1 Se ke lefoko la Modimo Yawe le le tsileng kwa go Mika wa Morasitite mo malatsing a ga Jotamo, Ahase le Hesekia, dikgosi tsa Juta, lefoko le a boneng le raya Samaria le Jerusalema. 2 Reetsang, batho lotlhe. Reetsang lefatshe, le tsotlhe tse di mo go wena. A Morena Yawe a nne mosupi kgatlhanong le wena, go tswa kwa tempeleng ya Morena e e boitshepo. 3 Bona, Modimo Yawe o tla tswa mo lefelong la gagwe, o tla fologa a tla go gataka mafelo a magolo mo lefatsheng. 4 Dithaba di tla nyerologa tlase ga gagwe; mekgatsha e tla kgaogana ka bogare jaaka go nyerologa ga kerese mo pele ga molelo, jaaka metsi a elang fa go fologelelang teng. 5 Tse tsotlhe ke ka lebaka la go tlhoka tsebe ga ga Jakoba, le ka lebaka la dibe tsa ba ntlo ya Iseraele. Lebaka la go tlhoka tsebe ga ga Jakoba e ne ele eng? A e ne ese Samaria? Lebaka la mafelo a magolo a Juta e ne ele eng? A e ne e se Jerusalema? 6 Ke tla dira Samaria mokowa wa matlakala mo masimong, jaaka mo tshingwaneng ya mofine. Ke tla gogela ditena tsa gagwe tsa kago mo mokgatsheng; Ke tla agolola motheo wa gagwe. 7 Ditshwantsho tsa gagwe tsotlhe tse di betlilweng di tla thubaganngwa ditokitoki; le dimpho tsotlhe tsa gagwe di tla tshubiwa. Medingwana ya gagwe ya disetwa ke tla e senyaka. Go tswa mo dimphong tsa gagwe tsa go gweba ka mmele, mme jaaka ele tuelo ya go gweba ka mmele ga ba na go bona mofufutso wa phatla.' 8 Ka lebaka le ke tla hutsafala ke ba ke lela mo go botlhoko; ke tla tsamaya ke sa ikatega gape ke sa rwala ditlhako; Ke tla lela jaaka phokoje ke bo ke lela jaaka morubisi. 9 Gonne dintho tsa gagwe ga di na kalafi, gonne di tsene kwa Juta. Go fitlhile kwa kgorong ya batho ba me kwa Jerusalema. 10 O seka wa bolela ka gone kwa Gata; o seka wa lela gotlhelele. Kwa Beta Leapara ka ipidikamisa mo leroleng. 11 Fetang jaana, banni ba Safira, mo bosaikategang le matlhabisa ditlhong. Banni ba Sanana le seka la tswa. Beta Esele wa lela, gonne tshireletso ya bone e tserwe. 12 Banni ba Marothi ba tlhologeletswe dikgang tse di molemo, ka gonne dibetso tsa tlholego di dule mo go Modimo Yawe tsa fologela kwa di kgorong tsa Jerusalema. 13 Lona banni ba Lasisi gagamatsang ditomo tsa dipitse, Wena Lasisi, o ne o le tshimologo ya boleo jwa morwadia Sione, gonne ditlolo tsa Iseraele di bonwe mo go wena. 14 Ka jalo o tla fa Moreseta Gata; mpho e ba kgaoganyang, toropo ya Asisibe e tla swabisa dikgosi tsa Iseraele. 15 Lona batho ba Maresa, ke ta tsisa mofenyi kwa go lona gape; baeteledipele ba Iseraele ba tla tla kwa Atulamo. 16 Mo baneng ba lona ba le ba ratang beola tlhogo ya gago o kgaole moriri wa gago . Ipeole lelatswi jaaka bontsu, gonne bana ba lona ba tla fetoga batshabi go tswa mo go lona.