1 Ka ngwaga wa bobedi wa puso ya ga Kgosi Tariase,ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya borataro, lefoko la Modimo Yawe le ne la tla ka seatla sa ga Moporofeta Hagai, kwa go molaodi wa Juta, Serubabela morwa Shaletiela le ko go Moperesita mogolo Joshua morwa Jehosadaka, le re, 2 "Modimo Yawe wa masomosomo a re, batho ba bare, "Ga se nako ya gore rona re tle kana re age ntlo ya ga Modimo Yawe" 3 Jaanong lefoko la Modimo Yawe la tla ka seatla sa Moporofeta Hagai, la re, 4 "A ke nako ya gore le nne mo matlong a lona a a fedileng ntswa ntlo e yone e senyegile?" 5 Jaanong Modimo Yawe wa masomosomo o bua se, " Elang tlhoko mekgwa ya lona! 6 Le lemile peo e ntsi mme le roba thobo e nnye; le a ja mme ga le kgotsofale; le a nwa mme ga le tswe lenyora. Le apara diaparo mme ga di le thuthafatse, le babereki ba amogelela mo dikgetsing tse di dutlang. 7 Modimo Yawe wa masomosomo o bua se: Elang tlhoko mekgwa ya lona! 8 Pagamelang kwa godimo ga thaba, le tle ka mapako, le age ntlo ya me.Seo se tlaa intumedisa mme ke tlaa galalediwa, go bua Modimo Yawe. 9 Le ne le solofetse thobo e ntsi, mme bonang le tlile ka e nnyennyane go nne ke e sentse. Ka go reng? Se ke mafoko a a builweng ke Modimo Yawe wa masomosomo! "Ka gore ntlo ya me e senyegile ntswa motho mongwe le mongwe wa lona a itumedisiwa ke ntlong ya gagwe" 10 Ka lebaka la se, magodimo ga a nesa pula, jaanong lefatse ga le a nna le thobo. 11 Ke di rile leuba mo lefatsheng le mo dithabeng, mo mabeleng le mo mofineng o mosha, mo mafureng le mo thobong ya lefatshe, mo bathong le mo dibataneng, le mo tirong yotlhe ya diatla tsa lona. 12 Jaanong Sarubabele, morwa Shaletiela le moperesita mogolo Joshua, morwa Jehosataka le batho botlhe ba ba ba tshelang, ba ne ba obamela lefoko la ga Yawe Modimo wa bone, le mafoko a ga morofeta Hagai ka gore Yawe modimo wa bone o ne a mo rumile, batho ba ne ba tshaba sefatlhego sa Modimo Yawe. 13 Jaanong Hagai, morongwa wa Modimo Yawe o ne a bolelela batho molaetsa wa ga Modimo Yawe, a ba raya a re, "Ke na le lona! Se ke mafoko a ga Modimo Yawe!" 14 Jaanong Modimo Yawe o ne a kgothatsa mowa wa molaodi wa Juta, Serubabela, morwa Shaletiela le mowa wa moperesita Joshua, morwa Jehosataka le mewa ya batho botlhe ba ba tshelang, gore ba tsamaye ba ye go bereka kwa ntlong ya Modimo Yawe wa masomosomo, 15 ka kgwedi ya borataro e tlhola malatsi a le masome a mabedi le bone mo ngwageng wa bobedi wa kgosi Tariase a ntse a busa.