Kgaolo 6

1 Morago ga dilo je, Jeso a thatohela ha thoko ha Lewate la Galalea, lebitso ele Lewate la Tiberia. 2 Matshutitshuti a batho ba mo sala morago ba bona ha diha dikgakgamajo mo go ba ba kulang. 3 Jeso a thatohela kwa thabeng a nna le barutwana ba hae. 4 (Jaana ebe ele Tolagano, ya Bajuta, e le gaufi.) 5 Jeso a tsholetsa matho a bona matshutitshuti a batho are ho Filipo, ''Re ta reka kae dinkgwe gore re kgone go ja?" 6 (Mme mo Jeso one a leka Filipo, a itse se a se etsang.) 7 Filipo amo hedola a re, "Dinkgwe tje di ka rekwang ka diponto di le masome mabedi ga di ka ke tsa lekana, le ha mongwe le mongwe a hiwa ho le honnye.'' 8 Mongwe wa barutwana ba hae ele, Andrea, mogolowe Simone Petere, a raya Jeso are, " 9 Go na le mosimane ha yo o tshotseng dinkgwe di le thano tsa barele, le dithapi tje pedi, mme tjeo e ta bo ele eng mo bonjing jo bo kana." 10 Jeso are, "Rayang batho ba dule hatshe." (Jaana bojang bo ne bo le bogolo gone hoo.) Batho ba dula ha hatshe, palo e ka ne ele dikete tse thano. 11 Jalo a tsaya senkgwe a se leboha, a di abela batho ba ba dutseng, le tsona dithapi a di diha jalo, ka ha baradang ka deng. 12 Mme ya re ba sena go kgora, a raya barutwana ba hae a re, "Selang dikapeta tse di setseng, go re ho se lathege hope." 13 Ba di sela, ba tatsa diroto tsa barele; tse di siilweng ke ba ba deleng. 14 Erile, batho ba bona sesupo se ose dihileng, ba re, "Ammaruri, yo ke ena moporofiti wa boammaruri yo o tang lehatsheng." 15 Mme Jeso ha a lemoha ha ba toha ba ta go mo tsaya ka thata ya go mo di ra kgosi, a palama thaba a le dehe. 16 Erile go le letatana, barutwana ba hae ba holohela kwa lewateng." 17 Ba kena mo mokorong, ba thela Lewate ba ya Kaperaume.Gabe go setse go le lehihi, Jeso a bo a ise a horoge kwa go bone. 18 Hape gata pheho e kgolo e e Hokang, mme lewate le ne le rwaleleseha. 19 Ke hona e rile ba tsamaisa mokoro ha gareng ha bothano sebaka sa dikilometara di mahareng ha masome a mathano le masome a mararo, ba bona Jeso a tsamaya mo godimo ga meji a atamela mo mokororong, mme ba boiha. 20 Aba raya are, "Ke nna! Se boiheng.'' 21 Hong ba itumela go mo tsholela mo mokorong, mokoro wa tshwara lehatshe le ba yang kwa go lona. 22 Lejaji le le ladelang, bonji jo bo neng bo eme kwa moseja ha lewate ba hithela go ha go sena mokoro ope o sele deng ha ese ole mongwe hela, mme ba itse fa Jeso a ka seke a tsene mo mokorong le barutwana ba hae, barutwana ba hae ba tsamaile ba le dehe. 23 Le ha go ntse jalo ga ta mekoro mengwe egwah Tiberia kwa haufi le ha ba jetseng senkgwe deng morago ha Morena aha malebo. 24 Ke hone e rile batho ba banji ba hithela Jeso a seyo deng, le ha ele barutwana ba hae le ba o ka nosi ba tsena mo mokorong, ba ya ho hitha kwa Kaperanaume, ba nyaka Jeso. 25 Mme yare ba mmona kwa moseja ha lewate,ba mo raya ba re, "Rabi, otile leng kwano?" 26 Jeso a ba hedola, a re, ''Ammaruri,ammaaruri, ke alo raya, lo ampata, e seng ka gobo le bone ditshupo, mme le jele dinkgwe la kgora. 27 Se direleng dijo tse dinyelelang, dihelang dijo tse di nnlang go ya go hitha ka botshelong ka bosakhuteng, tse Morwa Motho ota di lonayang, gonne ke ena yo Rara e bong Modimo ommeileng lotshwao.'' 28 Hoo ba mo raya ba re, "Re na le ho dirang, gore re diha ditiro tsa Modimo?" 29 Jeso a ba hetola a re," Tiro ya Modimo ke e: gore le dumele mo go ena yo o mo romileng." 30 Foo bamo raya ba re, '''O dirang hela se e leng tshupo, gore re bone re be re dumele? O ka etsa bjang? 31 Borraetsho bane ba ja mana mo naheng, jaka ho ngwadilwe, 'Ha twe o ba neeje senkgwe se se tswang lehodimong gose ja."' 32 Jeso a ba hedola a re, "Ammaruri, ammaruri, e ne e se Moshe yo o le neileng senkgwe kwa nte ha lehodimo, 33 mme Rre o le naya senkgwe sa boammaruri se se tswa Lehodimong. Gonne senkgwe sa Modimo ke se holohang se tswa legodimong mme se naya lehatshe bophelo." 34 Foo ba mo raya bare, "Rra, re he senkgwe ka majaji othe." 35 Jeso aba raya are, "Ke nna senkgwe sa bophelo; yo otang mo go nna ga ke ta a bolawa ke tala, le yo o dumelang go nna, ga keta a nyorwa gope. 36 Le fa go ntse jalo le mpone, mme ha le dumele. 37 Bothe ba Ntate aba nnayang ba ta gonna, mme ba ba tang gonna ga kena go ba ntshetsa kwa nte. 38 Gonne ke holohile kwa legodimong, ke sate go dira go rata ha me, ha ese yo o nthomileng. 39 E ke yona thato ya yo o nthomileng, ke gore gothe mo ogo nneileng ke seka ka lathegelwa ke sepe, ha ese go tsosa mo lejajing la bohelo. 40 Gonne go rata ga Rre, ke gore mongwe le mongwe yo o bonang Morwa Modimo a mo dumela a bophelo jobo sa khuteng mme ke ta mo tsosa mo lejajing la bohelo. 41 Foo Bajuta ba ngongorega ka ha hae, ''Ka hobo a rile ke nna senkgwe se se hologileng kwa lehodimong.'' 42 Bare yo, ''A se Jeso morwa Josefa, yo rraagwe le mmaagwe re ba tsebang? Obua jang nase, 'A re ke ta ta ke tswa kwa lehodimong'?'' 43 Jaana a ba hedola a re, "Se ngongoregeng mo ga lona. 44 Ha go motho ope yo oka tang mo go nna ha e se Rara yo o nthomileng, ke ta mo tsholeja ka letsaje la bohelo. 45 Go ngwadilwe ke baporofiti, 'Mongwe le mongwe ota rudwa, ke Modimo.' Mongwe le mongwe yo o utuleng mogo Rara mme a ithutile ota mo go nna. 46 Ga se gore mongwe o kile a bona Rara, ha ese yo ghwang kwa Modimong-ke ena a boneng Rara. 47 Ammaruri, ammaruri, yo o dumelang a bone bophelo jo bo sa khuteng. 48 Ke senkgwe sa bophelo. 49 Bo rrarona ba ja Mana kwa sekgweng, mme ba swa. 50 Se ke senkgwe se se ghwang kwa magodimong, hore motho mongwe wa lona ha ase ja ota tshela. 51 Ke senkgwe sa botshelo se sekgwang kwa legodimong. Ha mongwe aka seja, ota tshela. Senkgwe se ke ta go se ha ke nama ja bophelo ja lehatshe." 52 Bajuta ba simolola go tenega ba ngangisana, bare, ''Motho oka re ha nama jang? '' 53 Jalo Jeso a re go bona, ''Ammaaruri, ammaaruri, go hithela oja nama ya Morwa Motho le go nwa madi, ha o kake wa nna le bophelo mo go wena. 54 Mang yo o ka dang nama yame a nwa le madi ame a bone bophelo jo bo sa khuteng, ke ta mo tsholetsa ka lejaje la bohelo. 55 Gonne nama yame ke leungo la boammaruri, le madi a boammaruri. 56 Yoo nwang madi ame, a ja nama yame ke ta nna mo go ena. 57 Jaaka Ntate a nthomile, le go tshela mo go Ntate, yo o jang nna, ota tshela ntateng yame. 58 Se ke senkgwe se se hologileng go tswa legodimong, e seng ka ntate le go swa. Mme yo o jang senkgwe o ta tshela." 59 Mme Jeso a bua dilo tse a le kwa Senagoge ha ane a ruta kwa Kapenaume. 60 Barutwana ba bantsi ba ba utuleng ba re, ''Se ke thuto ee bothata; Ke mang yo o ka amohelang?'' 61 Jeso, o ne aitse gore ba ngongoreha ka se, a ba raya are, ''Se ga le serate? 62 Fa lene leta reng ha Morwa Motho a thatohela kwa a neng ale hona? 63 ke moya o o neelang bophelo; nama ha ena mosola. Mafoko ake a buile ke Moya, hape ke bophelo. 64 Ntswa ho na le ba ba sa dumeleng." Jeso o itse tshimologo le baba sa dumeleng le baba ka mo itatolang. 65 A re, "Ke ka gore ke boile gore ha gona ope yo o ka tang kwa go nna fa ese kwa go Rara.'' 66 Ka lebaka la se, barutwana ba bantsi ba tenega ba seka ba tsamaya nae. 67 Jalo Jeso a bolela le barutwana ba ba lesome le bobedi, A re, ''A le lona le rata ho tsamaya, a le a rata?'' 68 Simone Petere, a re, ''Morena, re ta ya kwa go mang? O na le mahoko a bophelo, 69 le go dumela le gore o Boitshepho kwa Modimong." 70 Jeso a ba raya are, ''Ga ke a lo itshenkela, lona ba ba lesome le bobedi, mongwe wa lona ke mmaba?'' 71 Mme a bua ka Jutase morwa Simone Isekariote, gonne ele ena yo ota mo okang, e le mongwe wa ba lesome le bobedi, yoo o ta idadolang Jeso.