Kgaolo 1

1 Kwa tshimologong Lefoko o ne a le teng, mme Lefoko one a na le Modimo, Lefoko e ne e le Modimo. 2 Yo kwa tshimologong o ne a na le Modimo. 3 Dilo tsotlhe di ne di dirwa ka ene, mme kwa ntle ga gagwe gone go sena sepe se se dirilweng. 4 Mo go ene gone go na le botshelo, mme botshelo jo ene e le lesedi la batho botlhe. 5 Lesedi le galalela mo lefifing, mme lefifi la palelwa ke go le fenya. 6 Go ne go na le monna yo o neng a tla a rometswe go tswa kwa Modimong, yo leina la gagwe e neng e le Johane. 7 O ne a tla e le mosupi a tla go paka ka Lesedi le, gore botlhe ba dumele mo go ene. 8 Johane e ne e se Lesedi, mme o ne a tsile go supa ka ga Lesedi. 9 E ne e le Lesedi la boammaaruri, le le fang batho botlhe lesedi, le le tlang mo lefatsheng. 10 O ne a le mo lefatsheng, mme lefatshe le ne la dirwa ka ene, 11 Mme lefatshe le ne le sa mo itse . A tla kwa go ba gagwe, mme ba gagwe ba seka ba mo amogela. 12 Mme ba le bantsi ba ba mo amogetseng, ba ba dumetseng mo leineng la gagwe, a ba fa tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. 13 Ba ba ne ba sa tsalwa ke madi le fa e le ke nama, le fa e le ke thato ya motho, mme ke Modimo. 14 Mme Lefoko a fetoga nama a ba a nna mo gare ga rona. Re bone kgalalelo ya gagwe, kgalalelo ya ene yo o tswang kwa go Rara, a tletse tshegofatso le boammaaruri. 15 Johane a supa ka ene a lelela kwa godimo, a re, ''Yo ke ene yo ke buileng ka ene ke re, 'Yo o ntshalang morago o mogolo go mpheta, ka one a le teng pele game.''' 16 Gonne go tswa mo botlalong jwa gagwe re amogetse tshegofatso morago ga tshegofatso. 17 Ka molao one o filwe go tswa kwa go Moshe. Tshegofatso le boammaaruri di tsile ka Jeso Keresete. 18 Ga go ope yo o kileng a bona Modimo ka nako epe. Ene Modimo ka nosi, yo o ikaegileng ka sehuba sa ga Rara , o dirile gore a itsiwe. 19 Mo ke bopaki jwa ga Johane fa Bajuta ba romela baperesite le Balefi go tswa Jerusalema go mmotsa, ''O mang? 20 ''A tlhalosa phatlalatsa, a se ka a fitlha sepe, mme a fetola, ''Ga ke Keresete.'' 21 ''Mme ba mmotsa,'' O eng jaanong? A o Elija? ''A re, ''Ga ke ene.'' Ba re, ''A o moporofiti?'' A araba, ''Nnyaa.'' 22 Mme ba mo raya ba re, ''O mang, gore re tle re bolelele ba ba re romileng karabo? Wa reng ka ga wena?'' 23 A re, ''ke lentswe, le le lelang mo nageng: 'Tlhamalatsang ditsela tsa Morena,' jaaka moporofiti Isaia a buile.'' 24 Ba ba neng ba rometswe ba ne ba tswa kwa Bafarasaing. 25 Mme ba mmotsa ba mo raya ba re, ''Ke eng o kolobetsa fa e le gore ga o Keresete kana Elija kgotsa moporofiti?'' 26 Mme Johane a ba araba, a re, ''Ke kolobetsa ka metsi.Mme magareng go lona go eme mongwe yo le sa mo itseng; 27 yo o tlang fa morago game, ga ke a lekana go ka hunolola kgole ya setlhako sa gagwe'' 28 Dilo tse di ne di dirwa mo Bethane ka fa letlhakoreng le lengwe la Jorotane, kwa Johane a neng a kolobetsa teng. 29 Letsatsi le le latelang Johane a bona Jeso a tla kwa go ene a re, ''Bonang, yole ke kwana ya Modimo e e tlosang maleo a lefatshe! 30 Yo ke ene yo ke buileng ka ga gagwe ke re, '' Yo o ntshalang morago ke yo o mphetang, ka one a le teng pele game.' 31 Ke ne ke sa mo itse, mme ke ne ke kolobetsa ka metsi gore a tle a senolelwe Iseraele.'' 32 Johane a paka, a re, ''ke bone mowa o fologela jaaka lephoi le tswa mo legodimong, mme o bo o nna mo go ene. 33 Ke ne ke sa mo lemoge, mme yo o nthometseng go kolobetsa mo metsing o ntheile a re, 'ko ntle ga mowa o o tshologang o bo o salela mo go ene, ke e ne a kolobetsang ka Mowa o o Boitshepo. 34 Ke bone ka bo ka paka se, gore yo ke morwa Modimo.'' 35 Gape, letsatsi le le latelang, jaaka Johane a eme le barutwana ba gagwe ba le babedi, 36 ba bona Jeso a tla a tsamaya, Johane a re, ''Bona, Kwana ya Modimo!'' 37 Mme barutwana ba gagwe ba babedi ba mo utlwa a bua se, mme ba sala Jeso morago. 38 Mme Jeso a gadima a ba bona ba mo setse morago a ba raya a re, ''Le batla eng?'' Ba fetola, ''Rabi ( fa go phuthololwa go tewa moruti), o nna kae?'' 39 A ba raya a re, ''tlaang le bone.''Mme ba tla ba bona fa a nnang teng; ba nna le ene letsatsi leo, ka e ne e le oura ya lesome. 40 Mongwe wa ba babedi ba ba utlwileng Johane a bua mme a sala Jeso morago e ne e le Anterea ,monnawe Simone Petere. 41 A bona lantlha mogolowe Simone, mme a mo raya a re, ''Re bone Mesia'' (fa go phuthololwa go tewa Keresete) 42 A mo tlisa kwa go Jeso. Jeso a leba kwa go ene a re,''O Simone ngwana wa ga Johane, o tlaa bitswa Sefase''.(Fa go phuthulolwa: Petere). 43 45 Letsatsi le le latelang, Jeso o ne a batla go ya Galalea, a bona Filipo mme a mo raya are, ''Ntshale morago.'' 44 Jaanong Filipo o ne a tswa ko Bethesaita, motse wa ga Anterea le Petere.Filipo a bona Nathaniele a mo raya a re, ''Ke mang Moshe yo o kwadileng molao, le baporofeti, re mmone: Jeso morwa Josefa, go tswa Nazaretha.'' 46 Nathaniele a mo raya a re, ''A sengwe se sentle se ka tswa mo Nasaretha?'' Filipo a mo raya a re, ''Tlaya o bone.'' 47 Jeso o bone Nathaniele a tla ko go ene a bo a bua ka ene a re, ''Bona, Moiseraela wa boammaruri, yo go senang tsietso mo go ene!'' 48 Nathaniele a mo raya a re, ''O nkitse jang?'' Jeso a mo araba a re, ''Pele ga Filipo a go bitsa, fa o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, ke go bone.'' 49 Nathaniele a fetola, ''Rabi, O Morwa wa Modimo! O kgosi ya iseraela!'' 50 Jeso a fetola a mo raya a re, ka gore ke go reile ka re, ke go bone ka fa tlase ga setlhare sa mofeige,' a o a dumela? O tla a bona dilo tse dikgolo go feta tse.'' 51 Mme a re, ''Ammaaruri, ammaaruri, ke a lo raya, le tlaa bona magodimo a butswe, baengele ba tlaa tlhatloga e be ba fologela mo go Morwa Motho.''