya moengele a re, '' Se se tla a diragala jang, ka ke sa itse monna?'' 35 Moengele a mo araba a re, ''Moya yo o Boitshepo otla a tla mo go wena, le nonofo ya Mogodimo e tla go apesa. Mme yo o boitshepo yo o tla a tsholwang o tla bidiwa Morwa Modimo. 36 Bona, Elisabetha yo e leng lesika la gago le ene o imile morwa mo botsofeng jwa gagwe .O mo kgweding ya borataro, ene yo o neng a bitswa moopa. 37 Gonne ga gona se se sa kgonegeng mo Modimong.'' 38 Marea a re, ''Bona ke motlhanka fela wa Morena . A go ntiragalele go ya ka fa molaetseng wa gago.'' Moengele a tswa fa go ene. 39 Foo Marea a nanoga a ya ko lefatsheng le le dithaba, ko toropong ya Jutea. 40 A tsena mo ntlong ya ga Sekarea a dumedisa Elisabetha. 41 Ga diragala gore fa Elisabetha a utlwa madume a ga Marea, ngwana mo sebopelong sa gagwe a tlola, mme Elisabetha a tladiwa ka Moya yo o Boitshepo. 42 A bua ka lentswe le le ko godimo a re, ''O sego mo basading, leungo la sebopelo sa gago le lone le segofetse. 43 Mme ke eng go diragetse gore mma Morena wa me a bo a tlile ko go nna. 44 Gonne bona, fa ke utlwa madume a gago fela ngwana yo o mo sebopelong same a tlola ka boitumelo. 45 E bile go sego yo o dumetseng fa se a se boleletsweng ke Morena se tla diragala.'' 46 Marea are, '' Pelo ya me e baka Morena, 47 le mowa wa me o itumetse mo Modimong mmoloki wa me. 48 Gonne o bonye bobotlana jwa motlhanka wa one. Gonne bona, go tloga fano dikokomana tsotlhe di tla mpitsa mosegofadiwa. 49 Gonne ene mothataotlhe o ntiretse dilo tse di kgolo e bile leina la gagwe le boitshepo. 50 Boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo ntse go tswa mo kokomaneng go ya kokomaneng mo go ba ba mmoifang. 51 O supile maatla ka letsogo la gagwe; o phatlhaladitse ba ba neng ba ikgogomositse ka dikgopolo tsa dipelo tsa bone. 52 O tlositse magosana mo mebusong, a tlhatlosa ba ba botlana. 53 O file batlhoki dilo tse di molemo, mme a koba bahumi ba iphotlhere. 54 O thusitse Iseraela motlhanka wa gagwe, gore a gakologelwe go supa kutlwelobotlhoko 55 (jaaka a reile bo rraarona) ko go Aborahama le kokomane ya gagwe go ya bosakhutlheng.'' 56 Marea a nna le Elisabetha dikgwedi di ka nna tharo a bo a boela ko ga gagwe. 57 Jaanong nako ya ga Elisabetha ya pelegi ya tla a tshola morwa. 58 Baagisanyi le masika a gagwe ba utlwa fa Morena a mo utlwetse botlhoko, ba ipela nae. 59 Ka letsatsi la boferabobedi ba tlisa ngwana go tla go rupisiwa, ba ne ba ka mmitsa ''Sekarea,'' jaaka rraagwe. 60 Mme mmaagwe a araba a re, ''O tla a bidiwa Johane.'' 61 Ba mo raya ba re, ''Ga go na ope yo o bidiwang Johane mo lesikeng la gago.'' 62 Ba supa ka diatla ba bontsha rraagwe gore ba batla a bitswa mang. 63 Mme rraagwe a kopa lentswe, a kwala a re, ''leina la gagwe ke Johane.'' Se sa ba gakgamatsa botlhe. 64 Ka bonako a mumologa a bua a bo a paka Modimo. 65 Baagisane ba tlelwa ke poifo, polelo e ya anama mo lehatsheng la Jutea. 66 Le botlhe ba ba e utlwang ba nna ba e gopotse ba ipotsa gore ''ngwana yo o tla nna motho wa mofuta ofe?'' Gonne letsogo la Modimo le ne le le mo go ene. 67 Rraagwe e bong Sekaria a tladiwa ka Moya yo o Boitshepo mme a porofita a re, 68 ''A go bakwe Morena, Modimo wa Iseraele, ka gonne o tlile go re thusa le go golola batho ba gagwe. 69 O re tsoseditse lenaka la poloko mo ntlong ya motlhanka wa gagwe Tafite, 70 jaaka a buile ka melomo ya baporofite ba gagwe ba ba boitshepo ba bogologolo. 71 O tla a re golola mo babeng ba rona le mo go ba ba re tlhoileng. 72 O tla a dira se go utlwela botlhoko bo rraarona le go gakologelwa kgolagano ya gagwe e e boitshepo, 73 Kgolagano e a e buileng le Aborahame rraarona. 74 O ikanne go re e neela, gore e re re e golotswe mo letsogong la baba ba rona re mo direla re sena poifo, 75 re le boitshepo le tshiamo fa pele ga gagwe malatsi otlhe a rona. 76 Ee, mme wena, ngwanaka, o tla bitswa moporofita wa mogodimodimo, gonne o tla etelela pele Morena go baakanya ditsela tsa gagwe, le go baakanyetsa batho go tla ga gagwe, 77 go itsise poloko le boitshwarelo jwa dibe mo bathong ba gagwe. 78 Se se tla diragala ka ntlha ya mautlwelo botlhoko a Modimo, Yo ka ene re tlhabetsweng ke lesedi go tswa godimo go tla go re thusa, 79 go phatsimela ba ba ntseng mo lefifing le mo moriting wa leso, go goga dikgato tsa rona mo ditseleng tsa kagiso.'' 80 Jalo ngwana a gola a tia mo moweng, mme a nna mo sekakeng go fitlhelela letsatsi la a itshupa mo Iseraele.