kgaolo 2

1 Le ke lefoko la Modimo Yawe le le tlang mo go Sefania morwa Kushi morwa Getalia morwa Amaria morwa Hesekia, mo malatsing a ga Josia morwa Amose, Kgosi ya Juta. 2 ''Ke tla senya sengwe le sengwe se se mo godimo ga lefatshe - se ke maitlamo a Modimo Yawe wa masomosomo. 3 Ke tla senya banna le di phiri; ke tla senya dinonyane tsa loapi le ditlhapi tsa lewatle, ke tla senya matlotla ga mmogo le baikepi. Ka jalo ke tla kgaoganya monna mo godimo ga lefatshe - ke Modimo Yawe wa masomosomo. 4 Ke tla otlolola letsogo lame ko Juta le botlhe banni ba Jerusalema. Ke tla kgaoganya masalela otlhe a Modimo mo felong foo le maina a batho botlhe bagokagadi mo gare ga baruti, 5 batho bao ba emeng ko godimo ga matlo ba ba obamelang mebele e e kwa legodimong, le batho ba ba obamang le go ikana mo Modimo ba gape ba ikanang ka Kgosi ya bone. 6 Ke tla kgaola gape le ba ba boelang morago go Modimo Yawe, bao ba tlhokang thuso ya Modimo Yawe le fa e le go kopa kgakololo ga gagwe.'' 7 Didimalang fa pele ga Modimo Yawe! Ka gore letsatsi la Modimo Yawe le gaufi; Modimo Yawe o baakantse setlhabelo le go beela fa thoko baeng ba gagwe. 8 Go tla tla jalo mo letsatsing la setlhabelo sa ga Modimo Yawe, fa ke tlaa bogisang dikgosana le barwa ba Kgosi, le botlhe ba ba apereng diaparo tsa baleofi. 9 Mo letsatsing leo ke tla bogisa bao ba ba tlolaganyang mejako le bao ba ba tlatsang matlo a beng ba bone ka tsietso le boleo. 10 Ka jalo e tla bo ele ka letsatsi leo - mo ke polelo ya Modimo Yawe - se ke selelo sa go tlhoka boiketlo se tswa mejakong ya ditlhapi, se goeletsa go tswa motseng wa bobedi wa kgaolo le go thubakanya ga modumo o mogolo o tswa mo mantsweng. 11 Lelang, mo marekisotsong otlhe a kgaolo, ka gore dithoto tsotlhe di tla senngwa; bao ba ba rekisang dithoto ka madi ba tla kgemethwa. 12 Go tla tla mo nako ya gore ke phuruphutse Jerusalema ka dipone le go bogisa monna yo o ntseng mo mofineng wa bone a bo a re mo pelong, 'Modimo Yawe ga a kitla a dira sepe, se se siameng kgotsa se se bosula.' 13 Dikhumo tsa bone tse di tlhwatlhwa di tla nyelediwa, le matlo a bone a tla phuagangwa! Ba tla aga matlo mme ga ba kitla ba nna mo go one, ba leme tshimo ya mofine mme ga bana go nwa bojalwa ba teng. 14 Letsatsi le le golo la Modimo Yawe le gaufi, gaufi le potlake ka bonako! Lentswe la letsatsi la Modimo Yawe le tla tswana le batlhabani ba lela botlhoko! 15 Letsatsi leo e tla nna la khutsafalo, letsatsi la kutlobotlhoko le itlhobogo, letsatsi la tumo ya maru le go nyelela, letsatsi la lefifi le phifalo ya ngwedi, letsatsi la maru le lefifi le le kwenneng. 16 E tla nna letsatsi la diterompeta le dithoto tse dintsi di tla a senngwa kgatlhanong le baba go diga dipota tsa tikologo ya teropo le tse di agetsweng godimo mo bokopanelong jwa di kago tsa ntwa. 17 Ke tla tlisa kutlobotlhoko mo banneng ba modimo, gore ba tle ba tsamaye jaaka difofu ka ba leofile kgatlhanong le Modimo Yawe. Madi a bone a tla tshololelwa kwa ntle jaaka lerole le di kagare tsa bone jaaka dibi. 18 Le fa ele selefera kana gauta ga di kitla di ba golola mo letsatsing la Modimo Yawe la kgalefo.Mo letsatsing la molelo wa kgalefo ya gagwe lefatshe lotlhe le tla nyelediwa, ka a tla tlisa phelelo, le kgakgamatso ya bokhutlo ja tsotlhe tse di mo lefatsheng.