1 Paulo, motlhanka wa Modimo, yo o bileditsweng go nna moaposetolo, a kgethetswe go rera mafoko a a molemo. 2 A ke mafoko a a molemo a a solofeditseng ka baporofiti mo lekwalong le le boitshepo. 3 Ke ka ga Morwawe, yo o lemg kokomane ya ga Tafita ka fa nameng. 4 Moya yo o Boitshepo o ne a bolela fa a na le nonofo ka a tsogile mo baswing-Jeso Keresete Morena wa rona. 5 Ka ene re amogetse tshegofatso le seaposetolo ka go nna le tumelo mo gare ga merafeng yotlhe, ka ntlha ya leina la gagwe. 6 Le lona le biditswe mo merafeng ee, gore le nne ba Jeso Keresete. 7 Lekwalo le, ke la ba ba kwa Roma, baratwa ba Morena, ba ba biditsweng go nna batho ba ba boitshepo. A tshegofatso e nne mo go lona , le kagiso go tswa mo Modimong rraetsho le Morena Jeso Keresete. 8 Lantlha, ke leboga Modimo wame ka Jeso Keresete ka ga lona, ka tumelo ya lona e bolelwa lefatshe lotlhe. 9 Gonne Modimo ke mosupi wame, yo ke mo direlang ka mowa wame otlhe ka go rera mmafoko a molemo a morwawe, ka fa ke le umakang ka teng gangwe le gape. 10 KE rapela ka nako tsotlhe gore, ka go rata Modimo, ke kgone go tla kwa go lona. 11 Ke eletsa gole bona, gore ke le neele dimpho tsa semoya, gore ke le nonotshe. 12 Ke batla gore re kgothatsane, ka tumelo ya mongwe le mongwe, yame le ya lona. 13 Ga ke batle la tlhoka go itse gore ke eletsa go tla ko go lona, mme go fitlhelela gompieno gake ise ke kgone go tla ko go lona. Ke batla se, gore ke nne le leungo mo go lona jaaka baditshaba ba bangwe. 14 ke mokolota botlhe Bagereka le Baditshaba, ba ba botlhale le dieleele. 15 Jaanong,nna, ke ipaakanyeditse go rera mafoko a a molemo, ke rerela le lona ba le kwa Roma. 16 Ga ke tlhabisiwe ditlhong ke mafoko a molemo, ka ke nonofo ya Modimo mo go mongwe le mongwe yo o dumelang, lantlha mo Juteng, le mo baditshabeng. 17 Mo go yone, tshiamo ya Modimo e supiwa go tswa mo tumelong go ya tumelong, go ya ko tumelong.Jaaka go kwadilwe ga twe, '' Basiami ba tla a tshela ka tumelo''. 18 Bogale ba Modimo bo senotswe go tswa legodimong mo go ba ba senang bomodimo, ba ba itsang batho go itse boammaruri ka tshiamololo ya bone. 19 Ka gore ba ka itse Modimo. Modimo o ba butse matlho. 20 Modimo o sa le a re itshenolela ka lebopo la gagwe. Re mo tlhaloganya ka lebopo la gagwe. Dilo tse, ke nonofo ya gagwe ya sennela ruri. Ka jalo, batho ba, ga bana seipato. 21 Ke ka gore, le fa ba itse Modimo ga ba mo galaletse jaaka Modimo, le fa ele go mo neela tebogo. Ba ne ba nna dieleele mo dikakanyong tsa bone, le dipelo tsa bone tsa ntsholofala. 22 Ba ithaya ba re ba botlhale, go riana ba dieleele. 23 Ba ananya kgalalelo ya Modimo yo o sa nyeleleng le setshwantsho sa motho yo o nyelelang, le dinonyane, le diphologolo le digagabi tota. 24 Modimo o ba neetse dikeletso tsa pelo tsa bone tse di maswe gore ba seka ba tlotla mebele ya bone. 25 Ke bone ba ba anantseng boammaaruri ba Modimo ka maaka, ba ba obamelang ba bo ba direla lebopo mo boemong jwa mmopi ,yo o galalediwang go ya bosakhutleng. A go nne jalo. 26 Ka lebaka le, Modimo o ba neetse dikeletso tsa bone tse di senang tlotlo, basadi ba bone anantse mebele ya bone ka mo go seng ka fa tlholegong. 27 Banna le bone ba tlogetse go eletsa basadi, mme banna ba eletsa banna ba bangwe. Ba ke banna ba ba dirang le banna ba bangwe dilo tse di seng ka fa tlholegong, ba tla amogela katlholo e e lebane boleo jwa bone. 28 Ka ba ne ba sa supe fa ba lemoga Morena, ba ne ba tlhoka tlhaloganyo, ba dira dilo tse di maswe. 29 Ba tladitswe ka tshiamololo, boikepo, bopelotshetlha le masula otlhe. Ba tletse ka bogodu, polao, bogale, tsietso le megopolo e e bosula. 30 Ke basebi, ba kgopisa ba bile ba tlhoile Modimo. Ba dikgoka, ba makgakga le boikgantsho. Ke basimolodi ba bosula, e bile ga ba na kutlo mo batsading ba bone. 31 Ga ba na tlhaloganyo, ga ba tshephege, ga ba na lerato e bile ga ba na boutlwelobotlhoko. 32 Ba tlhaloganya melawana ya Modimo, gore ba ba dirang dilo tseo ba tshwanetswe ke leso. Mme ga ba dire dilo tse fela, gape ba tsalana le ba ba di dirang.