Kgaolo 1

1 Lefoko la Modimo Yawe la tla ko go Jona morwa Ametae, le re, 2 "Tsoga o ye ko Ninifi, toropo e kgolo, o bue kgatlhanong le yone, ka gore maleo a bone a mantsi thata fa pele game.'' 3 Mme Jona a emelela a tshaba, a tswa fa pele ga Modimo Yawe a ya ko Tarashishe. A ya ko Jopa a bona sekepe se se neng se ya ko Tarashishe. A duela madi a mosepele a bo a pagama sekepe go ya le bone ko Tarashishe, a tswa fa pele ga Modimo Yawe. 4 Mme Modimo Yawe a romela phefo e kgolo le matsubutsubu mo lewatleng. Ka bonako ga bonagala gore sekepe se a go senyega. 5 Babereki ba sekepe ba tshoga thata mme mongwe le mongwe a lelela kwa modimo wa gagwe. Ba latlhela dithoto tsedi neng dile mo sekepeng mo lewatleng gore bokete bo fokotsege. Mme Jona o ne a fologetse kwa teng ga sekepe , one a rapame koo a thulametse thata. 6 Moeteledipele wa sekepe a tla kwa go ene a bo a mo raya a re, ''o robaletse eng?'' Tsoga o bitse modimo wa gago! gongwe Modimo wa gago o tla go utlwa gore re seka ra nyelela.'' 7 Ba raana ba re, ''tlayang re latlheng bola, gore re tle re itse yo o re bakelang bosula jo bo re diragalelang.'' Mme ba latlha bola, ba supa Jona. 8 Ba raya Jona ba re, ''Tswetswee re bolelele gore ke mang yo o bakang bosula jo bo re diragalelang. Tiro ya gago ke eng, o tswa kae?Lefatshe la gago ke lefe, o tswa mo morafeng ofe?'' 9 Jona a ba raya a re, ''Ke Mohebera; Mme ke boifa Yawe, Modimo wa legodimo, yo o dirileng legodimo le lefatshe.'' 10 Banna ba, ba ne ba tshoga le go feta, ba raya Jona ba re, '' o dirile eng?'' Ka gore ba ne ba itse gore o sia gotswa fa pele ga Modimo Yawe, ka a ne a ba boleletse. 11 Ba raya Jona ba re, "re go dire eng gore lewatle le sisibale?'' ka gore lewatle le ne la gakala fela thata. 12 Jona a ba raya a re, ''Nkukang le ntatlhele mo lewatleng. Mme lewatle le tla sisibala, gonne ke a itse gore ke ka lebaka lame gore go bo le matsubutsubu.'' 13 Banna ba kgweetsa sekepe go boela kwa lefatsheng, mme ba ne ba seka ba kgona ka gore phefo e ne e lebagane le bone. 14 Ba lelela kwa go Yawe Modimo, ba re, '' re a go kopa, Modimo Yawe, re a go kopa, se re letelele re nyelela ka lebaka la botshelo ja monna yo, o seka wa baya molato wa loso la gagwe mo go rona, ka gore wena Modimo Yawe o dirile jaaka go go itumedisa.'' 15 Ba kuka Jona ba mo latlhela mo lewatleng, mme lewatle la sisibala. 16 Mme banna ba simolola go boifa Modimo Yawe fela thata. Ba direla Modimo Yawe ditlhabelo ba dira le maikano. 17 Jaanong Modimo Yawe o ne a baakanya tlhapi e kgolo go metsa Jona, mme Jona a nna mo mpeng ya tlhapi malatsi a le mararo le masigo a mararo.