Kgaolo 3

1 Bosigo mo bolaong jwa me ke ne ke tlhwafaletse yo ke mo ratang; ke ne ka mmatla, mme ka seka ka mmona. 2 Ka ipolelela gore, "Ke tla emelela ke bo ke tsamaya le toropo, ke ralala mebila le marekisetso; ke tla a batla moratiwa." Ke mmatlile mme ga ke a mmona. 3 Balebeledi ba motse ba mpone fa ba dikologa toropo. Ka ba botsa, "A le bone moratiwa wame?" 4 E ne e le sebakanyana fa ke sena go ba feta ka kopana le o mowa wa me o mo ratang. Ke ne ka mo tshwara ka seka ka mo letla gore a tsamae go fitlhela ke mo isa ko ntlong ya ga mme, mo phaposeng ya borobalo ya motsadi wame. Mosadi a bua le mosadi o mongwe. 5 Ke batla gore le ikane, barwadia banna ba Jerusalema, ka ditshephe le diphuti tsa naga, gore ga le kake la kgoreletsa tlhakanelo dikobo ya rona go fitlhela e fela. Morweetsana a bua a le nosi. 6 Ke eng se se tlhagang mo sekgweng jaaka tsela ya mosi, o o nkgisitsweng monate ka mira le forankinasense, le bopi botlhe jo bo rekisiwang ke bagwebi? 7 Bona, ke bolao ba ga Solomone; batlhabani ba le 60 ba bo dikologile, masole a le 60 a Iseraele. 8 Ke bo mankge ba tshaka e bile ba na le boitseanape mo ntweng. Monna mongwe le mogwe o na le tshaka fa thoko ga gagwe, ba ipapanne kgatlhanong le dirukutlhi tsa bosigo. 9 Kgosi Solomone o itiretse setilo se se nniwang ke magosi ka legong go tswa Lebanone. 10 Dipale tsa sone di ne di dirilwe ka selefera, ko morago se dirilwe ka gouta, fa bonnong go dirilwe letsela la mmala wa segosi. Ka fa teng go kgabisitswe ka lorato ke barwadia banna ba Jerusalema. Barweetsana ba bua le basadi ba Jerusalema. 11 Tswelang ko ntle, barwadia banna ba Sione, le lebelele kgosi Solomone, a rwele korone e a e rwesitsweng ke mmagwe ka letsatsi la lenyalo la gagwe, ka letsatsi leo la boitumelo la botshelo jwa gagwe.