Kgaolo 2

1 letsatsi la bo masome a mabedi le bongwe, kgwedi ya bosupa, lefoko la ga Modimo Yawe la tla ka moporofeta Hagai le re, 2 "Bua le molaodi wa Juta, Serubabela morwa Shaletela, le moperesita mogolo Joshua morwa Jehosataka, le batho ba ba setseng. O re, 3 'Ke mang yo o setseng mo go lona yo o boneng kgalalelo ya ntlo e ya pele? Le e bona entse jang jaanong? A ga go tshwane le sepe mo matlhong a lona? 4 Jaanong, nonofa, Serubabela! - se ke mafoko a ga Modimo Yawe- nonofa, moperesita mogolo Joshua morwa Jehosataka; nonofang, batho botlhe mo lefatsheng!- se ke mafoko a ga Modimo Yawe- le bereke, gonne ke na le lona!- se ke mafoko a ga Modimo Yawe wa masomosomo. 5 Se ke kgolagano e ke e simolotseng le lona fa le tswa kwa Egepeto, le Moya wame o ntse o na le lona. Se boifeng! 6 Gonne Modimo Yawe wa masomosomo a re: mo nakong e khutshwane ke tlaa tshikinya magodimo le lefatshe gape, lewatle le lefatshe le le omeletseng! 7 Ke tla tshikinya tshaba nngwe le nngwe, tshaba nngwe le nngwe e tla tlisa dilo tsa bone tse di ntle kwa go nna, ke tla tlatsa ntlo e ka kgalalelo, go bua Modimo Yawe wa masomosomo. 8 Selefera le gauta ke tsame!- se ke mafoko a ga Modimo Yawe wa masomosomo. 9 Kgalalelo ya ntlo e, e tla nna kgolo kwa isagong go na le kwa tshimologong, go bua Modimo Yawe wa masomosomo, ke tla neela kagiso mo lefelong le!- se ke mafoko a ga Modimo Yawe wa masomosomo." 10 Ka letsatsi la bo masome a mabedi le bone, kgwedi ya borobabongwe, ka ngwaga wa bobedi wa ga Tariase, lefoko la ga 11 Modimo Yawe la tla ka moporofeta Hagai, le re, " Modimo Yawe wa masomosomo a re: botsa baperesita ka ga molao, o re, 12 ' Fa motho a tshotse nama e e beetsweng Modimo Yawe mo momenong wa seaparo sa gagwe, abo momeno o kgoma borotho kana nama, mofine kana mafura, kana mofuta ope wa dijo, a di nna boitshepo?'" Baperesita ba araba ba re, "Nyaa." 13 Jalo Hagai a re, "Fa mongwe a se phepa ka ntlha ya loso a tshwara nngwe ya dilo tse, a di a itshekologa?" Baperesita ba araba ba re, "Ee, ga di phepa". 14 Jalo Hagai a araba a re, " Go ntse fela jalo ka batho ba le ka tshaba e fa pele ga me!- se ke mafoko a ga Modimo Yawe- go ntse fela jalo le ka sengwe le sengwe se se dirilweng ka diatla tsa bone: se ba se nneelang ga se phepa. 15 Jaanong, akanyang mo ditlhaloganyong tsa lona ka tse di fetileng mme di gogela mo letsatsing le. Pele ga letlapa le pegwa mo go le lengwe mo tempeleng ya ga Modimo Yawe, 16 e ne e ntse jang nako ya teng? Fa o solofetse selekanyo sa masome a mabedi sa mabele, di ne di le lesome fela; le fa o tla kwa swaking ya mofine go gelela selekanyo sa masome a matlhano, se ne se le masome a mabedi fela. 17 Ke le tlhokofaditse le ditiro tsotlhe tsa diatla tsa lona ka malwetse a dijalo, mme ga le a ka la boela kwa go nna- Se ke mafoko a ga Modimo Yawe. 18 Elang tlhoko go tswa letsatsi le go ya pele, go simolola kgwedi ya borobabongwe e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone, go simolola letsatsi le motheo wa tempele ya ga Modimo Yawe o neng wa bewa. Elang tlhoko! 19 A go santse go na le peo mo mabolokelong? Moretlwa, setlhare sa mofeige, garenata, setlhare sa olife ga di a ungwa! Mme go simolola letsatsi le ke tlile go le segofatsa!" 20 Lefoko la ga Modimo Yawe la tla labobedi kwa go Hagai ka letsatsi la masome a mabedi le bone la kgwedi le re, 21 "Bua le molaodi wa Juta, Serubabela, o re, 'Ke tla tshikinya magodimo le lefatshe. 22 Gonne ke tlaa thankgola terone ya bogosi ya magosi le go senyaka nonofo ya magosi a ditshaba! Ke tlaa thankgola dikoloi tsa ntwa le bapagami ba tsone; dipitse le bapagami ba tsone ba tlaa wela fa fatshe, mongwe le mongwe ka ntlha ya tshaka ya morwaraagwe. 23 Ka letsatsi leo- se ke mafoko a ga Modimo Yawe wa masomosomo- Ke tla go tsaya, Serubabela morwa Shaletela jaaka motlhanka wa me- se ke mafoko a ga Modimo Yawe. Ke tlaa go dira jaaka palamonwana ya segosi, gonne ke go tlhophile!- se ke mafoko a ga Modimo Yawe wa masomosomo!'"