Kgaolo 2

1 Phuthegang lotlhe phuthegang, tshaba e senang ditlhong- 2 pele ga taolo e feta le letsatsi le feta jaaka mmoko,pele ga bogale jo bogolo jwa Modimo Yawe bogale bo tla mo go wena, pele ga letsatsi la bogale Modimo Yawe o tla mo go wena. 3 Batla sefatlhego sa Modimo Yawe, lona batho ba le ikobileng mo lefatsheng ba lo retsang taolo ya gagwe! Batla tshiamo. Batla boikokobetso, gonngwe o tla sirelediwa ka malatsi a bogale jwa Modimo Yawe. 4 Gasa o tla latlhaganngwa, le Asekolene o tla fetolwa go senyakiwa. Batla leleka Asedode motshegare, gape ba tla kumola Ekerone! 5 Hutsega go felela ga letshitshi la lewatle. tshaba ya Theretite! Modimo Yawe o bua kgatlhanong le lona, Bakanana, lefatshe la Palasetina. Ke tla le senya go fitlhela go sena sepe se se salang. 6 Jalo letshitshi la lewatle e tla nna phulo ya batlhokomedi le bodulo ya dinku. 7 Tikologo e tla nna masalela a ntlo ya Juta, ba tla tlhokomela leruo la bone teng. Batho ba bone ba tla robala maitseboa mo ntlong ya Asekelone, ka gore Modimo wa bone o tla ba tlhokomela a ba a buseletsa masego a bone. 8 Ke utlwile kgobo ya ga Moabe le go kgala batho ba Amone fa ba kgoba batho bame ba senya molelwane ya bone. 9 Le fa go ntse jalo, fa ke tshidile- mo ke polelelo ya Modimo Yawe wa masomosomo, Modimo wa Iseraele ,- Moabe o tla nna jaaka Sodomo, batho ba Amone jaaka Gomora; lefelo la mitlwa le khuti ya letswai, e tlogeletsweng ruri. Mme masalela a batho a tla ja boswa. 10 Se se tla diragalela Moabe le Amone ka ntlha ya boikgogomoso jwa bone, e re ka ba kgoba le go sotla batho ba Modimo Yawe. 11 Batla boifa Modimo, ka gore o tla kgoba badimo botlhe mo lefatsheng. Botlhe ba tla mo obamela, mongwe le mongwe mo lefelong la gagwe mo letshitshing la noka lotlhe. 12 Wena Kusute le wena o tla kgaoganngwa ka tshaka, 13 le letsogo la Modimo le tla tlhasela Bokone o senyake Seria gore Nenife o tla tlogelwa go senyakiwa, a omelela jaaka sekaka. 14 Letsomane le tla robala teng, phologolo nngwe le le nngwe ya ditshaba, merubisi ya sekaka le setlhong di tla itapolosa mo godimo ga dipilara. Pitso e tla opela go tswa letlhabaphefong; Matlakala a tla nna mo kgorong; dikgong tsa gagwe di tla senoga. 15 Mo ke boitumelo jwa toropo e tshelang go sena poifo, se builwe mo pelong ya gagwe, '' ke nna, ga gona sepe se se lekanang.'' O fetogile lefelo lele boifisang, lefelo le diphiri di robalang teng. Mongwe le mongwe yo o fetang ka ene o ne a le bogale ba mo tshikinya ka bogale.